LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/98 ts. 1
  • A O Bala Dimakasine?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Bala Dimakasine?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Iphe Nako ya go Tsamaisa Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Tsela E E Mosola
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 10/98 ts. 1

A O Bala Dimakasine?

1 Banyalani bangwe ba barongwa mo Afrika ba ile ba bolela seno ka dimakasine tsa rona: “Tora ya Tebelo e re thusa gore re nne re le tlhaga semoyeng mo tshimong ya rona. Tokololo nngwe le nngwe ya yone e a re kgothatsa le go re nonotsha.” A le wena o anaanela makwalopaka ano a rona ka tsela e e tshwanang? A mme o tlhoafalela go a bala ka tsela e e tshwanang?

2 Go tlhokega nako e ntsi go baakanyetsa ditlhogo tsa makasine o o ka balwang fela mo metsotsong e sekae. O ntse o itse seno, a o tla latlhela leitlho fela mo ditlhogong tseno, o leba ditshwantsho, kana ka dinako dingwe o bala setlhogo sengwe se se go kgatlhang fela? Re tla bo re le botlhale fa re ka dira se se fetang seo. Re tshwanetse go ipha nako ya go bala le go sekaseka ditlhogo tsotlhe tse di mo tokololong nngwe le nngwe ya dimakasine tsa rona. Tora ya Tebelo ke lokwalopaka lwa rona lo lo botlhokwa thata lo lo tshotseng dijo tsa semoya tse di leng mo nakong. Tsogang! e tshotse ditlhogo tse di kgatlhang le tse di rutang tse di buang ka dilo tse di farologaneng. Se re se ithutang ka go bala dimakasine tseno ga se re nonotshe semoyeng fela mme gape se re baakanyetsa gore re dire bodiredi jwa rona ka tsela e e nang le matswela thata. Fa ka borona re bala dimakasine tseno ka metlha, re tla tlhagafalela go di neela ba bangwe.

3 Tsela ya go Tokafatsa go Bala ga Rona: A o ka kgona go tokafatsa mo tseleng e o balang dimakasine tseno ka yone? Go na le dikakantsho di le pedi fano tse di thusitseng batho ba le bantsi. (1) Nna le thulaganyo ya go bala ka metlha. Ka go beela metsotso e le 10 kana 15 kwa thoko ya go bala letsatsi le letsatsi, o tla gakgamadiwa ke go bona gore o ka bala go le gontsi thata jang mo lobakeng lwa beke fela. (2) Nna le tsela e o tshwayang ka yone se o setseng o se badile. Gongwe mo tshimologong ya setlhogo sengwe le sengwe se o se badileng o ka tshwaya ka tsela nngwe. Fa o sa dire jalo, o ka nna wa tlola ditlhogo dingwe o sa di bala kana wa se ka wa bala makasine otlhe. Go botlhokwa go itirela thulaganyo ya go bala e e tsamaisanang le maemo a gago mme o e kgomarele.—Bapisa Bafilipi 3:16.

4 “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o ile a tsiboga ka botlhale go tsamaisana le dinako tse di ntseng di fetoga ka go gatisa ditlhogo tse di buang ka dilo tse batho ba di tlhokang. (Math. 24:45) Ee ruri, dimakasine tseno di ile tsa ama matshelo a rona. Tsela e re gatelang pele ka yone mo semoyeng e ikaegile ka boleng jwa mokgwa o re o dirisang fa re bala dilo tsa puso ya Modimo. Masego a mantsi a semoya a emetse botlhe ba ba iphang nako ya go bala dimakasine tsotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela