LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/94 ts. 4
  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipuisano Tseo di Tsosang Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Jehofa ke Mmopi wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Go Bolela Mafoko a a Molemo ka Boikutlo jo bo Siameng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 6/94 ts. 4

Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona

1 A re ikutlwa jaaka mopesalema fa a ne a re: “Yehofa . . . mocwedi oa botshelō o nntse nau”? (Pes. 36:5, 9) Rona re ka thusa ba bangwe jang go anaanela Jehofa le go mo tlotla jaaka Mmopi wa rona? Ka go ba tsamaisetsa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka June. Buka eno e tlhomologile tota gonne e re naya bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Bibela e kwadilwe ke Modimo mme e supa ka phepafalo gore ke eng fa e sa kwalwa ke motho. Gape e dira gore re ikanye Bibela.

2 O ka bua motlhofo jaana o tlhamaletse fela.

Fa o sena go dumedisa mong wa ntlo, mmontshe setshwantsho se se mo go tsebe 4, o bo o botsa jaana:

◼ “Ke eng fa o tshwanetse go bala Bibela? A e santse e le buka e e mosola mo motlheng ono wa rona? A o dumela gore Bibela e ka re thusa go rarabolola mathata a rona a mantsi? [Leta karabo.] Buka eno e re naya dikarabo tse di dumelanang ka botlalo le Bibela. Ke tla rata gore o nne le yone gore o kgone go boeletsa bosupi jotlhe o bo o itirele tshwetso ka bowena. Re tlogelela batho buka e ntle eno ka moneelo wa R3,00.”

3 O ka nna wa bolela jaana fa o sena go ikitsise:

◼ “A o a dumela gore rotlhe re tlhoka go kaelwa ka botlhale gore re atlege mo botshelong? [Leta karabo.] Ela tlhoko se Bibela e se bolelang fano mo go Diane 14:12. [E bale.] Kaelo e e phoso e ka felela ka masetlapelo. Mo go Diane 2:6, 7 Bibela e re bontsha gore Jehofa o re naya botlhale jwa boammaaruri. [E bale.] Rotlhe re tshwanetse go ya mo Bibeleng ka potlako gore re kgone go bona botlhale jwa bomodimo. Buka eno e supa gore Bibela ke motswedi o o ka ikanngwang o o nayang kgakololo e e utlwalang ka mathata a batho ba lebaneng le one. Tsweetswee ela tlhoko se se boletsweng fano mo serapeng 2 mo go tsebe 5. [Se bale.] Ke tla rata go go tlogelela buka eno ka moneelo wa R3,00.” Fa mong wa ntlo a kgatlhega, mmolelele gore fa o tla gape mo nakong e e tlang o tla rata go tlotla le ene ka potso e e reng, Isagwe ya motho le lefatshe leno e tlile go nna jang?

4 Kana, o ka nna wa bolela jaana fa mong wa ntlo a lebega a tshwaregile thata:

◼ “O tshwanetse wa bo o dumela gore batho ba na le mathata a mantsi.” Go tswa foo o bo o bala serapa sa mafoko a a simololang sa kgaolo 1. O ka nna wa bolela jaana fa mong wa ntlo a sena go akgela ka potso e e kwa bofelong jwa serapa: “Bibela e re bolelela gore Modimo o tla tloga o rarabolola mathata a a raraaneng a batho. Buka eno e ntsha bosupi jo bo nonofileng jo bo bontshang gore Bibela ke Lefoko la Modimo. Ke eletsa gore o nne le yone ka moneelo fela wa R3,00.”

5 O ka nna wa bolela jaana fa o goroga mo ntlong e go bonalang sentle gore go na le bana:

◼ “Re ntse re tlotla le batsadi ba ba mo tikologong eno kaga kaelo e ba e nayang bana ba bone. Batsadi ba bantsi ba amegile thata ka tsamaiso ya sekolo e e sa kaeleng bana ka gope ka boitsholo. A le wena o bona bothata jono? [Letela kakgelo.] Se se kgatlhang ke gore Bibela e bontsha gore rona le bana ba rona re tlhoka go kaelwa ka botlhale. Ela tlhoko seno se se kwadilweng mo go Diane 14:12. [E bale.]” Bula tsebe 174 ya buka ya Lefoko la Modimo mme o bale serapa sa bofelo mo kgaolong eo. Mo neele buka eo ka R3,00. Fa mong wa ntlo a tsaya buka, botsa potso e o ka e arabang fa o tla gape.

6 A o eletsa go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri jo bo gakgamatsang jono kaga Mmopi wa rona le boikaelelo jwa gagwe jo bo lorato kaga popo ya gagwe jaaka bo kwadilwe mo Bibeleng? Buka ya Lefoko la Modimo e ka go thusa go dira jalo. E tlotla Mmopi wa rona yo Mogolo, Morena le Molaodi Jehofa. Tswelela o thusa batho ba ba dipelo di siameng mo tshimong ya lona go solegelwa molemo ke kaelo e e botlhale e e leng mo Bibeleng.—2 Pet. 1:19-21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela