LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w20 February ts. 31
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letona le le Ikgogomosang le Latlhegelwa ke Puso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Daniele—Buka E e Mo Tshekong
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
w20 February ts. 31
Silendara sa mmopa se se nang le leina Beleshasare.

Silendara sa mmopa se se nang le leina Beleshasare (Go bontshitswe bogolo jwa sone)

A o Ne o Itse?

Thutamarope e bontsha jang gore Beleshasare wa kwa Babelona o kile a nna teng?

GO FETILE dingwaga di le dintsi batho bangwe ba dumela gore Kgosi Beleshasare yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ga a ise a tsamaye a nne teng. (Dan. 5:1) Ba ne ba dumela seo ka gonne baithutamarope ba ne ba ise ba ko ba bone sepe se se bontshang gore o kile a nna teng. Mme gone, dilo di ile tsa fetoga ka 1854. Ka ntlha yang?

Mo ngwageng oo, moemedi mongwe wa puso ya Boritane e bong J. G. Taylor o ile a etela matlotla a motse wa bogologolo o o neng o bidiwa Ure o o kwa borwa jwa Iraq. Fa a le koo, o ile a bona disilindara di le mmalwa tsa mmopa. Disilindara tseo, tse di boleele jwa disentimetara di ka nna 10, di ne di kwadilwe ka mokwalo wa bogologolo. Mo go nngwe ya disilindara nngwe go ne go kwadilwe thapelo ya gore Kgosi Nabonidase wa Babelona le morwawe wa leitibolo e bong Beleshasare ba tshele lobaka lo loleele. Ruri seno se ne se bontsha gore Beleshasare o kile a nna gone.

Baebele ya re Beleshasare o kile a nna gone e bile e ne e le kgosi. Mme gone, batho bangwe ba ne ba sa dumele. Ka sekai, mo e ka nnang ka ngwaga wa 1875, moitsesaense mongwe e bong William Talbot o ile a re batho bangwe ba re Beleshasare o ne a busa nako e le nngwe le rraagwe e bong Nabonidase. Mme o ile a re ga go na sepe se se bontshang gore seo ke boammaaruri.

Mme gone, mokwalo o o mo disilendareng tse dingwe o ile wa bontsha gore Nabonidase o ile a fetsa dingwaga di le mmalwa a seyo kwa Babelona. Go ile ga diregang ka nako eo? Encyclopaedia Britannica ya re: “Fa Nabonidase a ne a seyo, o ile a naya Beleshasare maikarabelo a go busa le a go tlhokomela masole a gagwe.” Ka jalo, Beleshasare ke ene a neng a busa kwa Babelona ka nako eo. Ke gone ka moo moithutamarope mongwe yo o bidiwang Alan Millard a ileng a re: “Go a utlwala go bo Buka ya Daniele e re Beleshasare e ne e le ‘kgosi.’”

Batlhanka ba Modimo bone ba a itse gore bosupi jwa botlhokwa jwa gore buka ya Daniele e a ikanyega le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo, bo teng mo Baebeleng.—2 Tim. 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela