Go Batla Batho Ba ba Ka Rutiwang
1 “Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge.” (Joh. 6:44) Jehofa yo o hukutsang dipelo, o tla duela batho ba ba batlang go rutiwa mme ba dira dilo tse ba di ithutang. (Jer. 17:10; Joh. 6:45) Re na le tshiamelo ya go dira mmogo le ene mo go batleng batho ba ba bonolo ba ba eletsang go bona lefatshe le lesha.—Pes. 37:11; 1 Bakor. 3:9.
2 Jesu o ne a tlhalosa barutwa ba gagwe jaaka “batshwara batho.” (Math. 4:19) Lefa ka dinako tse dingwe tiro eo e ka nna bokete, go itumedisa thata fa o bona matswela a mantle. Go na le gore rona ka borona re solegelwe molemo, tota re thusa “ditlhapi” gore di se ka tsa senngwa. Motshwari wa ditlhapi yo o batlang go atlega o tshwanetse gore a itse gore ke eng se se tla gogelang ditlhapi. Ka mo go tshwanang, re tshwanetse gore re bolele molaetsa wa Bogosi ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba rona ba kgatlhege. Re tshwanetse go dira jalo segolobogolo fa re dira maeto a go boela. Ke eng se re ka se buang?
3 Fa e le gore motho o ile a kgatlhegela ditlhogo tse di mo go “Tora ya Tebelo” tse di buang ka bodumedi, o ka nna wa re:
◼ “Mo nakong e e fetileng re ile ra bua ka lebaka la go bo batho ba bantsi ba sa rate go bua ka bodumedi. A ga o akanye gore seno se a gakgamatsa, e re ka bontsi jwa baagisane ba rona ba re ke Bakeresete? Gongwe o ipotsa gore ke ka ntlha yang fa bodumedi bo lere go tlhoka kutlwano e bile go ganetsanwa thata jaana ka bone.” Letela karabo. Bula tsebe ya 72 mo bukeng ya Go Fetolana, mme o tlotle ka dintlha di le mmalwa kafa tlase ga setlhogo se se reng “Ke goreng go na le ditumelo tse dintsi go le kana?”
4 O ka nna wa simolola fela jalo fa o tlotla ka kgang ya bodumedi:
◼ “A go na le tsela nngwe e re ka tlhomamisang ka yone gore re mo bodumeding jwa boammaaruri? [Letela karabo.] Ka go bo go na le ditumelo tse dintsi tse di farologaneng jaana, batho ba le bantsi ba ikutlwa ba tlhakane tlhogo e bile ba etsaetsega.” Bula buka ya Go Fetolana, mo ditsebeng 78-9, koo e tlotlang ka potso e e reng “Motho a ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo e leng jone?” Tlotla ka bokhutshwane ka potso ya bo5, “A maloko a yone a a ratana eleruri?” Tlhalosa ka moo go ka ithutiwang mo go oketsegileng ka gone mo thutong ya Baebele ya motho ka namana.
5 Fa e le gore go bonala mongantlo a tshwenyegile ka maemo a lefatshe, o ka nna wa leka seno:
◼ “O tshwanetse wa bo o tshwenyegile ka maemo a a maswe a re tshwanetseng go lebana le one mo botshelong fa re ntse re godisa malapa a rona. Baebele e bolela ka tsholofetso e e itumedisang e Modimo a tla e diragatsang gautshwane jaana.” Bala Diane 2:21, 22, mme o tlhalose ka moo Jehofa a ileng a solofetsa lefatshe ka teng le le tla nnang le kagiso e e tla nnelang ruri.
6 Fa re dira maeto a go boela ka nako ya fa letsholo la go tsamaisa pampitshana e e kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi le simologile, tsweetswee tlhomamisang gore lo tlogelele beng ba matlo ba ba senang pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e le nngwe. Go tla tlotliwa ka se o ka se buang fa o boela kwa o tsamaisitseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi teng mo tokololong ya May ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.
7 E re ka Lefoko la Modimo le le “tlhaga” re tshwanetse go leka go le dirisa mo dipuisanong tsa rona. (Baheb. 4:12) Tlhomamisa gore o kgothaletsa mongantlo gore a ipalele go tswa mo Baebeleng ya gagwe. (Bapisa Ditiro 17:11.) Fa re dira seabe sa rona ka botlalo, Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona.