Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
1 Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, Moshe o ne a ba kopa gore ba anaanele thuto ya Modimo. O ne a ba raya a re: “Ga se lefela mo go lona; ka ke botshelo jwa lona.” (Dute. 32:45-47) A ga re leboge Jehofa go bo a tsaya matshelo a rona a le botlhokwa thata le go bo a tswelela pele a re kaela ka Lefoko la gagwe le le botlhokwatlhokwa? Ka gone re lebeletse pele kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti” ya malatsi a mararo le se Jehofa a re baakanyeditseng sone.
2 Monongwaga, dikopano tsa kgaolo di rulagantswe gore di tshwarwe mo ditoropong tse di leng gaufi tsa Afrika Borwa le mo dinageng tse di ka fa tlase ga lekala la Afrika Borwa. Mo godimo ga Seesemane, thulaganyo ya kopano e tla bo e tshwerwe ka Seburu, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu le Puo ya Diatla kwa mafelong a mararo.
3 Ga go na pelaelo gore o setse o dirile dithulaganyo tsa go nna gone kwa kopanong letsatsi le letsatsi ka gonne o dumela gore Jehofa o lebeletse gore o nne gone. Tlhomamisega gore o bona maiteko a motho mongwe le mongwe le go intsha setlhabelo go batlhanka ba gagwe ba go dirang gore ba nne gone, mme o ba gakologelwa ka kanaanelo. (Baheb. 6:10) Ka go nna gone letsatsi lengwe le lengwe la kopano go tloga ka pina e e simololang go fitlha ka thapelo e e konelang, re a bo re bontsha Jehofa gore re tsaya mafoko a a re bolelelang one a le botlhokwa. (Dute. 4:10) Gape re bontsha gore re anaanela tiro e kgolo e bakaulengwe ba rona ba bantsi ba e dirang go baakanyetsa kopano.
4 Go baakanyetsa diketekete tsa batho ba Modimo gore ba kokoane kwa lefelong lengwe le lengwe la kopano go tlhoka gore go rulaganngwe go sa le gale le gore go baakanyediwe sentle. Go itse gore dithulaganyo tsa kopano di dirilwe ka lorato go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dirisane mmogo, e le gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Tshedimosetso le dikgakololo tse di latelang di diretswe gore o goroge kwa kopanong o ipaakanyeditse sentle go itumelela dijo tsa semoya le botsalano jwa Bokeresete.
Pele ga Kopano
5 A batho ba o ba rutang Baebele le ba bangwe ba ba kgatlhegang ba tlhoka go thusiwa go dira dithulaganyo tsa gore ba nne gone kwa kopanong? Se ba se bonang le se ba se utlwang fa ba le koo se ka nna sa ba tlhotlheletsa go nna baobamedi ba ga Jehofa. (1 Bakor. 14:25) Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko motho ope fela yo o batlang go thusiwa ka marobalo kana dipalangwa, segolobogolo maloko a a godileng a phuthego, le go tlhomamisa gore ba direlwa dilo tse ba di tlhokang ka lorato.—Bagal. 6:10.
6 A o konoteletse go dira dithulaganyo tsa gago tsa marobalo? Fa o ya go nna kwa hoteleng, a kopo ya gago ya marobalo e setse e amogetswe? Diforomo dipe tsa Room Request tse di saenilweng ke Komiti ya Tirelo ya Phuthego, gone jaanong di tshwanetse tsa bo di setse di rometswe ke mokwaledi wa phuthego kwa atereseng e e tshwanetseng ya kopano. Fa o setse o neetswe marobalo, e ka tswa e le kwa hoteleng kana kwa legaeng lengwe, mme o batla go a fetola, tsweetswee itsise Lephata la Marobalo mo kgaolong ya lona ka bonako gore marobalo ao a neelwe ba bangwe. Aterese le dinomoro tsa founo di ka bonwa kwa mokwaleding wa phuthego.
7 Fa o batla tshedimosetso malebana le kopano epe fela, mokwaledi wa phuthego a ka go neela aterese ya lefelo leo. Tsweetswee o se ka wa founela kana go kwalela batsamaisi ba mafelo a dikopano.
8 E re ka Lephata la Thuso ya Potlako kwa kopanong le diretswe go thusa mo maemong a tshoganyetso fela, re akantsha gore o itlele di-aspirin, difapo, dilo tse di thusang go hema, melemo ya mala, le tse di tshwanang le tseo kwa kopanong fa o bona gore o ka nna wa di tlhoka. Fa e le gore wena kana moratiwa wa gago o na le bolwetse jo bo masisi, jo bo jaaka bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa sukiri, kana go ngatega, tsweetswee o tle o tshotse melemo e e tlhokegang kwa kopanong gore o itlhokomele jaaka fa o le kwa gae kana fa o le mo malatsing a boikhutso. Go tla bo go le botlhale gore leloko lengwe la lelapa kana tsala e e gaufi thata e e tlhaloganyang seemo seno e nne le motho yono ka dinako tsotlhe, ka gonne ke ene yo o ka kgonang go mo thusa ka tsela e e tlhokegang.
9 Go ka nna ga tlhaga ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo fa o ntse o ya kwa kopanong le fa o boa. A o tla bo o ipaakanyeditse go abela ba bangwe boammaaruri? Rotlhe, go akaretsa le bana ba bannye, re ka nna le seabe ka go tsamaisetsa barekisi ba peterolo dipampitshana, batho ba go duelwang madi a tselakgolo mo go bone, le batho ba bangwe ba re kopanang le bone fa re ntse re tsamaya. Go tla nna le ditshono tsa go tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dimakasine, diboroutšhara, kana dibuka tse dingwe. Nna o ipaakanyeditse go neela batho bosupi jo e seng jwa tlwaelo ba ba ka tswang ba sa fitlhelelwe fa go rerwa ka tsela e e tlwaelegileng.
Ka Nako ya Kopano
10 Dikgoro di tla bulwa kwa lefelong la kopano ka 7:30 a.m. letsatsi le letsatsi. Manno a ka beelwa fela ba lelapa la gago kana ba o tsamayang le bone ka koloi. Ditulo tse di ka fitlhelelwang motlhofo di tla beelwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, mme go na le mafelo a a tla tlogelelwang batho ba ba golafetseng le ba ba tsamayang ka ditulo tsa maotwana. Ga go kgonege gore batho ba ba nang le malwetse a a amanang le tikologo e e rileng kana ba ba ilwang ke dilo dingwe mo mmeleng ba beelwe mafelo a a kgethegileng. Letsatsi le letsatsi fa o tswa mo o dutseng teng, tsweetswee tlhomamisa gore o tsere dilwana tsa gago tsotlhe.
11 Gore re kgone go phuthega re le bantsi kwa dikopanong tsa rona tsa kgaolo, re tshwanetse go tsamaisana le melao ya mo lefelong leo, melawana ya molelo le dilo tse dingwe tsa tshireletso. Ka gone, ga re a tshwanela go tsena ka diporeme le ditulo tsa kwa ntle mo kagong e re kopanelang mo go yone. Di ka kgopa batho fa go tsamaiwang teng kana fa gare ga mela ya ditulo. Fa go kgonega, Komiti ya Kopano e tla batla lefelo le le kwa thoko la diporeme. Le fa go ntse jalo, ditulo tse bana ba nnang mo go tsone mo koloing tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga sa batsadi e bile go kgonega gore se bofelelwe di a letlelelwa. Tsweetswee utlwang ditaelo tsa batlhokomedi tsa gore go ntshiwe dilo mo go fetiwang teng.
12 A o tlile go kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo? Mo thulaganyong ya Matlhatso ya mo mosong, go tla bo go na le karolo e bayakolobetsong ba tla bong ba beetswe ditulo mo go yone, mme batlhokomedi ba tla go isa kwa ditulong tseno. Fa go kgonega, tsweetswee o nne teng pele thulaganyo e simologa. O tle le Baebele ya gago, buka ya dipina, toulo le seaparo sa go thuma se se bori. Dibokate tse di kgaotsweng, dikipa tse di kwadilweng, le diaparo tse di tshwanang le tseo ga di a tshwanela tiragalo e e ntseng jalo e e tlotlegang. Bagolwane ba ba boeletsang dipotso le bayakolobetsong mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe ba tshwanetse go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tlhaloganya dintlha tseno. E re ka kolobetso e le letshwao la gore motho o ineetse mo go Jehofa Modimo ka namana, go tla bo go sa tshwanela gore bayakolobetsong ba tshwarane ka diatla fa ba kolobediwa.
13 Lo ka dirisa dikhemera, dibidio le didirisiwa tsa go rekota kwa kopanong. Le fa go ntse jalo, fa di beilwe kana di dirisiwa di se ka tsa tswala ditselana, tsa sira ba bangwe, kana tsa itaya ba bangwe tsebe ba reeditse thulaganyo. E tshwanetse ya bo e le tse di sa tlhokeng go gokelelwa mo motlakaseng kana mo sedirisiweng sa go godisa mantswe. Basupi ba sekae ba ile ba tla mo kopanong ka dikhemera le difilimi ka boikaelelo jwa go dira kgwebo ya go tsaya dinepe. Re ka se kgone go lemoga gore ke mang yo o dirisetsang khemera ya gagwe go bona madi le gore ke mang yo o sa direng jalo. Ka gone, Mokgatlho o kopa ba ba kileng ba dira jalo mo nakong e e fetileng go tlogela seo. Gakologelwa, lefelo la kopano ke la kobamelo ka nako ya kopano mme ga re a tshwanela go buisana ka tsa kgwebo koo. Go thusa go fedisa mokgwa ono, batlhokomedi ba laetswe go tlhokomela gore go se ka ga nna le batho ba ba yang gaufi le serala.
14 Jaaka go dirisiwa ga difouno tsa selula le di-pager go ntse go gola, tsweetswee o ele tlhoko gore didirisiwa tseno ga di go kgoreletse go reetsa thulaganyo kana go itaya ba ba ntseng gaufi le wena tsebe. Didirisiwa tseno ga di a tshwanela go lela fa o ntse le bareetsi. Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso, itsise motlhokomedi yo o gaufi ka bonako. Ba rutilwe tsela e ba ka dirisanang le maemo a tshoganyetso ka yone. Ba ba tla founang fa go na le maemo a tshoganyetso e tshwanetse go nna ba ba laetsweng ke batsamaisi ba kopano, e seng batho bape fela ka difouno tsa selula.
15 E le go boloka nako le go dira dilo motlhofo, Mokgatlho o re kopile gore re itlele dijo kwa kopanong mo letsatsing lengwe le lengwe. Bakaulengwe ba bantsi ba ile ba latela kaelo eno mme ba fitlhetse gore fa ba ya kwa nakong ya boikhutso ya motshegare, ba kgona go nna le ba malapa a bone mme ba je se ba tlileng le sone mo letsatsing leo. Ba bantsi ba boletse gore ba itumelela sebaka sa go itapolosa ka nako ya boikhutso ya motshegare le go dirisa nako e ntsi ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Seno se tlhoka gore go rekwe dijo le dino go sa le gale le go di tsenya mo selwaneng se sennye kana mo khulareng e e ka kgonang go tsena ka fa tlase ga setulo. Re kopa gore botlhe ba ba leng gone ba latele taelo eno. Go lemogilwe gore bakaulengwe ba bangwe ba tswa mo lefelong la kopano ba ya go reka dino le aesekerimi mo barekising ba mmila dithulaganyo di ntse di tsweletse. Re tshwanetse ra tlhoma mogopolo mo thutong ya semoya. Gape, morago ga dithulaganyo, mela e meleele e e yang kwa barekising bano kwa dikgorong e dira gore go pitlagane. Ka gone, re kopa gore mongwe le mongwe a leke go itlela dijo le dino kwa kopanong letsatsi le letsatsi go na le go reka mo barekising ba mmila. Batho ba ba kgatlhegang ba o tlang le bone kwa kopanong le bone ba tshwanetse go itlela dijo. Dinwelo tsa digalase le dinotagi ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.
16 A o ka ithaopela go thusa go phepafatsa lefelo leno morago ga dithulaganyo tsa letsatsi lengwe le lengwe? Kana a o ka bereka mo go lengwe la maphata a mangwe a kopano? Fa o ka kgona go thusa, tsweetswee tla kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16 ba ka thusa fa ba dira le motsadi kana mogolo mongwe yo o ka kgonang go ba tlhokomela. Gone mme, mongwe le mongwe a ka thusa go phepafatsa lefelo ka go tlhomamisa gore o sela matlakala le go a latlhela mo go tshwanetseng.
17 Re amogetse dikaelo tse di molemo tse di malebana le tsela e re tshwanetseng go apara le go ipaakanya mo mmeleng ka yone kwa dikopanong tsa rona. Ka sekai: Re na le kaelo e e malebana le kgang eno mo ditsenyeletsong tsa rona tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, re na le ditshwantsho le dinepe mo dibukeng tsa rona, mme se se botlhokwa thata, re na le se Jehofa a se buang mo Baebeleng. (Bar. 12:2; 1 Tim. 2:9, 10) Batho ba itse gore re bomang le lebaka la go bo re kokoane mo motseng wa bone. Ka gone, moaparo wa rona le go ipaakanya mo mmeleng go neela bosupi jo bo nonofileng ka bogone. Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba tlhoma sekao se sentle mo ntlheng eno. Le fa go le jalo, gangwe le gape re bona bangwe ba ba nnang gone kwa dikopanong tsa rona ba bontsha moya wa lefatshe ka moaparo le go ipaakanya ga bone. Diaparo tse di bontshang mmele, tse di jaaka diaparo tse di bulegileng, mesese le dikete tse dikhutshwane, mesese e e se nang matsogo, le diaparo tsa disiliti tse ditelele, di dira gore batho ba belaele motho yo o ipolelang gore ke motho wa semoya. Go lebega ka tsela e e bori, e e phepa, e ntle ke gone mo go itumedisang thata. Ka gone, ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go ela tlhoko se ba malapa a tsone ba rulaganyang go se apara. Seno se tla akaretsa le fa re se mo lefelong la kopano. Ba ba tla bong ba na le dikabelo mo thulaganyong, le bone ba tshwanetse go ela tlhoko moaparo wa bone. Go kopela dibetšhe tsa rona pele ga dithulaganyo tsa letsatsi le morago ga tsone le gone go re amanya le Jehofa le batho ba gagwe ba ba phepa.—Bapisa Mareko 8:38.
18 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa go lemoga gore “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya ngwanyana” le gore “ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Dia. 22:15; 29:15) Fa dithulaganyo di tsweletse, Basupi ba babotlana ba ba se nang yo o ba tlhokometseng ba ile ba itaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lekang go solegelwa molemo ke thulaganyo tsebe. Mo dikopanong tsa ngogola, go ne go swabisa go bona batho ba bantsi—bagolo le basha—ba tsamayatsamaya gongwe le gongwe e bile ba ya kwa matlwaneng go sa tlhokege fa dithulaganyo di ntse di tsweletse. Mo mabakeng a mangwe ba ne ba nna bogale e bile ba tlhokomologa batlhokomedi fa ba ba kopa go nna fa fatshe. Gape, basha ba sekae ba ne ba tsamayatsamaya mo lefelong la kopano le go tshwaratshwara ditimamolelo le mo mathompo a go tima molelo a bewang gone. Motsamaisi mongwe wa lengwe la mafelo a kopano a Afrika Borwa o ne a kopa Mokgatlho go baya batlakopanong leitlho thata e re ka batho ba ne ba tsamaya mo dikagong tse di neng di sa hirisediwa Mokgatlho. E ne e le la ntlha go kopiwa selo se se ntseng jalo mme seno se dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewe ba na le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong. Go phepafetse gore basha bano ba ne ba sa solegelwe molemo ke thulaganyo ya semoya e ba neng ba e baakanyeditswe. E re ka batsadi ba ikarabela mo go Jehofa ka boitshwaro jwa bana ba bone, mmè kana rre a ka tlhomamisa gore bana ba itshwara sentle le gore ba reeditse thuto ya ga Jehofa fa fela ba ntse fa thoko ga bone. Ka gone, batlhokomedi ba tla atamela ope fela yo o itayang batho tsebe, ba ba tshwaratshwarang didirisiwa, kana ba ba tsamayatsamayang mme ba ba kope go tlogela go dira jalo, ba ba kopa ka moya o montle gore ba reetse thulaganyo.
19 E re ka re amogela batho botlhe kwa dikopanong tsa rona, go botlhale go tlhokomela bana le dilwana tsa rona. Bana ba rona ke mpho e e botlhokwa e e tswang kwa go Jehofa. Mme re itse gore lefatshe leno le bontsha moya wa bolalome wa ga Satane. Ka gone, tsweetswee ka dinako tsotlhe lo nne lo itse kwa bana ba lona ba leng teng. Gape, lo tshwanetse go nna lo tshotse dikhemera, dibeke, le dilo tse dingwe tse di botlhokwa ka dinako tsotlhe mme lo se ka lwa di tlogela mo ditulong tsa lona. Tlhomamisa gore o lotletse koloi ya gago, mme o tsenye dilwana tsa gago mo butung kana o tsamaye le tsone. Seno se ka se dire gore motho a raelesege go go thubela koloi.
20 Lephata la Marobalo le le mo kgaolong ya lona le ka rata go go thusa fa go ka tlhaga mathata a marobalo kwa hoteleng kana a o a neetsweng. Tsweetswee itsise Lephata la Marobalo ka mathata ape fa o sa ntse o le kwa kopanong. Bakaulengwe ba tla itumelela go go thusa go rarabolola kgang eo gore o tswelele pele o itumelela kopano. Gape, malebana le marobalo, tsweetswee ela tlhoko dilo tse di latelang:
▪ Tsweetswee ela tlhoko dinako tsa go tsena le tsa go tsamaya mo hoteleng e o nnang mo go yone. Fa o ka kopa go sa le gale, dihotele di ka nna tsa go letlelela go tsena go sa le gale kana go tsamaya thari.
▪ Gantsi ditirelo tsa thelebishene le tsa dibidio tse di leng mo dihoteleng di na le ditšhanele tse di bontshang dithulaganyo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Fa o ka kopa, bontsi jwa dihotele di ka tswala ditšhanele tseno kana dithulaganyo tse di rileng mo kamoreng ya gago ka nako e o tla bong o le mo go yone ka yone. Fela jaaka kwa gae, laola tsela e bana ba gago ba lebang thelebishene ka yone.
21 Go a kgothatsa go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwala dintlha fa dithulaganyo tsa kopano di tsweletse. Dintlha tse dikhutshwane di tla go thusa go tlhoma mogopolo le gore o gakologelwe dintlha tsa konokono. Go boeletsa dintlha tsa gago moragonyana le ba lelapa la gago kana ditsala go tla go thusa go tlhatlhanya ka dintlhakgolo tsa kopano gore o se ka wa di lebala.
22 Ka metlha batho ba ga Jehofa ba nna ba bontsha bopelotshweu malebana le go ntsha meneelo ya dilo tse di direlwang puso ya Modimo. (Ekes. 36:5-7; 2 Ditir. 31:10; Bar. 15:26, 27) Meneelo ya gago ya boithaopo e dirisediwa go duelela ditshenyegelo tse di amanang le go hiriwa ga dikago tse dikgolo tse go tshwarelwang dikopano mo go tsone. Fa o batla go ntsha moneelo wa gago ka tšheke, tsweetswee kwala gore e duele “Watch Tower Convention.” Gantsi go phaka koloi kwa kopanong go ntshetswa moneelo o o rileng. Bakaulengwe ba bangwe ba ile ba gatelela gore thekete ya go paka e bereka mo mafelong a a fetang le le lengwe la kopano. Go a swabisa go bona bangwe ba bontsha boikutlo jono jwa lefatshe. Tsweetswee elang tlhoko gore thekete ya go paka e bereka fela ka mafelobeke a e tserweng ka one mme ga e bereke kwa kopanong e sele.
23 Jaaka go kwadilwe mo go Amose 3:7, Jehofa o ne a bolela gore “o tlaa bo a sa dire sepe, fa e se ka go senolela batlhanka ba gagwe baperofeti leoma la gagwe.” E re ka Jehofa e le “mosenodi wa tse di sa itsiweng,” o dirile gore mo Baebeleng go kwalwe makgolokgolo a boporofeti jo bo diragetseng ka tsela e e tlhomameng le ka botlalo. (Dan. 2:28, 47) Ditsholofetso tse dikgolo di sa ntse di tla diragadiwa. Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti” di tla nonotsha tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo. Reetsa ka kelotlhoko se Jehofa a go bolelelang sone. Dirisa se o tla se bonang le se o tla se utlwang—mo bodireding, mo phuthegong, le mo botshelong jwa gago. Re rapelela gore Jehofa a go segofatse fa o ntse o dira dithulaganyo tsotlhe tsa gore o nne gone letsatsi le letsatsi mo moketeng ono o mogolo, le wa semoya!
[Blurb on page 3]
Rulaganya go nna gone letsatsi lotlhe la Labotlhano, Matlhatso, le la Sontaga!