LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/1 ts. 6-8
  • Lelapa—Batho Ba a Le Tlhoka!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lelapa—Batho Ba a Le Tlhoka!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Legae ke Botshabelo
  • Go Thusa Lelapa la Gago go Falola
  • Pono e e Tshwanetseng ka Madi
  • Botlhokwa Jwa Thuto ya Baebele
  • A Go na Le se Se ka Tlisang Boitumelo mo Lelapeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Lelapa la Bokeresete le Dira Dilo Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
    Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/1 ts. 6-8

Lelapa—Batho Ba a Le Tlhoka!

GO BOLELWA gore setšhaba se nonofa fela fa malapa le one a nonofile. Hisitori e bontsha gore fa thulaganyo ya lelapa e senyega, nonofo ya batho le ya ditšhaba le yone e a koafala. Fa go senyega ga boitsholo go ne go koafatsa malapa kwa Gerika wa bogologolo, mokgwa wa yone wa botshelo o ne wa phutlhama, ga dira gore e fenngwe motlhofo ke Baroma. Mmusomogolo wa Roma o ne wa nna o nonofile fa fela malapa a ne a nna a nonofile. Mme fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, botshelo jwa lelapa bo ne jwa koafala, mme nonofo ya mmusomogolo oo e ne ya fokotsega. “Boikaelelo jo bogolo mo setšhabeng ke go babalela lelapa le botshelo jwa lelapa le go le tlotlomatsa, mme batho ba dira ka natla go fitlhelela seo,” go ne ga akgela jalo Charles W. Eliot, yo pele e neng e le moporesidente wa Yunibesithi ya Harvard.

Ee, batho ba tlhoka lelapa. Le ama ka tlhamalalo go tlhomama ga setšhaba le botsogo jwa bana le dikokomana tsa mo isagweng. Ga go belaetse gore go na le bommè ba ba sa nyalwang ba le bantsintsi ba ba dirang ka natla go godisa bana ba ba molemo, mme ba tshwanetse go akgolelwa tiro ya bone e e dirilweng ka natla. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore gantsi bana ba dira sentle thata fa ba nna mo lelapeng le le nang le batsadi ba le babedi.

Patlisiso nngwe kwa Australia ya basha ba ba fetang 2100 e ne ya fitlhelela gore “basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba tswang mo malapeng a a kgaoganeng ba ne ba tshwarwa thata ke malwetse a mantsi a a tlwaelegileng, ba ne ba ka bontsha thata ditshupo tsa malwetse a maikutlo, e bile go direga gore ba rate tlhakanelodikobo thata go feta bana ba ba tswang mo malapeng a a momaganeng.” Patlisiso nngwe e e neng e tshwerwe ke U.S. National Institutes of Health Statistics e ne ya senola gore bana ba ba tswang mo malapeng a a thubegileng go “na le kgonego ya diperesente di le 20-30 gore ba tlhagelwe ke kotsi, go na le kgonego ya diperesente di le 40-75 gore ba boeletse setlhopha se le sengwe mo sekolong, e bile go na le kgonego ya diperesente di le 70 gore ba kobiwe mo sekolong.” Mme mmatlisisi mongwe o bega gore “bana ba ba tswang mo malapeng a a nang le motsadi a le mongwe fela go ka direga thata gore ba nne le seabe mo bokebekweng go feta ba ba golelang mo malapeng a a tlwaelegileng.”

Legae ke Botshabelo

Thulaganyo ya lelapa e dira gore botlhe ba nne le legae le le itumetseng, le le agang le le le jesang monate. “Selo sa konokono se se dirang gore go nne le boitumelo le botsogo jo bontle ga se tiro, dilo, ditiro tsa go itlosa bodutu kana ditsala mme ke lelapa,” go bolela jalo modiredimogolo mongwe kwa Sweden.

Baebele e bontsha gore lelapa lengwe le lengwe mo lefatsheng le bidiwa ka leina la Mmopi yo Mogolo wa malapa, Jehofa Modimo, ka tsela ya gore o ne a simolola thulaganyo ya lelapa. (Genesise 1:27, 28; 2:23, 24; Baefeso 3:14, 15) Le fa go ntse jalo, mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore lelapa le ne le tlile go tlhaselwa mo go setlhogo, mo go neng go tla felela ka go senyega ga boitsholo le batho kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. O ne a bolela gore ‘malatsi a bofelo’ a ne a tla bonwa ka go sa ikanyege ka nitamo, go tlhoka “katamalano e e bothitho,” le go sa utlwe batsadi, tota le e leng mo gare ga ba ba “nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo.” O ne a rotloetsa Bakeresete gore ba tswe mo bathong ba ba ntseng jalo. Jesu o ne a bolelela pele gore go ganetsa boammaaruri jwa Modimo go ne go tla kgaoganya malapa.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 10:32-37.

Le fa go le jalo, Modimo ga a re tlogele a sa re thuse. Go na le dithuto tse dintsi mo Lefokong la gagwe tse di malebana le dikamano tsa lelapa. Le re bolelela ka fa re ka atlegang mo lelapeng ka gone le ka fa re ka dirang lelapa gore e nne le le itumetseng ka gone le mongwe le mongwe mo lelapeng a nnang le boikarabelo go bo diragatsa mo go ba bangwe.a—Baefeso 5:33; 6:1-4.

A go a kgonega go nna le kamano e e ntseng jalo e e itumedisang mo malatsing ano fa lelapa le le mo kotsing e e masisi jaana? Ee, ruri! O ka atlega gore lelapa la gago le nne sediba se se itumedisang le se se lapolosang mo lefatsheng leno le le thata le le omileng jaaka sekaka. Mme seno se tlhoka gore mongwe le mongwe mo lelapeng a nne le seabe sengwe. Go latela dikakantsho dingwe.

Go Thusa Lelapa la Gago go Falola

Nngwe ya ditsela tse di molemolemo e e ka thusang lelapa gore le utlwane ke ka go dirisa nako le le mmogo. Maloko otlhe a tshwanetse go itumelela go dirisa nako ya one ya go ikhutsa a le mmogo. Seno se ka raya gore ba ithontshe dilo dingwe. Ka sekai, lona basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome lo ka nna lwa tlhoka go ithontsha lenaneo lengwe la thelebishene le lo le ratang thata, motshameko, kana go intsha le ditsala. Lona borrabana, ba gantsi e leng lona lo tlamelang lelapa, lo se ka lwa dirisa nako ya lona ya go ikhutsa gore lo dire fela tiro ya go itlosa bodutu kana dilo tse dingwe tse lo di ratang. Rulaganyang go dira dilo dingwe le lelapa, gongwe kafa lo ka dirisang mafelobeke kana malatsi a boikhutso lo le mmogo ka teng. Legale, rulaganyang sengwe se botlhe ba tla se lebelelang pele le go se itumelela.

Bana ba tlhoka se se fetang fela go dirisa nako ka tsela e e mosola, ke gore, go baya fela nakonyana e e ka dirang sephatlo sa ura o na le bana nako le nako. Ba tlhoka nako e ntsi. Mokwaladikgang mongwe wa lokwalodikgang lwa Sweden o kwala jaana: “Dingwaga di le 15 tse ke di dirisitseng ke le mmegadikgang, ke ile ka kopana le diganana tse dintsi tsa bana . . . Selo sengwe se ba tshwanang botlhe mo go sone ke gore ba lebega ba se na nako e ntsi ba na le batsadi ba bone: ‘Batsadi ba me ba ne ba se na nako.’ ‘Ba ne ba se ke ba reetsa.’ ‘Rre o ne a tlhola a tsamaile fela.’ . . . Jaaka motsadi, o ka tlhopha ka metlha gore o batla go dirisa nako e e kana kang o na le ngwana wa gago. Tlhopho ya gago e bonala sentle dingwaga tse 15 moragonyana fa ngwana wa dingwaga tse 15 a dule seganana.”

Pono e e Tshwanetseng ka Madi

Gape maloko otlhe a tshwanetse go nna le pono e e tshwanetseng ka madi. Ba tshwanetse ba nna ba iketleeditse go dirisa se ba ka se kgonang gore ba fitlhelele ditshenyegelo tse di tlwaelegileng tsa lelapa. Basadi ba le bantsi ba tshwanelwa ke go batla tiro gore ba itlamele, mme lona basadi lo tshwanetse go lemoga dikotsi le diteko tse lo ka kopanang le tsone. Lefatshe leno le lo rotloeletsa gore lo “ikgotsofatse” le go “dira se lo se batlang.” Le ka lo dira gore lo ikemele ka nosi mme lo bo lo sa kgotsofadiwe ke seabe sa lona se lo se neilweng ke Modimo sa go nna mmè le mmalelapa.—Tito 2:4, 5.

Fa lona bommè lo ka nna mo gae mme lwa kaela le go nna tsala ya bana ba lona, tota ruri go tla thusa thata go aga dibofo tse di nonofileng tse di tla thusang lelapa la lona gore le momagane le e leng gare ga mathata. Mosadi o ka thusa thata gore lelapa e nne le le itumetseng, le le babalesegileng le le le mosola. “Go tlhoka banna ba le lekgolo gore ba age bothibelelo, mme go tlhoka mosadi a le mongwe fela gore a age legae,” go ne ga bolela jalo radipolotiki mongwe wa mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

Fa botlhe mo lelapeng ba dirisana mmogo gore ba kgotsofalele madi a ba nang le one mo lelapeng, go tla sireletsa lelapa mo mathateng a le mantsi. Banyalani ba tshwanetse go dumalana gore ba tshele botshelo jo bo sa raraanang le go baya dilo tsa semoya kwa pele. Bana ba tshwanetse go ithuta go kgotsofalela dilo, ba sa batle dilo tse madi a lelapa a ka se kang a di lekana. Ela tlhoko go eletsa dilo tse o di bonang ka matlho! Serai sa go reka dilo tse o ka se kang wa kgona go di duela, go tsena mo sekolotong, go ile ga dira gore malapa a le mantsi a thubege. Lelapa le ka nna le kutlwano fa botlhe ba dirisa madi a bone mmogo—fa ba tsaya loeto lo lo lapolosang, fa ba reka didirisiwa tse di mosola le tse di itumedisang tsa mo gae, kana fa ba ntsha moneelo go tshegetsa phuthego ya Bokeresete.

Mofuta o mongwe wa “moneelo” o o ka dirang gore lelapa e nne le le itumetseng ke gore ba lelapa botlhe ba tshwanetse ba tshwarisana tiro ya go phepafatsa le ya go baakanya—go tlhokomela ntlo, tshingwana, koloi le tse dingwe fela jalo. Motho mongwe le mongwe mo lelapeng, tota le ba bannye, ba ka abelwa go dira sengwe. Lona bana, lekang gore lo se ka lwa senya nako ya lona. Go na le moo, nnang le moya wa go thusana le wa go dirisana mmogo; seno se tla dira gore go nne le botsala jwa mmatota le bolekane, tse di agang kutlwano ya lelapa.

Botlhokwa Jwa Thuto ya Baebele

Mo lelapeng le le utlwanang la Bokeresete, gape go gatelelwa gore go botlhokwa go tshwara thuto ya Baebele ka metlha. Go buisana ka ditemana tsa Baebele ka malatsi otlhe le go tshwara thuto ya beke le beke ya Dikwalo tse di Boitshepo go tla bopa lelapa le le utlwanang. Boammaaruri le melaometheo tsa Baebele tsa motheo di tshwanetse tsa tlotlwa ka tsela e e tla kgatlhang dipelo tsa botlhe mo lelapeng.

Dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa lelapa e tshwanetse ya nna tse di rutang mme gape di itumedisa le go kgothatsa. Lelapa lengwe kwa bokone jwa Sweden le ne le tle le dire gore bana ba kwale dipotso tse di neng di tlhaga mo go yone beke eo. Go tswa foo go ne ga buisanngwa ka dipotso tseno mo thutong ya Baebele ya beke le beke. Gantsi dipotso tseno di ne di le botlhale le gone di dira gore motho a akanye e bile di supa tsela e bana ba neng ba akanya ka yone le go anaanela ga bone dithuto tsa Baebele. Dingwe tsa dipotso di ne di re: “A Jehofa o dira gore sengwe le sengwe se gole ka dinako tsotlhe, kana o ne a dira jalo fela kwa tshimologong?” “Ke ka ntlha yang fa Baebele e bolela gore Modimo o ne a bopa motho ‘mo setshwanong sa gagwe’ ka gonne Modimo ga se motho?” “A Adame le Efa ba ne ba sa sitwe thata mariga kwa Paradaiseng e re ka ba ne ba se na ditlhako e bile ba se na diaparo?” “Ke ka ntlha yang fa re tlhoka kgwedi bosigo fa go tshwanetse ga bo go le lefifi?” Bana bano jaanong ba godile mme ba direla Modimo e le badiredi ba nako e e tletseng.

Fa lo rarabolola mathata a lelapa, lona batsadi gagamalelang gore go nne le boikutlo jo bo siameng le jo bo itumedisang. Nnang ba lo akanyetsang le ba ba fetofetogang, le fa go ntse jalo lo tlhomame, fa go tla mo ntlheng ya go utlwa melaometheo e e botlhokwa. Dira gore bana ba bone gore go rata Modimo le melaometheo ya gagwe e e siameng, ka metlha go laola ditshwetso tsa lona. Gantsi kwa sekolong go na le kgatelelo e kgolo e bile go tshwenya thata mo maikutlong, mme bana ba tlhoka go kgothadiwa thata mo gae gore ba emelane le tlhotlheletso e e ntseng jalo.

Batsadi, lo se ka lwa itira e kete lo itekanetse. Dumelang diphoso tsa lona lo bo lo kopa maitshwarelo mo baneng ba lona fa go tlhokega. Basha, fa Mmè le Rre ba dumela phoso ya bone, tswelelang pele lo ba rata.—Moreri 7:16.

Ee, lelapa le le utlwanang le dira gore legae le nne le kagiso, pabalesego le boitumelo. Mmoki mongwe wa Mojeremane e bong Goethe o kile a bolela jaana: “Kgosi kana motho wa maemo a a kwa tlase, o itumela thatathata fa legae la gagwe e le le le itumetseng.” Batsadi le bana ba ba nang le kanaanelo, ba tshwanetse go tsaya lelapa e le lefelo le le a gaisang otlhe.

Ke boammaaruri gore lelapa gompieno le gateletswe thata ke mathata a lefatshe le re leng mo go lone. Mme e re ka lelapa le tswa kwa Modimong, le tla falola. Lelapa la gago le tla falola, mme le wena o tla falola fa o latela dikaelo tse di siameng tsa Modimo tse di malebana le botshelo jwa lelapa le le itumetseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha tse dingwe ka kgang eno, bona buka e e nang le ditsebe di le 192 ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela