A o Dirisa Boroutšhara Jwa Re Direng go Simolola Dithuto?
1 A o lemogile gore o a bo o tshwere thuto ya Baebele fa o tlotla Baebele ka metlha le motho yo o kgatlhegang, le fa e le ka bokhutshwane fela, o dirisa nngwe ya dikgatiso tse di akantshitsweng? Ee, go ntse jalo le eleng fa thuto eo e tshwaretswe fa kgorong kgotsa e tshwerwe ka founo. Ke ka ntlha yang fa o sa dire maiteko a a kgethegileng ka May le ka June gore o simolole thuto ka tsela e e ntseng jalo o dirisa boroutšhara jwa Re Direng?
2 Baakanyetsa Gore o Atlege: Fa o tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, o tshwanetse go bo o itse sentle gore o batla go tlotla ka eng. Fa o dira loeto lwa go boela, akanya ka se lo tlotlileng ka sone mo nakong e e fetileng. Ipotse jaana: ‘Nka dirisa dirapa dife mo boroutšhareng joo go tsweletsa motlotlo oo gore o felele e le thuto ya Baebele?’ Fa o tsamaya ka ntlo le ntlo, sekaseka go bona gore ke kgang efe e e ka kgatlhang mosha, motho yo o godileng, monna kgotsa mosadi. Sekaseka ditlhogo tse di mo boroutšhareng mme o bone gore ke dife tse di ka ba kgatlhang. Fa o sena go bona tse o ka di dirisang, di boeletse makgetlho a le mmalwa. Eno ke nngwe ya ditsela tsa konokono tsa gore o atlege.
3 Tsenyeletso ya January 2002 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e re naya “Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Boroutšhara Jwa Re Direng” di le robedi. Lebokoso le le reng “Go Simolola ka Tlhamalalo” le bontsha kafa re ka dirisang boroutšhara ka gone go simolola dithuto. O ka nna wa fetola kakantsho ya ntlha gore e nne jaana:
“A o ne o itse gore o ka kgona go bona karabo ya potso e e botlhokwa ya Baebele mo metsotsong e sekae fela? Ka sekai, ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a mantsi jaana a a ipolelang gore ke a Bokeresete? A o kile wa ipotsa seo?” Fa motho a sena go araba, bula mo go thuto 13 mme o tlotle le ene ka dirapa tsa ntlha tse pedi. Fa nako e go letla, bala temana e le nngwe kana tse pedi o bo o tlotla ka tsone. Morago ga moo o bale potso ya bofelo e e kwa godimo mo tsebeng, o bo o re: “Thuto eno yotlhe e re bontsha matshwao a le matlhano a a tlhomololang bodumedi jwa boammaaruri. Nka rata go boa ke tle go a tlotla le wena.”
4 Dira Jalo ka Metlha: Dirisa sebaka sengwe le sengwe go bontsha mongwe le mongwe yo o kopanang le ene kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng mo boroutšhareng jwa Re Direng. Kopa Jehofa gore a go segofatse. (Math. 21:22) Fa o dira jalo ka metlha, o ka nna wa bona boitumelo jwa go thusa mongwe gore a amogele dikgang tse di molemo!