Boipelo Jwa go Nna mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
1 Ga go pelaelo gore wena jaaka mosha o setse o kile wa akanya ka bokamoso jwa gago. Diane 21:5 e re bolelela gore “dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” O tla solegelwa molemo thata ke go akanya ka tlhoafalo ka mekgele ya gago mo botshelong. Fa o ntse o rulaganyetsa bokamoso, akanyetsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka ntlha yang?
2 Botsa batho bangwe ba bagolo ba ba neng ba bula tsela mo dingwageng tsa bone tsa bosha gore ba ikutlwa jang ka gone mme botlhe ba tla go bolelela se se tshwanang: “Tseo e ne e le dingwaga tse di itumedisang go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me!” Mokaulengwe mongwe yo o neng a ipelela melemo ya go nna mo tirelong ya nako e e tletseng go tloga mo malatsing a bokau jwa gagwe go ya pele, o ne a bua jaana fa a setse a godile: “Go kgotsofatsa thata gore fa o akanya ka nako ya bosha jwa gago, o bo o kgona go bua o re o tsere tsiya kgakololo eno e e botlhale: ‘Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.’” (Mor. 12:1) Wena le batsadi ba gago lo tshwanetse go rulaganya dilo sentle gone jaanong, go bona se o ka se dirang gore o bone boipelo jono mo malatsing a bokau kana a bokgarebe jwa gago.
3 Batsadi, ba Kgothaletseng go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng: Jaaka Rre yo o amegang, Jehofa o go bontsha sentle tsela e o tshwanetseng go tsamaya ka yone. (Isa. 30:21) Ka go re kaela jalo ka lorato, o tlhomela lona batsadi ba Bakeresete sekao se se molemo. Go na le gore lo lese bana ba lona gore e nne bone ba ba itlhophelang gore ke tsela efe e e ba siametseng, ba thapiseng ka botlhale mo tseleng e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone gore Jehofa a ba segofatse. Mme fa ba setse ba godile, thapiso ya lona e tla ba thusa go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’ (Baheb. 5:14) Batho ba bagolo ba itse go ya ka maitemogelo a bone a botshelo gore ga ba ka ke ba ikanya ditshwetso tsa bone; ba tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore a tlhamalatse ditselana tsa bone. (Dia. 3:5, 6) Seno se botlhokwa thata bogolo jang mo basheng, ba ba se nang maitemogelo a makalo mo botshelong.
4 Batsadi, fa bana ba lona ba ntse ba atamela dingwaga tsa bolesome, kana le e leng pelenyana ga foo, buisanang le bone ka mekgele ya bone mo botshelong. Bagakolodi ba sekolo, barutabana le bana ba ba tsenang sekolo le bone, ba tla leka go ba tlhotlheletsa go gagamalela dilo tsa lefatshe leno tse di bonalang. Thusang bana ba lona go tlhopha dithuto tsa sekolo tse di tla ba thapisetsang go dira sengwe se se mosola gore ba kgone go itlhokomela mme ba sa tlhokomologe dilo tse di amanang le Bogosi. (1 Tim. 6:6-11) Mo mabakeng a le mantsi, thuto ya sekolo se segolo le go ithapisetsa tiro nngwe le/kana go thapisiwa o ntse o bereka e ka nna sone sotlhe se motho a se tlhokang gore a kgone go itlhokomela sentle fa a simolola mo bodireding jwa bobulatsela jwa ka metlha.
5 Kgothaletsang basha go gagamalela mpho ya go nna ba sa nyala. Fa moragonyana ba swetsa ka gore ba nyale, ba tla bo ba siametse sentle go sikara maikarabelo a a boima a lenyalo. (Bona serapa 19 mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2001 ya setlhogo se se reng “A o Ka Kgona go Ithaopa?”) Fa lo bua sentle ka bobulatsela, go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, go direla kwa Bethele, kana tiro ya borongwa, tlhotlheletsang bana ba lona le fa ba sa ntse ba le babotlana gore ba eletse go dirisa matshelo a bone ka tsela e e itumedisang Jehofa, e e solegelang ba bangwe molemo, le e e tla dirang gore bone ka bobone ba ipele.
6 Basha, Bayang Tirelo ya Nako e e Tletseng Kwa Pele: Lona basha, ga lo tlhoke go ipotsa gore bobulatsela ke tiro e e ntseng jang. O ka nna wa bo leka ka dinako tse di rileng ka gore o tseye bobulatsela jo bo thusang nako nngwe le nngwe fa go kgonega fa o ntse o le kwa sekolong le ka dinako tsa malatsi a boikhutso. Ka go dira jalo o tla lemoga gore tirelo ya bobulatsela e kgotsofatsa thata go le kana kang! A o ka kgona go rulaganyetsa kwa pele gore o nne mmulatsela yo o thusang mo dikgweding tse di tlang?
7 Fa o le mokaulengwe yo mosha mo phuthegong ya Modimo, akanyetsa ka tlhoafalo le kgang ya go dira ka natla gore o tshwanelegele go nna motlhanka wa bodiredi. (1 Tim. 3:8-10, 12) Mo godimo ga moo, leka go bona gore fa o setse o fitlheletse dingwaga tse di tlhokegang, a o ka rata go tsenya kopo ya go ya go direla kwa Bethele kana go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Boitemogelo jwa gago mo bodireding jwa bobulatsela bo tla go ruta dilo tsa botlhokwa, tse di jaaka go tshela ka thulaganyo, go nna motho yo o dirang dilo ka thulaganyo, go dirisana sentle le ba bangwe le go ithuta go nna le boikarabelo. Dilo tseno tsotlhe di tla go thusa gore o kgone go amogela ditshiamelo tse dikgolwane tsa tirelo fa nako e ntse e tsamaya.
8 Selo sa botlhokwa se se tla dirang gore o atlege mo tirelong ya nako e e tletseng ke go nna le boikutlo jwa go dira ka natla mo dilong tsa puso ya Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa boikutlo jo bo ntseng jalo, a bo a tlhalosa melemo e re ka e bonang fa re na le jone, fa a ne a re: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa, . . . gonne lo a itse gore lo tla amogela maduo a a tshwanetseng a boswa a a tswang kwa go Jehofa.” (Bakol. 3:23, 24) E kete Jehofa a ka go segofatsa ka dilo di le dintsi tse o ka di ipelelang mo tirelong ya nako e e tletseng!