Go Dirisa Diboroutšhara ka Botlalo ka July
1 Gore tiro ya go dira barutwa e tle e nne bofefo, phuthego e re abetse dikgatiso di le dintsi tse di farologaneng ka bopelotshweu. Gareng ga tsone ke diboroutšhara tse di buang ka ditlhogo tse di rileng, tse di ntseng jaaka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, Tharonngwe, leina la Modimo, puso ya Bogosi, le go bo Modimo o letleletse boikepo. Re ka dirisa jang diboroutšhara ka botlalo go thusa batho ba ba mo tshimong ya rona?
2 Boroutšhara e e reng A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? e tlhalosa ka tsela e e utlwalang gore lefatshe le lesha le le tla bong le sena pogo le gaufi. Re ka e buelela jang? Re ka bona dikakantsho mo bukeng ya Go Fetolana kafa tlase ga setlhogo se setona se se reng “Pogo,” se se simololang mo tsebeng ya 323, kana o ka nna wa rata go dirisa ketapele e e mo tsebeng ya 12 e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Tshiamololo/Pogo.”
3 O ka nna wa bolela jaana:
◼ “A o kile wa ipotsa jaana: ‘A ruriruri Modimo o amega ka gore batho ba direlwa tshiamololo le go boga?’” Mo neye sebaka sa go araba. Bala Pesalema 72:12-14. Go tswa foo o bo o bula tsebe ya 22 ya boroutšhara ya A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? lo bo lo tlotla ka ditlhogo tse dikgolo tse di mo karolo 10, mmogo le tlhaloso ya setshwantsho se se mo tsebeng ya 23. Fa motho a sa tsaya boroutšhara, ke ka ntlha yang o sa mo neele pampitshana, e e jaaka ya Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong kana ya Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso?
4 Batho gompieno ba bua thata ka puso e e molemo. Batho ba le bantsi ba ipotsa gore a puso ya motho e tla dira gore lefatshe le nne ka kutlwano. Tshedimosetso e e thusang e fitlhelwa kafa tlase ga setlhogo se se reng “Goromente,” se se simololang mo tsebeng ya 173 ya buka ya Go Fetolana.
5 O ka botsa jaana:
◼ “A batho ba ka kgona go tlhoma puso e totatota e ka tlisang boitumelo jwa goyagoile?” Mo neye sebaka sa go araba, go tswa foo o bo o botsa jaana: “Rekoto ya hisitori ya motho e bontsha eng?” Bula mo go Yeremia 10:23, kana bula mo tsebeng ya 173 ya buka ya Go Fetolana o bo o bala ditemana le dikakgelo tse di tshwanetseng. Morago ga moo, bula mo ditsebeng tsa 24 le 25 mo boroutšhareng ya Puso lo bo lo sekaseka ditshwantsho tse di moo le dikwalo. Tlhalosa kafa puso ya Modimo e tlileng go kopanya batho ka teng lefatshe ka bophara. Fa mong wa ntlo a sa tseye boroutšhara eo, o ka nna wa mo neela pampitshana e e reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola?
6 Fa e le gore batho ba mo poifong ka ntlha ya bokebekwa mo tikologong ya lona, ketapele e e latelang e ka nna ya gogela.
7 O ka bolela jaana:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o lorato, ke ka ntlha yang o letleletse boikepo jaana?’ A o kile wa ipotsa ka seno le wena?” Mo letle gore a akgele, go tswa foo o bo o bolela jaana: “Ela tlhoko gore Diane 19:3 e re tlhagisa jang malebana le go pega Modimo molato ka dilo tse di bosula tse batho ba di dirang.” Fa o sena go bala temana eo, mo ise mo tsebeng ya 15 ya boroutšhara ya “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” o bo o bala serapa sa 27. Seno se tla dira gore motlotlo wa lona o ye mo dirapeng tse di latelang.
8 Go dirisa diboroutšhara go ruta batho ba sekadinku ka dikgang tse di molemo ke selo se rotlhe re ka se dirang. Re ka kgona go thusa batho ba mefuta yotlhe gore ba kopanele le phuthego ya Modimo. Re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya go rera jaaka re tla bo re dirisa diboroutšhara tsa rona tse di mo nakong ka botlalo.