LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 8-13
  • Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefelo la ‘Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa’
  • Kagiso e Fetoga Khutsafalo
  • Go Ganediwa ke Baagelani ba Bodumedi Jwa Maaka
  • Mesia o a Tlhaga!
  • Lesedinyana la Kagiso e e Tla Nnelang Ruri
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jerusalema yo Mosha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Motse o o Galalelang
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 8-13

Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”

“Lo se ka lwa ikana . . . ka Jerusalema, ka gonne ke motse wa Kgosi e kgolo.”—MATHAIO 5:34, 35.

1, 2. Ke eng se se ka akabatsang batho bangwe malebana le Jerusalema?

JERUSALEMA—leina la yone ka bolone fela le tsosa maikutlo mangwe mo bathong ba madumedi a a farologaneng. Tota e bile, ga go ope wa rona yo o ka itlhokomolosang motse ono wa bogologolo ka gonne go buiwa ka one thata mo dikgannyeng. Le fa go ntse jalo, ka maswabi dipego di le dintsi di senola gore ga se ka metlha Jerusalema e leng lefelo la kagiso.

2 Seno se ka nna sa dira gore babadi bangwe ba Baebele ba akabale. Pele leina le le khutshwafaditsweng la Jerusalema e ne e le Salema, mo go kayang, “kagiso.” (Genesise 14:18; Pesalema 76:2; Bahebera 7:1, 2) Ka jalo o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng fa mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana motse ono wa leina le le ntseng jaana o tlhoka kagiso thata jaana?’

3. Re ka bona kae tshedimosetso e e ikanyegang ka Jerusalema?

3 Go araba potso eno, re tshwanetse ra boela morago mo nakong ya hisitori mme ra ithuta ka Jerusalema wa bogologolo. Mme bangwe ba ka nna ba re, ‘Ga re na nako ya go ithuta hisitori ya bogologolo.’ Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore rotlhe re nne le kitso e e boammaaruri ka hisitori ya bogologolo ya Jerusalema. Baebele e supa lebaka la seno ka go bua jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Kitso ya Baebele kaga Jerusalema e ka re gomotsa—ee, le go re naya tsholofelo ya kagiso, e seng ya motse oo fela mme gape le ya lefatshe lotlhe.

Lefelo la ‘Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa’

4, 5. Ke eng se Dafide a ileng a se dira gore Jerusalema e nne le seabe se segolo mo go diragatseng maikaelelo a Modimo?

4 Mo lekgolong la dingwaga la bo11 B.C.E., Jerusalema e ne ya itsege lefatshe ka bophara e le motsemogolo wa setšhaba se se babalesegileng le se se nang le kagiso. Jehofa Modimo o ne a dira gore lekawana Dafide le tlodiwe go nna kgosi ya setšhaba seo sa bogologolo—Iseraele. E re ka Jerusalema e ne e le yone lefelo la puso, Dafide le ditlogolwana tsa gagwe tsa dikgosi ba ne ba nna mo “setulong sa bogosi jwa ga Jehofa,” kana mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa.”—1 Ditirafalo 28:5; 29:23.

5 Dafide monna yo o neng a boifa Modimo—Moiseraele wa lotso lwa Juda—o ne a gapa Jerusalema mo Bajebuseng ba ba neng ba obamela medimo ya disetwa. Ka nako eo, motse oo o ne o akaretsa fela thota e e neng e bidiwa Siona, mme Jerusalema ka boyone e ne ya simolola go bidiwa ka lone leina leo. Moragonyana Dafide o ne a dira gore letlole la kgolagano e Modimo a neng a e dirile le Baiseraele le fudusediwe kwa Jerusalema, mme la fitlha la nna mo motlaaganeng teng. Dingwaga di sekae pelenyana, Modimo o ne a ile a bua le moporofeti wa gagwe Moshe a le mo lerung le le neng le okame Letlole leo le le boitshepo. (Ekesodo 25:1, 21, 22; Lefitiko 16:2; 1 Ditirafalo 15:1-3) Letlole leno le ne le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo ka gonne Jehofa ke ene yo tota e neng e le Kgosi ya Iseraele. Ka jalo, go ne go ka twe Jehofa Modimo o busa go tswa mo motseng wa Jerusalema ka ditsela tse pedi.

6. Jehofa o ne a solofetsa eng malebana le Dafide le Jerusalema?

6 Jehofa o ne a solofeditse Dafide gore puso ya ntlo ya gagwe ya segosi, e e neng e emelwa ke Siona, kana Jerusalema, e ne e se kitla e khutla. Seno se ne se bolela gore setlogolwana sengwe sa ga Dafide se ne se tla newa boswa jwa go busa ka bosakhutleng e le Motlodiwa wa Modimo—Mesia kana Keresete.a (Pesalema 132:11-14; Luke 1:31-33) Gape Baebele e senola gore motho yono yo o neng a tla rua boswa jwa ‘setulo sa bogosi sa ga Jehofa’ ka bosakhutleng, o ne a tla busa ditšhaba tsotlhe, e seng Jerusalema fela.—Pesalema 2:6-8; Daniele 7:13, 14.

7. Kgosi Dafide o ne a godisa kobamelo e e itshekileng jang?

7 Maiteko a go menola motlodiwa wa Modimo e bong Kgosi Dafide mo setulong a ne a retela. Go na le moo, ditšhaba tsa baba di ne tsa gapiwa mme melelwane ya Naga e e Solofeditsweng e ne ya okediwa go ya bokgakaleng jo Modimo a neng a rulagantse gore e okediwe ka yone. Dafide o ne a dirisa seemo seo ka botlalo go godisa kobamelo e e itshekileng. Mme bontsi jwa dipesalema tsa ga Dafide di baka Jehofa e le ene Kgosi ya mmatota ya Siona.—2 Samuele 8:1-15; Pesalema 9:1, 11; 24:1, 3, 7-10; 65:1, 2; 68:1, 24, 29; 110:1, 2; 122:1-4.

8, 9. Kobamelo ya boammaaruri e ne ya oketsega jang kwa Jerusalema mo pusong ya ga Kgosi Solomone?

8 Ka nako ya puso ya ga morwa Dafide e bong Solomone, kobamelo ya ga Jehofa e ne ya gola thata. Solomone o ne a oketsa melelwane ya Jerusalema go ela kwa bokone gore e akaretse le thota ya Moria (lefelo le Dome of the Rock ya gompieno e leng mo go lone). O ne a nna le tshiamelo ya go baka Jehofa ka go aga tempele e e boitshegang mo lefelong leno le le goletsegileng. Letlole la kgolagano le ne la bewa mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo mo tempeleng eo.—1 Dikgosi 6:1-38.

9 Setšhaba sa Iseraele se ne sa nna ka kagiso ka ntlha ya go ema nokeng kobamelo ya ga Jehofa e e neng e remeletse mo Jerusalema. Dikwalo di bolela jaana fa di tlhalosa maemo ano sentle: “Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi, ba ja ba nwa ba dira mokete fela. . . . Mme [Solomone] a na le kagiso ka ntlha tsotlhe tikologong ya gagwe. Bajuta le Baiseraele ba ne ba agile ka thagamo, mongwe le mongwe fa tlase ga mofine wa gagwe le fa tlase ga mofeige wa gagwe.”—1 Dikgosi 4:20, 24, 25.

10, 11. Boithutamarope bo tshegetsa jang se Baebele e se buang malebana le Jerusalema ka nako ya puso ya ga Solomone?

10 Dilo tse baithutamarope ba ileng ba di ribolola di ema nokeng pego eno ya gore puso ya ga Solomone e ne e atlegile thata. Porofesa Yohanan Aharoni o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Archaeology of the Land of Israel: “Mahumo a a neng a ologela mo lolwapeng lwa kgosi a tswa dintlheng tsotlhe le kgwebisano e kgolo e e neng e le gone . . . di ne tsa dira gore go nne le phetogo e kgolo mo itsholelong ya setšhaba. . . . Phetogo e e neng ya nna gone mo itsholelong ya setšhaba . . . ga e lemotshege fela mo dilong tsa manobonobo tse se neng se na le tsone mme gape e lemotshega segolobolo le mo dilong tsa letsopa. . . . Boleng jwa maemo a a kwa godimo jwa dilo tse di bopilweng ka mmopa bo ne jwa tokafala fela thata.”

11 Jerry M. Landay le ene o ne a kwala jaana: “Ka nako ya puso ya ga Solomone, itsholelo ya Baiseraele e ne ya gola thata mo dingwageng di le masome a mararo fela go feta kafa e ileng ya gola ka teng mo dingwageng di le makgolo a mabedi pele ga gagwe. Fa re ribolola dikago tsa motlha wa ga Solomone, re fitlhela go na le masalela a dikago tse dikgolo, metse e megolo e e nang le dithako tse di boitshegang, metse ya bonno ya batho ba ba humileng e e nang le matlo a mantsintsi a a agilweng sentle a tshwaragane, le dilo tse dintsintsi tsa mmopa tse di bopilweng ka botswerere jwa maemo a a kwa godimo. Gape re fitlhela go na le masalela a dilo tsa botaki tse go bonalang e ne e le tse di dirilweng go tswa kwa mafelong a a kwa kgakala, le dilo tse di bontshang gore ba ne ba gwebisana le batho ba ditšhaba tse dingwe.”—The House of David.

Kagiso e Fetoga Khutsafalo

12, 13. Go ne ga direga jang gore kobamelo ya boammaaruri e se ka ya tlhola e gola mo Jerusalema?

12 Go ne go tshwanela gore motho a ka rapelela gore Jerusalema, motse o lefelo le le boitshepo la ga Jehofa le neng le le mo go one, o nne le kagiso le katlego. Dafite o ne a kwala jaana: “Rapelelang kagiso ya Jerusalema: ‘Ba ba go ratang ba tlaa tlhogonolofala. A go nne kagiso mo teng ga dithako tsa gago, le go tlhogonolofala mo teng ga matlo a gago a dikgosi.’ Ka ntlha ya bana ba ga rre le bankana ba me, ke tlaa bua jaana ke re: ‘Kagiso e nne mo teng ga gago.’” (Pesalema 122:6-8) Le fa Solomone a ile a nna le tshiamelo ya go aga tempele e kgolo mo motseng oo o o nang le kagiso, kgabagare o ne a nyala basadi ba bantsi ba baheitane. Fa a sena go tsofala, ba ne ba mo dira gore a rotloetse kobamelo ya medimo ya maaka ya motlha oo. Botlhanogi jono bo ne jwa dira gore setšhaba sotlhe se nne bosula, mme ga dira gore sone le baagi botlhe ba sone ba se ka ba tlhola ba nna le kagiso ya mmatota.—1 Dikgosi 11: 1-8; 14:21-24.

13 Fa Rehoboame morwa wa ga Solomone a ne a simolola go busa, ditso tse di lesome tsa Iseraele di ne tsa tsuologa mme tsa itira bogosi jwa kwa bokone. Modimo o ne a letla gore bogosi joo bo menolwe ke puso ya Asiria ka ntlha ya go obamela medimo ya disetwa. (1 Dikgosi 12:16-30) Bogosi jwa Juda jwa kwa borwa jwa ditso tse pedi bo ne jwa tswelela pele bo remeletse kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, le bone fa nako e ntse e ya ba ne ba tlhanogela kobamelo e e itshekileng, ka jalo Modimo o ne a letla gore motse oo o senngwe ke Bababilone ka 607 B.C.E. Bajuda ba ba neng ba ile botshwarong ba ne ba fetsa dingwaga tse 70 ba sotlega kwa Babilone. Mme ka bopelotlhomogi jwa Modimo, ba ne ba letlwa go boela kwa Jerusalema gore ba fitlhe ba tsosolose kobamelo ya boammaaruri.—2 Ditirafalo 36:15-21.

14, 15. Go ne ga tla jang gore Jerusalema e boe e nne le seabe sa botlhokwa morago ga go boa kwa botshwarong kwa Babilone, mme gone, go ne ga nna le phetogo efe?

14 Marope a dikago tsa teng a tshwanetse a bo a ile a khurumediwa ke mefero ka ntlha ya go fetsa dingwaga tse 70 a kgakgabetse. Lerako la Jerusalema le ne le ole le na le diphatlha tse dikgolo tse pele go neng go na le dikgoro le dipilara mo go lone. Le fa go ntse jalo, Bajuda bano ba ba neng ba boa ba ile ba kgothala. Ba ne ba aga sebeso go bapa le fa tempele e neng e le gone pele mme ba simolola go ntshetsa Jehofa ditlhabelo letsatsi le letsatsi.

15 Seo se ne se nametsa pelo, le fa go ntse jalo, Jerusalema e ne e se kitla e tlhola e nna motsemogolo wa bogosi jo bo busiwang ke setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. Go na le moo, Bajuda ba ne ba busiwa ke mmusi yo o neng a tlhomilwe ke balaodi ba bone ba Baperesia ba ba neng ba gapile Babilone mme ba tshwanelwa ke go duela makgetho mo go bone. (Nehemia 9:34-37) Le mororo Jerusalema e ne e ‘gatakilwe,’ e ne e sa ntse e le motse o o ratwang ke Jehofa Modimo go gaisa yotlhe mo lefatsheng. (Luke 21:24) E re ka e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng, gape e ne e emela tshwanelo e Modimo a nang le yone ya go busa lefatshe ka setlogolwana sa ga Kgosi Dafide.

Go Ganediwa ke Baagelani ba Bodumedi Jwa Maaka

16. Ke eng fa Bajuda ba ba neng ba boile kwa Babilone ba ile ba emisa go tsosolosa Jerusalema?

16 Go ise go ye kae ke fa Bajuda ba ba neng ba tlile mo Jerusalema go tswa botshwarong ba thaya motheo wa tempele e ntšha. Le fa go ntse jalo, baagelani ba bone ba ba neng ba obamela medimo ya disetwa ba ne ba romela lekwalo le le neng la ba senya leina kwa go Kgosi Aretaserese wa Peresia ba bolela gore Bajuda ba tla mo tsuologela. Aretaserese o ne a ba iletsa go tlhola ba aga kwa Jerusalema. O ka akanya fela gore fa o ne o nna mo motseng ono ka nako eo, o ne o tla ipotsa gore go tla direga eng mo isagweng. Bajuda ba ne ba emisa go tlhola ba aga tempele mme ba tshwarega ka go ikgobokanyetsa mahumo.—Esera 4:11-24; Hagai 1:2-6.

17, 18. Jehofa o ne a dirisa eng go tlhomamisa gore Jerusalema e agiwa sesha?

17 Dingwaga di ka nna 17 morago ga ba sena go boa, Modimo o ne a tlhoma moporofeti Hagai le Sakaria gore ba thuse batho ba gagwe go baakanya tsela ya bone ya go akanya. Bajuda ba ne ba simolola tiro ya go aga tempele gape ka ntlha ya go tlhotlheletsega go ikwatlhaya. Ka nako eo, Dario e ne e le kgosi ya Peresia. O ne a tlhomamisa taelo ya ga Kgosi Kurose ya gore tempele ya Jerusalema e agiwe sesha. Dario o ne a romelela baagelani ba Bajuda lekwalo a ba tlhagisa gore ba ‘nne kgakala le Jerusalema’ le gore ba eme tiro ya kago nokeng ka madi a lekgetho la kgosi gore e wediwe.—Esera 6:1-13.

18 Bajuda ba ne ba wetsa tempele mo ngwageng wa bo22 fa ba sena go boa. O ka tlhaloganya gore tiragalo eno e e botlhokwatlhokwa e ne ya dira gore go nne le boipelo jo bogolo. Le fa go ntse jalo, Jerusalema le dithako tsa yone di ne di sa ntse di le marope ka selekanyo se se rileng. Motse ono o ne wa baakanngwa “mo metlheng ya ga Nehemia molaodi, le ya ga Esera mokwadi.” (Nehemia 12:26, 27) Go bonala fa Jerusalema e ile ya wediwa go agiwa go nna motse o mogolo wa bogologolo kwa bofelong jwa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.

Mesia o a Tlhaga!

19. Mesia o ne a tsaya tsia jang maemo a a kgethegileng a Jerusalema?

19 Mme jaanong a re tloleng makgolo a dingwaga a sekae mme re fetele kwa tiragalong e e leng botlhokwa mo lobopong lotlhe, go tsalwa ga Jesu Keresete. Moengele wa ga Jehofa Modimo o ne a raya mmaagwe Jesu wa kgarebana a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, . . . mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Dingwaga di sekae morago ga foo, Jesu o ne a neela Thero ya gagwe e e itsegeng ya kwa Thabeng. Mo go yone o ne a neela kgothatso le kgakololo ka dilo tse dintsi. Ka sekai, o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe go diragatsa maikano a bone go Modimo mme gone ba nne kelotlhoko gore ba se ka ba nnela go ikana go sa tlhokege. Jesu o ne a re: “Lo utlwile gore ba dinako tsa bogologolo tala ba ne ba tewa ga twe, ‘Ga o a tshwanela go ikana kwantle ga go dira, mme o tshwanetse go duela maikano a gago mo go Jehofa.’ Lefa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re: Lo se ka lwa ikana ka gope, lefa e le ka legodimo, ka gonne ke setulo sa bogosi sa Modimo; lefa e le ka lefatshe, ka gonne ke sebeo sa dinao tsa one; lefa e le ka Jerusalema, ka gonne ke motse wa Kgosi e kgolo.” (Mathaio 5:33-35) Re kgona go lemoga sentle gore Jesu fano o ne a tsaya tsia maemo a a kgethegileng a Jerusalema—a e feditseng makgolokgolo a dingwaga e na le one. Ee, “e ne e le motse wa Kgosi e kgolo,” Jehofa Modimo.

20, 21. Maikutlo a bontsi jwa batho ba Jerusalema a ile a fetoga jang thata?

20 Pele ga gore Jesu a swe, o ne a ikitsise mo baaging ba Jerusalema gore ke Kgosi ya bone e e tloditsweng. Ka nako eo e e itumedisang, batho ba le bantsi ba ne ba tlhaeletsa jaana ka boipelo: “A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa! A go bakwe bogosi jo bo tlang jwa ga rraarona Dafide!”—Mareko 11:1-10; Johane 12:12-15.

21 Le fa go ntse jalo, go ne go ise go fete beke ke fa batho ba letla gore baeteledipele ba bodumedi ba Jerusalema ba ba dire gore ba tlhanogele Jesu. O ne a ba tlhagisa a bolela gore motse wa Jerusalema le setšhaba sotlhe di tla latlhegelwa ke maemo a tsone a go ratwa ke Modimo. (Mathaio 21:23, 33-45; 22:1-7) Ka sekai, Jesu o ne a bolela jaana: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—abo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo kafa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla. Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:37, 38) Ka nako ya Tlolaganyo ya 33 C.E., baganetsi ba ga Jesu ba ne ba dira gore a bolaelwe kafa ntle ga Jerusalema a se na molato. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsosa Motlodiwa wa gagwe mme a mo tlotlomatsa ka go mo abela botshelo jwa bosasweng kwa Siona wa legodimo, e leng selo se se ka re solegelang molemo rotlhe.—Ditiro 2:32-36.

22. Morago ga loso lwa ga Jesu, bontsi jwa dipolelo tse di kaga Jerusalema di ne di amana le eng?

22 Fa e sa le go tloga ka nako eo, bontsi jwa dipolelopele tse di iseng di diragadiwe tse di malebana le Siona, kana Jerusalema, re ka tlhaloganya gore di amana le dithulaganyo tsa legodimo kana le balatedi ba ga Jesu ba batlodiwa. (Pesalema 2:6-8; 110:1-4; Isaia 2:2-4; 65:17, 18; Sekaria 12:3; 14:12, 16, 17) Ga go pelaelo gore bontsi jwa dipego tse di umakang “Jerusalema” kana “Siona” tse di kwadilweng morago ga loso lwa ga Jesu, ke tsa tshwantshetso mme ga di amane le motse kana lefelo lepe la mmatota. (Bagalatia 4:26; Bahebera 12:22; 1 Petere 2:6; Tshenolo 3:12; 14:1; 21:2, 10) Bosupi jwa bofelo jwa gore Jerusalema e ne e sa tlhole e le “motse wa Kgosi e kgolo” bo ne jwa bonala ka 70 C.E. fa masole a Roma a ne a e senya fela jaaka Daniele le Jesu Keresete ba ile ba porofeta. (Daniele 9:26; Luke 19:41-44) Ga go na mokwadi ope wa Baebele le fa e le Jesu ka boene, yo o ileng a bolelela pele gore Jerusalema wa mo lefatsheng o ne a tla boa a tsosolosiwa gape go boela mo maemong a a kgethegileng a Jehofa Modimo a kileng a e neela one.—Bagalatia 4:25; Bahebera 13:14.

Lesedinyana la Kagiso e e Tla Nnelang Ruri

23. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela pele re kgatlhegela Jerusalema?

23 Morago ga gore re sekaseke hisitori ya bogologolo ya Jerusalema, ga re ka ke ra ganela gore motse ono o ne wa tshwanela bokao jwa leina la one—“Mong [kana, Motheo] wa Kagiso e e Gabedi”—mo motlheng wa puso ya kagiso ya ga Kgosi Solomone. Le fa go ntse jalo, seo e ne e le lesedinyana fela la kagiso le katlego tse batho ba ba ratang Modimo ba ba tla tshelang mo lefatsheng le le fetotsweng paradaise ba tlogang ba nna le tsone.—Luke 23:43.

24. Re ka ithuta eng ka maemo a a neng a le gone mo pusong ya ga Solomone?

24 Pesalema ya bo72 e bua ka maemo a a neng a le gone mo pusong ya ga Kgosi Solomone. Mme gone, pina e e monate eo e bolelela pele masego a batho ba tla nnang le one mo pusong ya legodimo ya ga Mesia, Jesu Keresete. Mopesalema o ne a opela jaana ka ene: “Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri. . . . O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe; Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.”—Pesalema 72:7, 8, 12-14, 16.

25. Ke eng fa re tshwanetse go batla go itse go le gontsi ka Jerusalema?

25 A bo mafoko ao a nametsa e bile a kgothatsa batho ba ba ratang Modimo ba Jerusalema kana ba ba nnang gope fela go sele mo lefatsheng jang ne! Le wena o ka nna mongwe wa batho ba ba tla itumelelang kagiso ya lefatshe lotlhe mo Bogosing jwa ga Mesia jwa Modimo. Go itse ditiragalo tsa nako e e fetileng tsa Jerusalema go ka re thusa go tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka batho. Ditlhogo tse di latelang di tla sekamela mo go tlhaloseng dilo tse di diragetseng mo lekgolong la dingwaga la bosupa le la borobedi morago ga gore Bajuda ba boe kwa botshwarong kwa Babilone. Seno se tla gomotsa batho botlhe ba ba batlang go obamela Jehofa Modimo, Kgosi e Kgolo, ka tsela e a e batlang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina “Mesia” (le le tserweng mo lefokong la Sehebera) le “Keresete” (go tswa mo Segerikeng) oomabedi a kaya “Motlodiwa.”

A o A Gakologelwa?

◻ Go tlile jang gore Jerusalema e nne lefelo la ‘setulo sa bogosi sa ga Jehofa’?

◻ Solomone o ne a nna le seabe sefe se segolo mo go godiseng kobamelo ya boammaaruri?

◻ Re itse jang gore Jerusalema e ne ya se ka ya tlhola e nna boremelelo jwa kobamelo ya ga Jehofa?

◻ Ke eng fa re kgatlhegela go itse go le gontsi ka Jerusalema?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Motse wa ga Dafide o ne o le mo thotaneng e e kafa borwa, le fa go ntse jalo, Solomone o ne a oketsa motse ono go ela kwa bokone mme a aga tempele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela