Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo”
1 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Timotheo gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Tim. 3:16) E re ka Lefoko la Modimo le tlhotlheleditswe, re na le mabaka a mantsi a go bontsha tumelo mo go lone. Setlhogo sa kopano ya kgaolo ya monongwaga ke “Tumelo mo Lefokong la Modimo.” Thulaganyo eno e tla nonotsha tumelo ya rona mo Baebeleng, go sa kgathalesege gore a re itsile boammaaruri ka dingwaga di le dintsi kana re sa tswa go kopana le phuthego ya ga Jehofa bosheng jaana. Rotlhe re tshwanetse go rulaganyetsa go nna gone mo thulaganyong eno yotlhe. A bo go tlile go kgothatsa jang ne fa batho ba ba sa tswang go kgatlhega, segolobogolo ba re ithutang Baebele le bone, ba nna teng le rona!
2 Kopano ya Malatsi a le Mararo: Monongwaga re rulaganyeditswe kopano ya kgaolo ya malatsi a le mararo gore re solegelwe molemo ke yone. Mo nakong eno lo setse lo itsisitswe ka kopano e phuthego ya lona e abetsweng kwa go yone, e bile o tshwanetse wa bo o setse o dirile dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go nna gone malatsi otlhe a mararo a thulaganyo. A o setse o buisane le mothapi wa gago go kopa nako e o e tlhokang? Fa o na le bana ba ba tsenang sekolo mme kopano ya lona e le ka nako ya fa dikolo di butswe, a o boleletse barutabana ba bone ka bonolo gore bana ba gago ba tla bo ba seyo ka Labotlhano gore ba nne gone mo karolong eno e e botlhokwa ya thapiso ya bone ya bodumedi?—Dute. 31:12.
3 Tsebe 9 ya tsenyeletso eno e na le lenaane la matlha le mafelo a dikopano tse di tlang. Mo godimo ga Seesemane, go tla bo go na le dikopano tse dingwe ka Seburu, Sekwanyama, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu, mme gape le ka Puo ya Diatla kwa mafelong a le mararo. Thulaganyo e tla simolola letsatsi lengwe le lengwe ka 9:30 a.m. mme e konele ka Sontaga mo e ka nnang ka 3:20 p.m.
4 Dira Sentle ka go Tlhwaya Tsebe: Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba tla bo ba dira sentle fa ba tlhokomela lefoko la boporofeti jaaka e kete ke lebone le le phatsimang mo lefelong le le lefifi. (2 Pet. 1:19) Le rona re tshwanetse go dira fela jalo. Go tshela mo lefatsheng le le tsofetseng leno le le laolwang ke Satane go tshwana le go nna mo lefelong le le lefifi. Re itumelela go bo re ile ra ntshiwa go tswa mo lefifing la semoya. (Bakol. 1:13; 1 Pet. 2:9; 1 Joh. 5:19) Go ipoloka re le mo leseding, re tlhoka go boloka tumelo ya rona e nonofile ka go tlhwaela Lefoko la ga Jehofa le le tlhotlheleditsweng tsebe. Kopano ya rona ya kgaolo ya selemo seno e tla re thusa go dira sone fela seo.
5 Go tla re tlhoka gore re dire boiteko fa re batla go reetsa thulaganyo ka kelotlhoko, mme ruri re tla segofalediwa seo. Re tshwanetse go leka go tla lefelong la kopano re ikhuditse sentle gore re tle re kgone go reetsa thulaganyo ka kelotlhoko. Dira gore o bo o le kwa lefelong la kopano go sa ntse go na le nako letsatsi lengwe le lengwe gore o tle o kgone go nna mo mannong a gago pele thulaganyo e simolola. Kopanela mo pineng e e simololang le thapelo fa thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe e simolola. Bagolo ba tshwanetse go tlhoma sekao, mme batsadi ba tshwanetse go thapisa bana ba bone.—Baef. 6:4.
6 Fa re sekaseka ditlhogo tsa dipuo pele ga thulaganyo ya letsatsi e simolola, re ka leka go akanya gore ke dintlha dife tse di ka nnang tsa neelwa ka nako ya thulaganyo eo. Seno se tla godisa kgatlhego ya rona fa dipuo di ntse di neelwa. Re ka nna ra reetsa dintlha tse di tla re thusang go bolelela ba bangwe lebaka la go bo re dumela mo Modimong le mo tsholofetsong ya gagwe e e tlhomameng ya gore o tla duela ba ba mmatlang ka tlhoafalo. (Baheb. 11:1, 6) Go akantshitswe gore re kwale dintlha tse di khutshwane go re thusa go gakologelwa dintlha tse di botlhokwa tsa thulaganyo. Fa re kwala dintlha tse dintsi thata, re ka nna ra latlhegelwa ke dintlha dingwe tsa konokono ka gonne re tshwaregile ka go kwala.
7 Ngogola go ile ga tlhokomelwa gape bagolo le basha ba le bantsi ba ba tsamayatsamayang fela mo diphashiting, ba tsamaya kwa ntle, le go etela ba bangwe fa thulaganyo e ntse e tsweletse, go na le gore ba reetse se “motlhanka yo o botlhale le yo o bonokopela” a se re baakanyeditseng gore re solegelwe molemo. Jesu o solofeditse go re naya dijo tsa semoya ka nako e e siameng. (Math. 24:45-47) Ka jalo, re tshwanetse go nna gone gore re solegelwe molemo ke dijo tseo mme re se bontshe moya wa go sa anaanele. (2 Bakor. 6:1) Go bonala gape gore fa bana bangwe ba khidiega, gantsi ba dira seipato sa go ya kwa ntlwaneng ya boithomelo gore ba tle ba kgone go ema le go tsamayatsamaya. Go thapisa bana sentle kwa gae gantsi go tla dira gore ba se ka ba ya kwa matlwaneng a boithomelo kgapetsakgapetsa. Ka dinako tse dingwe, basha ba ba godileng ba dula ba le mmogo ba le bosi kwa kgakala, ba tlotla, ba sebaseba e bile ba neelana makwalo. Basha ba rona, ba ba lebaneng le dikgatelelo tse dintsi gompieno, ba tlhoka go reetsa ka kelotlhoko dipuo tse di neelwang, e seng gore ba bo ba dira dilo tse dingwe fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Dikeletso tsa bosha tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele di tshwanetse go tilwa. (Bapisa 2 Timotheo 2:22.) Fa rotlhe re reetsa ka kelotlhoko, bagolo le basha, re tla tlotla Jehofa le go mo itumedisa.
8 Fa go tlhokega gore mongwe wa balebedi a neye mongwe kgakololo malebana le dintlha tseno, e tshwanetse go amogelwa jaaka selo se re se neilweng ka lorato ke Jehofa. (Bagal. 6:1) Botlhe ba tshwanetse go gakologelwa gore lebaka la go bo re leka go nna gone kwa kopanong ke gore re ‘utlwe le go ithuta.’ (Dute. 31:12) Gape, ‘motho yo o botlhale o tla utlwa, a totafale mo go ithuteng.’ (Dia. 1:5) Mo nakong e e setseng pele ga lo ya kopanong, tlotla le ba lelapa la gago ka botlhokwa jwa gore lo dule mmogo, lo nne fa fatshe fa thulaganyo e ntse e tsweletse le go reetsa ka kelotlhoko, gore lo solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo.
9 Moaparo o o Itumedisang Jehofa: Batho ba ga Jehofa ba tlhomilwe matlho ke lefatshe lotlhe. (1 Bakor. 4:9) Gantsi re elwa tlhoko ka ntlha ya moaparo wa rona o o siameng le go ipaakanya sentle mo mmeleng. Go dirisa melaometheo ya Dikwalo e e fitlhelwang mo go 1 Timotheo 2:9, 10 le mo go 1 Petere 3:3, 4 go ile ga dira gore ba le bantsi ba fetole tsela e ba lebegang ka yone fa e bapisiwa le tsela e ba neng ba lebega ka yone fa ba simolola go kopanela le phuthego ya Bokeresete. Seno se farologane thata le tsela ya go apara le ya go ipaakanya e e nnang e ntse e senyegela pele e re e bonang mo lefatsheng. Re batla go ikela tlhoko gore re se ka ra tshwana le lefatshe ka tsela e re lebegang ka yone—re apara diaparo tse di duleng mo tseleng, re tsweletsa pele difeshene tsa lefatshe tsa go ipaakanya moriri kana re apere ka tsela e e seng bori. Moaparo wa rona o o tlhomang sekao le tsela e re ipaakanyang mo mmeleng ka yone e tshwanetse go thusa ba ba simololang go nna gone kwa kopanong go bona gore Bakeresete ba tshwanetse go ipaakanya jang.
10 Le fa gone dikopano tsa ngogola di dirile gore ka kakaretso re lejwe ka tsela e e molemo, bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba sa ntse ba na le bothata jwa go apara jaaka lefatshe segolobogolo ka nako ya fa ba ikhuditse morago ga thulaganyo. Fa re ntse re dira dithulaganyo tsa go nna gone kwa kopanong, re tshwanetse go tlhatlhoba tsela e re aparang ka yone le e re ipaakanyang ka yone mo mmeleng. Batsadi, elang tlhoko ka botlhale gore bana ba lona ba bannye le basha ba tla bo ba apere eng. Tlhomamisang gore ditaele le difeshene tsa lefatshe ga di senye tsela e re lebegang ka yone jaaka Bakeresete.
11 Nnang le Boitshwaro jo Bontle: Boitshwaro jo bontle ke letshwao la Bakeresete ba boammaaruri. (1 Pet. 2:12) Tsela e re itshwarang ka yone gongwe le gongwe kwa re leng gone—kwa kopanong, kwa resetšhuranteng le mo dihoteleng, le fa re le mo loetong—e ka neela bosupi jo bo molemo le go thusa ba bangwe go bona gore tumelo mo Modimong le mo Lefokong la gagwe e ka direla batho eng. Seno se ka tlhotlheletsa bangwe go ithuta ka Jehofa. (Bapisa 1 Petere 3:1, 2.) Re na le tshiamelo ya go galaletsa Modimo ka boitshwaro jwa rona. Batsamaisi ba hotele nngwe kwa Alabama, U.S.A., ba ne ba bolela gore baeng ba rona ke “setlhopha se se siameng le se se molemo go feta dipe fela tse ba di amogelang.” Ba ne ba oketsa jaana: “E tla bo e le tshiamelo go lo amogela gape mo isagweng.” Ofisi ya dikopano le baeti kwa bokonebophirima jwa United States e ne ya kwala jaana: “Ngwaga mongwe le mongwe, batho ba lefelo la rona ba nna ba letetse konferense ya Mokgatlho wa Watchtower ka tlhagafalo. Maloko a lona a itumedisa tota; ba itshwara ka maitseo le ka tlotlo e kgolo. Borakgwebo ba rona ba lemoga seno mme ngwaga le ngwaga ba itumelela go boa gape ga ‘ba lelapa’ ba e leng baeti ba bone.” Go a itumedisa go bala dipego tse di ntseng jaana, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, re tlhoka go nna re ntshitse matlho dinameng gore re boloke leina le lentle la batho ba ga Jehofa.
12 Gakologelwa gore go a tshwanela go naya batho ba ba re direlang ditiro dingwe madinyana a tebogo, segolobogolo e re ka ba le bantsi ba ba direlang batho botlhe, ba ba ntseng jaaka batlhokomedi ba banna le ba basadi, batho ba ba phepafatsang, batho ba ba kaelang baeti kwa dikamoreng tsa bone le go ba rwalela merwalo ya bone, gantsi ba itshedisa ka madinyana a tebogo a ba a fiwang. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re batla go bontsha maitseo le mo ntlheng eno.—Bona Tsogang! ya June 22, 1986, ditsebe 24-7 (ka Seesemane).
13 Go Duelela Ditshenyegelo Tsa Kopano: Rotlhe re tlile go duela madi fa re ya kopanong. Go na le ditshenyegelo tse dingwe gape tse re tshwanetseng go di akanyetsa. Mafelo a a dirisetswang dikopano a ja madi a le mantsi. Gape go na le ditshenyegelo tse dingwe tse di tshwanetseng go duelelwa. Meneelo ya rona e re e ntshang ka go rata kwa dikopanong e anaanelwa thata.—Dit. 20:35; 2 Bakor. 9:7, 11, 13.
14 Manno: Dikaelo tse di ntseng di neelwa ka dingwaga di le mmalwa di tla nna di ntse di dira, e leng, MANNO A KA BOLOKELWA FELA BA LELAPA LA GAGO LE BAPE FELA BA BA KA TSWANG BA TSAMAYA LE WENA MO KOLOING. Go a itumedisa go bona gore ba le bantsi ba ntse ba latela dikaelo tseno mo dingwageng tse di fetileng, mme seno se oketsa moya wa lorato o o bontshiwang kwa dikopanong. Mo mafelong a le mantsi manno a kgona go bonwa motlhofo go na le mo go a mangwe. Tsweetswee akanyetsa ba bangwe, mme o tlogelele ba maemo a bone a ba tlhokang go dirisa manno a a ka fitlhelelwang motlhofo manno ao.
15 Dikhemera Tsa Ditshwantsho le Tsa Bidio le Didirisiwa Tsa go Rekota Mantswe: Dikhemera le didirisiwa tse di rekotang di ka nna tsa dirisiwa kwa dikopanong. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go di dirisa ka tsela e e tla itayang ba bangwe tsebe ba ba reeditseng. Ga re a tshwanela go tsamayatsamaya ka nako ya thulaganyo re tsaya ditshwantsho, e re ka seo se ka itaya ba bangwe tsebe ba ba lekang go reetsa thulaganyo. Didirisiwa tsa mofuta ope fela tsa go rekota ga di a tshwanela go gokelelwa mo motlakaseng kana mo sedirisiweng sa go godisa mantswe, e bile didirisiwa tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go tswala ditselana kana mo go fetwang teng kana tsa sira ba bangwe.
16 Thuso ya Potlako: Lephata la Thuso ya Potlako ke la maemo a tshoganyetso fela. Ga se la go alafa malwetse a a nnetseng ruri. Ke ka moo o tshwanetseng go akanyetsa go sa le gale gore botsogo jwa gago le jwa ba lelapa la gago bo tlhokang. Tsweetswee itlisetseng di-aspirin tsa lona melemo ya go fodisa mala, difapo, dipelete le dilo tse di tshwanang le tseo, e re ka dilo tseno di se kitla di nna gone kwa kopanong. Batho bape fela ba ba nang le go karalala, go idibala ka ntlha ya go nna le sukiri e ntsi mo mmeleng, bolwetse jwa pelo, jalo le jalo, ba tshwanetse go tlhokomela ditlhokafalo tsa bone. Ba tshwanetse go nna le melemo e ba tla e tlhokang, mme mongwe wa ba lelapa kana wa phuthego yo o tlhaloganyang maemo a bone o tshwanetse go nna le bone ka dinako tsotlhe go ba neela thuso fa ba e tlhoka. Go ile ga nna le mathata kwa dikopanong fa batho ba ba nang le malwetse a a nnetseng ruri ba ne ba tlogelwa ba le bosi mme ba bo ba lwala. Batsamaisi ba kopano ba ne ba tshwanela gore ba bitse tirelo ya potlako go ba isa kwa dikokelong. Fa bangwe ba na le botsogo jo bo tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng mme ba se na ba lelapa ba ba ka ba thusang, bagolwane ba phuthego ya bone ba tshwanetse go bolelelwa ka boemo jono mme ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang gore ba ba thuse. Ga go kitla go baakanngwa diphaposi tse di kgethegileng kwa kopanong gore ba ba nang le dilo dingwe tse di ba lwatsang ba nne mo go tsone.
17 Dijo Kwa Kopanong: Go bo go sa tlhole go na le ditirelo tsa dijo kwa dikopanong go ile ga dira gore ba bantsi ba kgone go tlhoma mogopolo mo dijong tsa semoya ba sa tshwarega fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Fa e sa le thulaganyo eno e simololwa, ba le bantsi ba ile ba bolela fa ba anaanela thata go bo dilo di tlhofofaditswe jaana. Botlhe ba tshwanetse go rulaganya go itlisetsa dijo tsa motshegare tse di motlhofo, tse di otlang mmele, tse di jaaka tse di akantshitsweng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1995, serapa 26. Ga go a tshwanelwa ga tliwa ka dinwelo tsa galase le dinotagi dipe kwa lefelong la kopano. Dikhulara tsa dijo di tshwanetse go nna tse dinnye tse di ka kgonang go tsena ka fa tlase ga setulo sa gago. Go ilwe ga bonwa bangwe mo bareetsing ba ja le go nwa fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Seno ga se go bontsha tlotlo. Koo go nang le lefelo le batho ba dikgwebo ba rekisang dijo gone, mo teng ga lefelo la kopano kana kwa ntle, bakaulengwe bangwe ba ile ba bonwa ba reka mo bathong bano fa thulaganyo e ntse e tsweletse pele. Ga re a tshwanela go dira jalo.
18 Eleruri re anaanela mokete wa rona wa semoya le moya o o ritibetseng wa kagiso wa go kopana mmogo o o nnang gone ka nako e khutshwane ya boikhutso jwa motshegare. Ka go dira go dumalana le maikaelelo a thulaganyo eno, tsweetswee itlele ka sengwe sa go ja go na le gore o tswe mo lefelong la kopano ka nako ya boikhutso jwa motshegare go ya go reka dijo. Fa o dira jalo, o tla nna le nako e ntsi go itumelela go nna le bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi.
19 A bo re itumela jang ne gore mo nakong e khutshwane Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Tumelo mo Lefokong la Modimo” di tla bo di simolola! Rotlhe re batla go tlhomamisa gore re dirile dithulaganyo tsa go nna gone mo thulaganyong yotlhe, gore re itumelele mokete otlhe o o monate wa semoya o Jehofa a re baakanyeditseng one ka phuthego ya gagwe. Ka tsela eo re tla bo re “tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng” mo malatsing a a tlang.—2 Tim. 3:17.
[Box on page 6]
Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo
Kolobetso: Bayakolobetsong ba tshwanetse go bo ba le mo ditulong tse ba di beetsweng pele thulaganyo e simolola ka Matlhatso mo mosong. Mongwe le mongwe yo o rulaganyetsang go kolobediwa o tshwanetse go tla ka diaparo tsa go sapa tse di bori le toulo. Mo nakong e e fetileng bangwe ba ile ba apara diaparo tse di se nang seriti le tse di sa tshwanelang tiragalo eo. Bagolwane ba ba sekasekang dipotso tse di mo bukeng ya Bodiredi jwa Rona le bayakolobetsong ba tshwanetse ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tlhaloganya dintlha tseno. Fa puo ya kolobetso e sena go fela le fa sebui se sena go rapela, modulasetulo wa thulaganyo o tla bolela pina e e tla opelwang. Morago ga mola wa bofelo, batlhokomedi ba tla kaela bayakolobetsong kwa ba tla kolobeletswang teng. Go kolobediwa e le fa o tshwantshetsa boineelo jwa motho ke kgang ya gago ka namana fa gare ga gago le Jehofa. Ka jalo, ga go a tshwanela gore bayakolobetsong ba tlamparelane kana ba tshwarane ka diatla fa ba kolobediwa. Dibetšhe: Tsweetswee kopela betšhe ya 1997 ka dinako tsotlhe fa o le kwa motseng wa kopano le fa o ya le fa o boa kwa go yone. Gantsi seno se dira gore re kgone go neela bosupi jo bo molemo. Dibetšhe le ditshegetsi tsa tsone di tshwanetse go rekwa ka phuthego, e re ka di tla bo di seyo kwa kopanong. O se ka wa leta go fitlhela go setse malatsi a le mmalwa pele ga kopano e bo e le gone o kopang dikarata tsa gago le tsa ba lelapa la gago. Gakologelwa go tshola karata ya gago ya bosheng ya Advance Medical Directive/Release.
Marobalo: Re kopa gore mongwe le mongwe a dirisane mmogo le Lephata la Marobalo. Bakwaledi ba phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba romele diforomo tsa Room Request kwa atereseng e e tshwanetseng ya kopano ka bofefo. Fa o sa tlhole o tla robala kwa marobalong a o a rulaganyeditsweng ke Lephata la Marobalo, o tshwanetse wa itsise ka bonako motho yo o neng a go amogetse kana hotele le Lephata la Marobalo la kopano gore marobalo ao a newe motho yo mongwe.
Dipina: E re ka go opela e le karolo ya kobamelo ya rona, re kgothaletsa botlhe gore ba ithute dipina tse di latelang tse di tla bong di dirisiwa mo thulaganyong: 155, 46, 138, 183, 43, 180, 156, 130, 13, 98, 164, 160, 195, 144, 77, 4, 191, le 10.
Dikolotsana Tsa Bana (Diporeme): Lephata la Molelo le akantsha gore di se ka tsa tlisiwa mo holong di bo di bewa mo diphasiking kana fa gare ga mela ya ditulo. E re ka batho ba bantsi ba ka kgotlhagana, dikolotsana tsa bana di ka nna kotsi thata e seng mo maseeng fela mme le mo bathong ba ba ka di kgopang. Ka jalo, tsweetswee lo se ka lwa tla le tsone mo holong. Ditulo tsa masea kana tse ba nnang mo go tsone mo koloing di a letlelelwa, e re ka di ka bofelelwa mo ditulong tse di fa thoko ga tse batsadi ba leng mo go tsone. Tirisanommogo ya lona e botlhokwa e bile e a anaanelwa.
Tirelo ya Boithaopo: A o ka beela nako kwa thoko kwa kopanong gore o tle o thuse mo lephateng lengwe? Go direla bakaulengwe ba rona, le fa e ka nna ka diura di le mmalwa fela, go ka thusa thata e bile go ka dira gore o kgotsofale. Fa e le gore o ka kgona go thusa, tsweetswee itlhagise kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse 16 le bone ba ka thusa thata fa ba dira ba tlhokometswe ke motsadi kana mogolo mongwe yo o ka kgonang go ba tlhokomela sentle. Tlhagiso: Nna o ntshitse matlho dinameng go bona mathata a a ka tlhagang gore o tle o kgone go tila mathata a a sa tlhokegeng. Gantsi magodu le dinokwane a tlhasela batho ba ba seng mo mafelong a ba a tlwaetseng. Tlhomamisa gore o lotlele koloi ya gago ka dinako tsotlhe, mme le ka motlha o se ka wa tlogela sepe se bonala gore se raele motho go go thubela. Magodu le bakgothotsi ba rata dikokoano tse dikgolo. Ga go botlhale go tlogela dilo tse di botlhokwa mo setulong sa gago. Ga o ka ke wa tlhomamisega gore batho botlhe ba ba gaufi le wena ke Bakeresete. Ke eng fa o ba raela? Go ile ga begwa gore batho bangwe ba ba tswang kwa ntle ba ile ba hepisa bana gore ba tsamaye le bone. DIRA GORE O BONE GORE BANA BA GAGO BA FA KAE KA DINAKO TSOTLHE.