LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/03 ts. 3-4
  • Dira ka Tlhoafalo fa o “Naya Bosupi ka Botlalo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira ka Tlhoafalo fa o “Naya Bosupi ka Botlalo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bua ka Kgalalelo ya Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A o Ipaakanyeditse go Rera Le fa O se Mo Bodireding?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • O ka Kgona go Rera Le fa O se Mo Bodireding!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • A o Tla Nna le Seabe mo Bosuping Joo Eseng Jwa ka Tlwaelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 6/03 ts. 3-4

Dira ka Tlhoafalo fa o “Naya Bosupi ka Botlalo”

1, 2. Ke eng se se go kgatlhang mo tseleng e Paulo a neng a leba go rera dikgang tse di molemo ka yone, mme re ka etsa jang sekao sa gagwe sa go “naya bosupi ka botlalo”?

1 Fela jaaka Jesu le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba bogologolo, moaposetoloi Paulo e ne e le moreri yo o tlhoafetseng wa dikgang tse di molemo, “a naya bosupi ka botlalo” go sa kgathalesege gore seemo ke sefe. Tota le fa a ne a tswaleletswe mo ntlong a disitswe, o ne “a amogela ka bopelonomi botlhe ba ba neng ba tsena kwa go ene, a ba rerela bogosi jwa Modimo e bile a ruta dilo tse di leng kaga Morena Jesu Keresete ka kgololesego e kgolo thata ya go bua.”—Dit. 28:16-31.

2 Le rona re ka dira ka tlhoafalo ka dinako tsotlhe fa re “naya bosupi ka botlalo.” Seno se akaretsa go rerela batho ba re kopanang le bone fa re reka kwa mabenkeleng, fa re le kwa tirong, kwa sekolong le fa re ya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo kgotsa re tswa kwa go tsone.—Dit. 28:23; Pes. 145:10-13.

3. Re ka dira jang gore bosupi jwa rona jo e seng jwa tlwaelo bo se ka jwa fetoga sengwe se se itiragalelang fela go sa ikaelelwa?

3 A ke Bosupi Jo bo Sa Ikaelelwang Kgotsa jo e Seng Jwa Tlwaelo? A go na le pharologano? Ee. Sengwe se se sa ikaelelwang se itiragalela fela, jaaka e kete se ne se sa rulaganyediwa kgotsa ga se botlhokwa go le kalo. Ruri bodiredi jwa rona ga bo a nna jalo. Go naya Modimo kgalalelo ka go rera go botlhokwa mo go rona fela jaaka go ne go ntse mo go Paulo, e bile re tshwanetse ra ikaelela go neela bosupi nako nngwe le nngwe fa go tshwanela. Le fa go ntse jalo, tsela e re buisanang le batho ka yone e ka tlhalosiwa sentle go twe ke e e seng ya tlwaelo—ke gore, e iketlile, e botsalano, ga se e re tlwaetseng go dira ka yone. Tsela eno ya go rera e ka nna le matswela a a molemo.

4. Ke eng se se neng sa thusa Paulo go rera kwa a neng a nna teng?

4 Ipaakanyetse go Rera: Paulo o ne a tshwanelwa ke go ipulela ditsela tsa go rera fa a ne a tswaleletswe mo ntlong a disitswe kwa Roma. O ne a tsaya kgato a ntse a le kwa a nnang teng, a laletsa baeteledipele ba lefelo leo ba Bajuda gore ba tle kwa ntlong ya gagwe. (Dit. 28:17) Le fa go ne go na le phuthego ya Bokeresete kwa Roma, Paulo o ne a utlwa gore setšhaba sa Bajuda mo motseng oo se ne se sa ikutlwela sepe se se kalo ka tumelo ya Bokeresete. (Dit. 28:22; Bar. 1:7) Ga a ka a ikgogona mme o ne a “naya bosupi ka botlalo” kaga Jesu Keresete le Bogosi Jwa Modimo.

5, 6. Re ka rera ka tsela e e seng ya tlwaelo mo maemong afe, mme re ka ipaakanya jang gore re dire jalo ka tsela e e nang le matswela?

5 Pele o tsaya mosepele, akanya ka batho ba o ka nnang wa kopana le bone ba ba sa itseng go le kalo ka Basupi ba ga Jehofa. Ba ka tswa ba sa itse le gore re ithuta Baebele le batho mahala mo magaeng a bone. Nna o ntshitse matlho dinameng gore o bone fa go na le sebaka sa gore o ka rerela batho ba o kopanang le bone mo mosepeleng, fa o eme fa go itapolosiwang gone, fa o tshela peterolo, fa o reka mo mabenkeleng, fa o le kwa dihoteleng, o ja mo diresetšhurenteng, o dirisa dipalangwa tsa botlhe, jalo le jalo. Rulaganya go sa le gale gore o tla reng fa o simolola motlotlo le fa o rera ka bokhutshwane. Gongwe malatsi pele ga mosepele o ka ikatisa ka go rera ka tsela e e seng ya tlwaelo o rerela baagelani ba gago, ba losika, badiri ka wena le batho ba bangwe ba o dirisanang le bone.

6 O tla tlhoka dikgatiso di le mmalwa tse o tla di dirisang fa o neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Ke dife tseo? O ka nna wa dirisa pampitshana e e reng A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? Bontsha dirapa tsa ntlha tse tlhano, tse di nayang mabaka a a farologaneng a go bo re tshwanetse go bala Baebele. Bontsha pampitshana e e kafa morago ya go kopa thuto ya mahala ya Baebele. Fa o kopane le motho yo o kgatlhegelang molaetsa, mo neye boroutšhara jwa Re Direng. E re ka o ka nna wa kopana le batho ba ba buang puo e sele, tshola bukana ya Good News for All Nations. Tsebe 2 e tlhalosa kafa bukana eno e ka dirisiwang ka teng go rera. Fa o tsamaya ka koloi, o ka nna wa kgona go tsaya le dikgatiso tse dingwe di se kae tse o ka di dirisang fa o kopana le batho ba ba bontshang gore ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi tota.

7, 8. Re tshwanetse ra nna kelotlhoko ka eng malebana le tsela e re lebegang ka yone le e re itshwarang ka yone fa re le mo mosepeleng le fa re ikhuditse?

7 Ela Tlhoko Tsela e o Lebegang ka Yone le Boitshwaro Jwa Gago: Re tshwanetse ra tlhomamisa gore tsela e re itshwarang ka yone le e re aparang le go ipaakanya ka yone ga e kitla e thulana le molaetsa wa rona kgotsa e dira gore batho ba ‘kgale’ phuthego ya ga Jehofa. (Ditiro 28:22) Seno ga se dire fela fa re le kwa dipokanong kgotsa kwa dikopanong, mme se dira le fa re le mo mesepeleng kgotsa re iketlile. Tora ya Tebelo ya August 1, 2002, tsebe 18, serapa 14 e ne ya tlhagisa jaana: “Moaparo wa rona e se ka ya nna o o feteletseng, o o tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo go ba bangwe, o o bonaletsang kgotsa o o mo fesheneng. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go apara ka mokgwa o o bontshang gore re ‘tlotla Modimo.’ A seno ga se se re tshwanetseng go akanya ka sone? Ga se kgang fela ya go apara sentle fa re le mo dipokanong tsa phuthego [kgotsa re le mo kopanong] mme re bo re sa tlhokomele diaparo tsa rona ka dinako tse dingwe. Ka dinako tsotlhe moaparo wa rona o tshwanetse go bontsha gore re tlotla ba bangwe ka gonne re Bakeresete le badiredi diura di le 24 ka letsatsi.”—1 Tim. 2:9, 10.

8 Re tshwanetse go apara ka tsela e e bori le e e nang le seriti. Fa e le gore ka dinako tsotlhe tebego ya rona le boitshwaro jwa rona di bontsha gore re dumela mo Modimong, e ka se ka ya re fa re tshwanetse go rera ka tsela e e seng ya tlwaelo re bo re ikgogona ka gonne tsela e re lebegang ka yone e sa tshwanelege.—1 Pet. 3:15.

9. Paulo o ne a atlega jang mo tirong ya go rera kwa Roma?

9 Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo Bo na Le Matswela: Mo dingwageng tse pedi tse Paulo a neng a tswaleletswe mo ntlong a disitswe ka tsone kwa Roma, o ne a bona matswela a a molemo a tiro ya gagwe ya go rera. Luke o ne a bega gore “bangwe ba [ne ba] simolola go dumela dilo tse di buiwang.” (Dit. 28:24) Paulo ka boene o ne a tlhalosa kafa go “naya bosupi ka botlalo” ga gagwe go ileng ga nna le matswela ka teng fa a ne a kwala jaana: “Dilo tse di ntiragaletseng di diragetse ka tsela e e dirang gore dikgang tse di molemo di tswelele pele, mme e seng ka tsela e nngwe e sele, mo e leng gore dikgole tsa me di itsilwe phatlalatsa seoposengweng le Keresete mo gare ga Badisa botlhe ba Mmusimogolo le ba bangwe botlhe; mme bontsi jwa bakaulengwe mo Moreneng, ka ba ikutlwa ba na le tshepo ka lebaka la dikgole tsa me tsa kgolegelo, ba bontsha bopelokgale le go feta, jwa go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.”—Bafil. 1:12-14.

10. Ngogola banyalani bangwe ba ne ba atlega jang mo tirong ya go rera?

10 Ngogola banyalani bangwe ba ne ba tlhola kwa kopanong ya kgaolo mme morago ga moo ba nna le maitemogelo a a molemo fa ba ne ba dirisa bosupi jo e seng jwa tlwaelo go rerela mosadi mongwe yo o neng a ba abela dijo mo resetšhurenteng a bo a ba botsa ka dibetšhe tsa bone tsa kopano. Ba ne ba mmolelela ka kopano le ka tsholofelo e e mo Baebeleng malebana le isagwe ya batho. Ba ne ba mo naya pampitshana e e reng A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? ba bo ba tlhalosa thulaganyo ya go ruta batho Baebele mo gae mahala. Mosadi yono o ne a bolela gore o ne a ka rata go etelwa ke mongwe, a kwala leina la gagwe le aterese ka fa morago ga pampitshana a bo a kopa banyalani bano gore ba rulaganye gore mongwe a mo etele. Re ka atlega ka tsela efe fa re tlhoafalela go “naya bosupi ka botlalo”?

11. Ke dinonofo dife tse re tshwanetseng ra nna le tsone gore re anamise dikgang tse di molemo ka go “naya bosupi ka botlalo”?

11 Anamisa Dikgang Tse di Molemo ka Botlalo: Akanya fela gore Paulo o ne a itumetse jang fa a utlwa gore Bakeresete ka ene ba ne ba etsa sekao sa gagwe sa go bolela ka tlhoafalo! E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go anamisa dikgang tse di molemo ka go naya bosupi jo e seng jwa tlwaelo ka dilo tse re di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng.

[Box on page 3]

Dikgatiso Tse di Tlhokegang fa o Rera ka Tsela e e Seng ya Tlwaelo

■ A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? (pampitshana)

■ Modimo o Batla Gore re Direng? (boroutšhara)

■ Good News for All Nations (bukana)

■ Dikgatiso tse dingwe tse di ka dirisiwang mo tshimong

[Box on page 4]

O se Ka wa Ba Lebala!

Bomang? Batho botlhe ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete kgotsa kwa puong e e kgethegileng. A re ba laleditse gore ba nne teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi? Ba le bantsi ba bone ba ne ba ka tla, fa ba ne ba ka kgothadiwa ka bopelontle. Fa ba ntse ba itumelela botsalano jo bo kgothatsang kwa dipokanong le thulaganyo e e kgothatsang ya semoya, ba tla atamalana le Jehofa le phuthego ya gagwe. Ke ka ntlha yang fa o sa ba laletse mme o bone gore go diragalang? Ba tlhalosetse sengwe le sengwe se ba se tlhokang, go akaretsa nako ya dipokano le tsela e dipokano ka go farologana ga tsone di tshwarwang ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela