LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/15 ts. 8-9
  • Letona le le Ikgogomosang le Latlhegelwa ke Puso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letona le le Ikgogomosang le Latlhegelwa ke Puso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letona Kana Kgosi?
  • Letona le le Itshepang Thata e Bile le le Boikgogomoso
  • Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/15 ts. 8-9

Letona le le Ikgogomosang le Latlhegelwa ke Puso

MOPOROFETI DANIELE o ne a kwala jaana: “Kgosi Belešasare a direla bagolwane ba gagwe ba 1000 modiro o mogolo, mme a nwa bojalwa jwa mofine fa pele ga ba ba 1000 bao.” Le fa go ntse jalo, fa moletlo o ntse o tsweletse, “sefatlhogo sa [kgosi] sa khwata, megopolo ya yone ya e hudua; malokololo a dinoka tsa yone a repa, le mangole a yone a ntaana.” Pele ga bosigo joo bo sa, “Belešasare kgosi ya [Sekaladia] a bolawa. Mme Dario wa Momete a tsaya bogosi.”—Daniele 5:1, 6, 30, 31.

Beleshasare e ne e le mang? Go tlile jang gore a bidiwe “kgosi ya [Sekaladia]”? Tota maemo a gagwe e ne e le afe mo Pusong ya Babilonia o o Tlhabologileng? O ne a latlhegelwa jang ke puso ya gagwe?

Letona Kana Kgosi?

Daniele o bolela gore Nebukatenesare ke rraagwe Beleshasare. (Daniele 5:2, 11, 18, 22) Le fa go ntse jalo, kamano eno ga se ya mmatota. Buka ya Nabonidus and Belshazzar, e e kwadilweng ke Raymond P. Dougherty e bolela gore gongwe Nebukatenasare e ne e le rraagwemogolo ka mmaagwe e bong Nitocris. Gape e ka tswa e le gore Nebukatenasare, o bidiwa “rraagwe” Beleshasare ka gonne a ile a busa pele ga gagwe. (Bapisa Genesise 28:10, 13.) Le fa go ntse jalo, mokwalo wa cuneiform o o mo disilindareng di le mmalwa tsa letsopa tse di epolotsweng kwa borwa jwa Iraq mo lekgolong la bo19 la dingwaga o tlhalosa Beleshasare e le morwa wa ntlha wa ga Nabonidase, kgosi ya Babilone.

E re ka pego e e mo go Daniele kgaolo 5 e bua ka ditiragalo tsa bogosi jo Babilone e weleng ka jone ka 539 B.C.E., ga e tlhalose gore go tlile jang gore Beleshasare a nne le taolo mo bogosing. Mme dilo tse di epolotsweng tsa boithutamarope di re neela lesedinyana malebana le kamano ya ga Nabonidase le Baleshasare. Alan Millard yo e leng moithutamarope e bile e le mokwadi wa dipuo tsa bogologolo tsa Se-Semite o bolela jaana: “Mokwalo wa Sebabilone o bontsha gore Nabonidase e ne e le mmusi yo o sa tlwaelegang.” Millard o oketsa jaana: “Le fa a ne a sa itlhokomolose medimo ya Babilone, o . . . ne a tlhoma mogopolo wa gagwe thata mo modimong wa ngwedi kwa metseng e mebedi, kwa Ure le Harane. Ka dingwaga di le mmalwa tsa puso ya gagwe, Nabonidase o ne tota a sa nne kwa Babilone; go na le moo o ne a nna kwa lefelong le letala mo sekakeng le le bidiwang Teima [kana, Tema] kwa bokone jwa Arabia.” Go bonala fa Nabonidase a ne a fetsa nako e ntsi ya puso ya gagwe a se mo motsemogolong kwa Babilone. Ka nako ya fa a ne a seyo, Beleshasare o ne a newa taolo ya puso.

Fa mokwalo wa cuneiform o o tlhalosiwang e le “Pego ya Temana ya ga Nabonidase” o tlhalosa go ya pele ka maemo a mmatota a ga Beleshasare o bolela jaana: “Ene [Nabonidase] o ne a naya (morwawe) wa maitibolo boikarabelo jwa go tlhokomela ‘Sesole,’ o ne a laela gore masole otlhe mo nageng a nne kafa tlase ga (taolo) ya gagwe. O ne a tlogela (sengwe le sengwe), [o] ne a mo neela bogosi.” Ka jalo Beleshasare e ne e le letona la kgosi.

A mme gone motho yo e leng letona a ka tsewa e le kgosi? Sefikantswe sa mmusi mongwe wa bogologolo se se neng sa bonwa kwa bokone jwa Siria ka bo1970 se supa gore go ne go tlwaelegile gore mmusi a bidiwe kgosi fa tota a ne a na le maemo a a kwa tlasenyana. Sefikantswe seo e ne e le sa mmusi wa Gosane mme se ne se gabilwe ka Seasiria le ka Searamaika. Mokwalo wa Seasiria o ne o bitsa monna yono molaodi wa Gosane, mme mokwalo wa sone wa Searamaika one o ne o mmitsa kgosi. Ka jalo go ne go sa gakgamatse go bo Beleshasare a bidiwa kgosana ya mekwalo ya Sebabilone fa mo mekwalong ya Searamaika ya ga Daniele a bidiwa kgosi.

Thulaganyo eno ya go kopanela puso ga ga Nabonidase le Beleshasare e ile ya tswelela pele go fitlha mo metlheng ya bofelo ya Puso ya Babilonia o o Tlhabologileng. Ke ka moo he, mo go jone bosigo jo Babilone e weleng ka jone, Beleshasare a neng a solofetsa go dira Daniele mmusi wa boraro mo bogosing e seng wa bobedi.—Daniele 5:16.

Letona le le Itshepang Thata e Bile le le Boikgogomoso

Ditiragalo tsa bofelo tsa puso ya ga Beleshasare di supa gore kgosana eno e ne e itshepa thata e bile e ikgogomosa. Fa puso ya ga Nabonidase e fela ka October 5, 539 B.C.E., o ne a iphitlha kwa Borsippa, ka go bo a ne a fentswe ke masole a Bameda le Baperesia. Babilone ka boyone e ne e dikaganyeditswe. Mme Beleshasare o ne a ikutlwa a babalesegile thata jaana mo motseng oo o o dikologilweng ke dipota tse dikgolo mo e leng gore mo go jone bosigo joo, o ne a direla “bagolwane ba gagwe ba le 1000 modiro o mogolo.” Mokwalahisitori wa Mogerika e bong Herodotus, wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., o bolela gore mo teng ga motse, batho “ba ne ba bina ka nako eo, ba ipela.”

Le fa go ntse jalo, ka kwa ntle ga dipota tsa Babilone, masole a Bameda le Baperesia a ne a tlhagafetse. Ka kaelo ya ga Kuruse, ba ne ba faposa metsi a Noka ya Euferetese, a a neng a feta mo gare ga motse. Masole a gagwe a ne a ikaeletse go gabua metsi ka bonako fela fa noka e sena go fokotsega sentle. Ba ne gwaela lebota ba bo ba tsena mo motseng ka ditswalo tsa kopore tse di bulegileng tse di mo leboteng go bapa le losi lwa noka.

Fa Beleshasare a ka bo a ile a ela tlhoko se se diregang ka kwa ntle ga motse, o ka bo a ile a tswala ditswalo tsa kopore, a bo a tlhoma banna ba gagwe ba ba nonofileng mo dipoteng go bapa le losi lwa noka mme a bo a pitlelela baba. Go na le moo, fa Beleshasare yo o boikgogomoso a sena go nwa beine, o ne a laela gore go tlisiwe dijana tsa tempele ya ga Jehofa. Morago ga foo, ene, baeng ba gagwe, basadi ba gagwe le bagadingwana ba gagwe ba ne ba nwa go tswa mo go tsone ka lonyatso ba ntse ba baka medimo ya Babilone. Ka tshoganyetso fela, go ne ga bonala seatla ka kgakgamatso mme sa simolola go kwala mo leboteng la ntlo ya segosi. Ka ntlha ya letshogo, Beleshasare o ne a bitsa banna ba gagwe ba ba botlhale gore ba mo phuthololele molaetsa oo. Mme ba ne “ba retelelwa ke go bala lokwalo, le fa e le go itsise kgosi phuthololo ya lone.” Kgabagare Daniele o ne a “leriwe fa pele ga kgosi.” Ka tlhotlheletso ya Modimo, moporofeti yono yo o pelokgale wa ga Jehofa o ne a senola bokao jwa molaetsa oo wa kgakgamatso, a bolelela pele go thopiwa ga Babilone ke Bameda le Baperesia.—Daniele 5:2-28.

Bameda le Baperesia ba ne ba gapa motse oo motlhofo fela mme Beleshasare o ne a bolawa mo bosigong joo. E re ka a ne a swa e bile Nabonidase a ineetse mo go Kuruse, Puso ya Babilonia o o Tlhabologileng e ne ya phutlhama.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Daniele o tlhalosa molaetsa wa matlhotlhapelo a a tla welang Puso ya Babilona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela