LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/94 ts. 2
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Araba Batho Ba ba Ka Kgoreletsang Puisano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Thusa Mong wa Ntlo go Ntsha Mabaka
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Tlhaloganyo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 9/94 ts. 2

Letlole la Dipotso

◼ Go dirwe eng fa mongantlo a gatelela gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba tlhola ba tla kwa ntlong ya gagwe?

Fa re fitlhela letshwao mo lebating le le kganelang maeto a sedumedi mme le umaka Basupi ba ga Jehofa ka tlhamalalo, go molemo go dira se mongantlo a se batlang mme re tile go kokota.

Ka dinako tse dingwe re rakana le letshwao le le thibelang barekisi kana batho ba ba kopang. Mme e re ka rona re dira tiro e e molemo ya bodumedi, letshwao leo ga le re ame. Go tla bo go siame gore re kokote mo lebating leo. Fa mongantlo a re kganela, re ka mo tlhalosetsa ka botlhale gore ke eng fa re akanya gore matshwao a a ntseng jalo ga a reye rona. Fa mongantlo a tlhalosa ka phepafalo gore thibelo eo e akaretsa Basupi ba ga Jehofa, he re tla dira jaaka a kopa.

Fa re bereka tshimo eo, mongantlo a ka nna a tenega mme a gatelela gore re se ka ra tlhola re tla gape. Fa a gana go tlotla ka kgang eo, re tshwanetse go dira jaaka a kopa. Go tshwanetse ga kwalwa pego ya letlha le seno se diragetseng ka lone mme e tsenngwe mo enfolopong ya tshimo gore fa baboledi ba bereka tshimo eo mo nakong e tlang ba tile go ya kwa atereseng eo.

Ga re kitla re tila matlo ao go ya go ile. Beng ba one ba ka nna ba fuduga. Re ka nna ra kopana le mongwe mo lapeng yo o ka nnang a reetsa. Gape go ka direga gore mongantlo yo re ileng ra bua le ene a fetoge mme a dumele gore re mo etele. Ka jalo morago ga nakonyana re ka nna ra boa gape ka botlhale go utlwa gore jaanong batho ba ba nnang teng ba ka nna ba bodiwa ka botlhale gore ba ikutlwa jang gone jaanong.

Faele ya tshimo e tshwanetse go sekasekiwa gangwe ka ngwaga, mme go dirwe lenaane la matlo ao re boleletsweng gore re se ka ra ya kwa go one. Ka kaelo ya molebedi wa tirelo, baboledi bangwe ba ba nang le bokgoni ba ba nang le maitemogelo ba ka nna ba abelwa go etela matlo ano. Ba ka nna ba tlhalosa gore ba tlile go botsa gore a e santse e le mongantlo ene yole yo o nnang foo. Mmoledi o tshwanetse a bo a itse tshedimosetso e e mo bukeng ya Go Fetolana mo ditsebeng 15-24, ka setlhogo se se reng “Kafa O ka Arabelang Ka Gone Bao Ba Ka Nnang Ba Kgoreletsa Puisano.” Fa batho ba arabela sentle, go ka nna ga dirwa maeto a a tlwaelegileng mo nakong e e tlang. Fa mongantlo a santse a gana, a se ka a etelwa go fitlha ngwaga e e latelang. Setlhopha sa bagolwane ba phuthego se ka dira tshwetso mo maemong mangwe fa go tlhokega gore dilo di dirwe ka tsela e nngwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela