Thusa Batho ba ba Nang le “Tshekamelo e e Siameng”
1. Jehofa o phuthela bomang kwa go ene mo motlheng wa rona?
1 Mongwe le mongwe o na le boikutlo jo pelo ya gagwe ya tshwantshetso e sekametseng thata mo go jone. (Math. 12:35) Baebele e bua ka motho yo “pelo ya gagwe e sekametse[ng] mo tlhabanong.” (Pes. 55:21) Ba bangwe ke ba ba “sekametseng mo tšararegong.” (Dia. 29:22) Mme gape go na le ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Mo motlheng wa rona, Jehofa o phuthela batho bano ba ba nang le tshekamelo e e siameng kwa go ene. (Hag. 2:7) Re ka ba thusa jang gore e nne baobamedi ba ga Jehofa?
2. Re tshwanetse ra dirang gore re kgone go diragatsa thomo ya gore re dire barutwa?
2 Dira Maeto a go Boela ka Kelotlhoko: Go botlhokwa gore re nne le pono e e tshwanetseng malebana le go dira maeto a go boela gore re kgone go diragatsa thomo ya rona ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) A re itlhaganelela go boela kwa bathong ba ba bontshang kgatlhego? A re boela kwa bathong botlhe ba ba tsayang dibuka kgotsa ba ba bontshang gore ba kgatlhegela dikgang tse di molemo? A re dira maiteko re sa kgaotse go ba thusa gore ba gole semoyeng? E re ka kgang eno e ama matshelo a batho, re tshwanetse ra leka go tsweledisetsa pele kgatlhego epe e re e bonang.
3. Re tshwanetse go dira eng fa re sena go tlotla le mongwe mo bodireding?
3 Fa o sa ntse o gopotse puisano ya gago le mongwe yo o kgatlhegang, iphe nako mme o kwale leina la gagwe le aterese. Kwala gore lo tlotlile ka eng, lo badile ditemana dife, le gone o mo tlogeletse dibuka dife. Morago ga moo, tlhomamisa gore o boela kwa mothong yoo ka bonako jo bo ka kgonegang.
4. Re ka dira jang gore re atlege fa re dira maeto a go boela?
4 Go Dira Loeto Lwa go Boela: Fa o dira loeto lwa go boela, go molemo go nna botsalano le go bontsha mong wa ntlo gore o mo kgatlhegela e le tota. Tlotla ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa mme o tlotle ka sengwe se se mo Dikwalong. Baakanyetsa kgang nngwe e e kgatlhang go tswa mo Baebeleng e lo tla tlotlang ka yone, mme o konele loeto lwa gago ka go botsa potso e e ka arabiwang mo loetong lo lo latelang. Go molemo gore o tile go ngangisana go sa tlhokege ka dintlha tse mong wa ntlo a ka di buang tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Leka go tlotla ka dilo tse lo dumalanang mo go tsone.—Bakol. 4:6.
5. Mmulatsela mongwe o ne a tsaya matsapa afe, mme ga nna le diphelelo dife?
5 Go dira maeto a go boela go tlhoka boiteko, mme matswela a gone a a itumedisa. Mmulatsela mongwe kwa Japane o ne a ipeela mokgele wa gore a oketse maeto a gagwe a go boela kgwedi le kgwedi. O ne a simolola go dira lenaane la batho botlhe ba a neng a kopana le bone mo tirong ya ntlo le ntlo, a bo a boela kwa go bone go ise go fete malatsi a le supa. O ne a baakanyetsa ka kelotlhoko se a tlileng go se bua a bo a dira tirelo ya gagwe a tlhatswegile pelo ka molaetsa o a o tshwereng. Mo go longwe lwa maeto a gagwe a go boela, o ne a kgona go simolola go ithuta le motho yo o neng a re: “Ke tlhola ke lo koba fa lo nketela. Ke la ntlha ke lo reetsa.” Ka lorato mmulatsela yono o ne a se ka a fela pelo, mme seo se ne sa nna le matswela. Fa kgwedi e tla go fela, o ne a bega dithuto tsa Baebele di le lesome.
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira maeto a go boela re sa fele pelo?
6 Maemo a batho a nna a ntse a fetofetoga. (1 Bakor. 7:31) Gantsi go tlhokega gore o boele kwa mothong yo o kgatlhegang ka makgetlho a le mmalwa gore o bo o mo fitlhele gape mo gae. Fa re dira maeto a go boela ka tlhoafalo, re ka kgona go thusa batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng gore ba tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Math. 7:13, 14.