LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/03 ts. 1
  • “A yo O ka Go Tsholang a go Tshole”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A yo O ka Go Tsholang a go Tshole”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Solegelwa Molemo Ke go Nna O se Mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go sa Nyala Tsela e e Duelang ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Fa go Seng mo Lenyalong e le Mpho
    Tsogang!—1995
  • Go sa Tsene mo Lenyalong—Sebaka sa go Dira o sa Akgaakgege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 4/03 ts. 1

“A yo O ka Go Tsholang a go Tshole”

1 Nako nngwe fa Jesu a ne a bua le barutwa ba gagwe ka lenyalo, o ne a bontsha gore go nna o sa nyala ke “mpho.” Morago ga moo o ne a re: “A yo o ka go tsholang a go tshole.” (Math. 19:10-12) Dingwaga di le mmalwa moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka melemo ya go se nyale mme a kgothaletsa ba bangwe gore ba etse sekao sa gagwe ka go nna ba sa nyala. (1 Bakor. 7:7, 38) Ba le bantsi gompieno ba ile ba nna ba sa nyale mme ba itumelela melemo ya gone. Mengwe ya melemo ya gone ke efe?

2 Go Direla “Kwantle ga go Iteega Tsebe”: Paulo o ne a itse gore go nna a sa nyala go ne go mo neela tshono ya gore a direle Jehofa “kwantle ga go iteega tsebe.” Le gompieno ka tsela e e tshwanang, mokaulengwe yo o sa nyalang a ka dira gore a tshwanelegele go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, e bile gantsi motho yo o sa nyalang o gololesegile gore a ka tsenela tirelo ya bobulatsela, a ithuta puo e sele, a fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, a direla kwa Bethele kana a kgona go tsenela ditiro tse dingwe tse di kgethegileng tsa tirelo. A ka nna a nna le nako e ntsi le ditshono tsa go ithuta a le esi, go tlhatlhanya le go buisana le Jehofa ka go mo rapela go tswa pelong. Gantsi motho yo o sa nyalang o na le nako e ntsi gore a ka ithaopela go thusa ba bangwe. Ditiro tseno tsotlhe di ‘solegela ene molemo.’—1 Bakor. 7:32-35; Dit. 20:35.

3 Tiro eno e e direlwang Modimo kwantle ga go iteega tsebe e lere melemo e le mentsi. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang o ne a kwala jaana morago ga gore a nne dingwaga di le 27 kwa Kenya: “Ke ne ke na le ditsala tse dintsi le tiro e ntsi tota! Re ne re dira dilo re le mmogo [e bile] re etelana. . . . Ke ne ka kgona go dirisa kgololesego ya me ya go sa nyala ka go nna ke tshwaregile mo bodireding, mme seno se ntliseditse boitumelo jo bogolo.” O ne a oketsa jaana: “Mo dingwageng tseno tsotlhe kamano ya me le Jehofa e ne ya gola.”

4 Go Tshola Mpho Eno Sentle: Jesu o ne a re selo se se tshwanetseng go tlhotlheletsa motho go tshola mpho eno ya go sa nyale e tshwanetse go nna “ka ntlha ya bogosi jwa magodimo.” (Math. 19:12) Fela jaaka go ntse ka mpho nngwe le nngwe, go sa nyale go tshwanetse ga dirisiwa sentle gore go lere boitumelo le melemo. Ka go dirisa ka botlalo ditshono tse di leriwang ke go sa nyala le go kopa botlhale le maatla mo go Jehofa, batho ba le bantsi ba ba sa nyalang ba ile ba kgona go tlhaloganya botlhokwa jwa go sa nyala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela