LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/94 ts. 8
  • Boela kwa o Tsamaisitseng Dimakasine Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boela kwa o Tsamaisitseng Dimakasine Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirang Dipoelo ka Boipelo Go ya Go Thusa Batho ba ba Kgatlhegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 4/94 ts. 8

Boela kwa o Tsamaisitseng Dimakasine Gone

1 Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa. (Math. 28:19) Seo se raya go dira mo go fetang go tsamaisa dibuka fela; re tshwanetse go thusa batho gore ba dire botswelelo pele mo semoyeng. Gore re kgone go dira seo re tshwanetse gore re boele gore re ye go thusa batho ba ba kgatlhegang ka mo go oketsegileng.

2 Fa e le gore o ne wa bua ka setlhogo se se rileng mo go nngwe ya dimakasine fa o ne o etile la ntlha, go tla nna molemo gore o tlotle ka yone kgang eo fa o boela:

◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, ke ne ka go bontsha setlhogo sengwe go Tora ya Tebelo (kana Tsogang!) se se neng sa re thusa gore re bone botlhokwa jwa go tlhatlhoba Bibela. Boikaelelo jwa Modimo jwa go tlisetsa batho isagwe e e botoka bo thailwe mo pusong ya Bogosi jwa gagwe. Mika 4:3, 4 e bolela ka tsholofetso ya gagwe ya gore Bogosi jono bo tla fedisa dintwa tsotlhe.” Fa o sena go bala lekwalo, buelela boroutšhara ya “Bonañ!,” mme o supe setshwantsho se se kafa ntle ga yone. Bala serapa sa ntlha le dikwalo tse di umakilweng mo serapeng seo, o supa gore Mika 4:3, 4 ke nngwe ya tsone. Dira dithulaganyo tsa gore o boe gape gore o tle go tsweletsa motlotlo mo serapeng sa 2.

3 Fa e le gore go bonala gore mong wa ntlo ga a na kgatlhego e kalo kana ga a na nako ya go tlotla, o ka nna wa fetsa ka gore o kwale leina la gagwe jaaka mongwe wa batho ba o tla ba etelang mo tselaneng ya dimakasine:

◼ “E re ka o ne o itumeletse dimakasine tse ke neng ke di go tlogeletse mo nakong e fetileng, ke ne ke akanya gore o tla itumelela ditokololo tsa bosheng. Ke dumela gore o tla kgatlhegela setlhogo seno thata.” Supa setlhogo se o akanyang gore se tla mo kgatlha. Mo itsise gore o tla tlisa ditokololo tse di latelang.

4 Beng ba bangwe ba matlo ba rata go bala makasine pele ga ba ka dira tshwetso ya go dira peeletso. Fa go ntse jalo, o ka nna wa bolela jaana:

◼ “E re ka go bonala o itumelela Tora ya Tebelo le Tsogang!, ke ntse ke itumelela go go tlisetsa ditokololo tsa bosheng fela jaaka di tswa. Mme fa o rata, nka rulaganya gore di go tlele ka poso ka metlha gore o tlhomamise gore o bona tokololo nngwe le nngwe. Peeletso ya dimakasine ka bobedi ke R28,50 mme o tla bona ditokololo di le 36 ka ngwaga.” Beng ba bangwe ba matlo ba ka na ba rata go dira peeletso ya makasine o le mongwe fela, fa ba bangwe bone ba batla go simolola ka peeletso ya dikgwedi tse thataro.

5 Fa o tsamaisitse peeletso mo loetong lwa gago lwa ntlha, go tla nna botlhokwa gore o boele teng gape ka bonako jo o ka bo kgonang gore o tsose kgatlhego ya mong wa ntlo le go simolola thuto ya Bibela.

Fa o dirisa boroutšhara ya “Puso” go supa thulaganyo ya go ithuta, o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Tlhokomela gore tsebe 3 e re bolela eng ka setlhogo sa molaetsa o Jesu a neng a rera ka one fa a ne a le mo lefatsheng.” Morago ga moo o ka tlotla ka bokhutshwane ka tshedimosetso e e mo tsebeng 3. Botsa mong wa ntlo gore o akanya gore o tshwanetse go dira eng gore a tle a ithute mo go oketsegileng. Morago ga foo o ka na wa re: “Go botlhokwa gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa re tlhoka Bogosi jwa Modimo thata jaana. Nka rata go boa gape gore ke tle go tlotla ka lebaka la go bo re tshwanetse gore re lebe puso ya Modimo jaaka yone fela tsholofelo e re nang le yone.”

6 Lefa mong wa ntlo a sa kgatlhegele thuto ya Bibela, ithaopele gore o tla boa ka metlha o mo tlisetsa ditokololo tsa dimakasine tsa bosheng go fitlha a simolola go amogela peeletso ya gagwe. Boela mo bathong botlhe ba o ba tsamaiseditseng dimakasine mme o kgothaletse ba ba peloephepa gore ba ithute mo go oketsegileng ka dilo tse Jesu a di laetseng.—Math. 28:20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela