Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya 2006 ya “Kgololo e Atametse!”
1. Batho ba Modimo ba ne ba bontsha jang gore ba anaanela go tswa pelong kobamelo ya boammaaruri mo metlheng ya bogologolo, mme re na le sebaka sefe se se tshwanang gompieno?
1 Kgosi Hesekia wa Juda ya bogologolo o ne a dirisa batabogi go isa makwalo a a laletsang batho go phuthegela kwa Jerusalema. (2 Ditir. 30:6, 13) Tsela e batho ba neng ba arabela ka yone e ne e supa kafa ba ikutlwang ka gone ka kobamelo ya boammaaruri. (2 Ditir. 30:10-12) Mo dikgweding tse di tlang, batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba tla nna le sebaka se se tshwanang sa go bontsha gore ba anaanela go tswa pelong tshiamelo ya bone ya go phuthega mmogo go obamela Jehofa. Phuthego ya lona e romeletswe lekwalo le le lo laletsang go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!” O tla arabela jang taletso eo?
2. Re ka dira eng gone jaanong gore re solegelwe molemo ka botlalo mo kopanong?
2 Dira Dithulaganyo Gone Jaanong: Re tshwanetse go nna gone mo thulaganyong yotlhe gore re tle re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo ya semoya e re e baakanyeditsweng ka lorato. Batho ba ba neng ba le teng ngongola ka Labotlhano e ne e le 101 317. Ba ba neng ba le teng ka Sontaga e ne e le 143 687. Seno se raya gore batho ba le 42 370 ba ne ba latlhegelwa ke dijo tsa semoya ka Labotlhano. Re ka fetola mokgwa ono jang? Simolola gone jaanong go dira dithulaganyo tse di tlhokegang gore wena le ba lelapa la gago lo nne gone ka malatsi otlhe a le mararo. (Dia. 21:5) Dithulaganyo tseo di ka akaretsa go kopa mothapi wa gago go go rebola kwa tirong, go tlotla ka dithulaganyo tsa gago le molekane wa gago yo e seng Mosupi, go dira dithulaganyo tsa marobalo le go thusa diithuti tsa Baebele go nna gone letsatsi le letsatsi. Fa bana ba sa tswala dikolo, tsweetswee itsise mogokgo wa sekolo ka kopano le gore ngwana wa gago ga a kitla a nna teng kwa sekolong ka Labotlhano. O se ka wa tlogelela dilo motsotso wa bofelo. Go na le moo, rapela Jehofa ka kgang eno, o ikanya gore “o tla tsaya kgato.”—Pes. 37:5.
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela dithulaganyo tse di dirilweng malebana le marobalo?
3 Phuthego ya ga Jehofa e dirile ka natla go tlhomamisa gore go na le marobalo a a lekaneng kwa motseng mongwe le mongwe wa kopano. Go bontsha gore re anaanela maiteko a go intsha setlhabelo a bakaulengwe ba ba dirang ka natla ba ba thusitseng go dira dithulaganyo tseno, go akanyetsa batlakopanong ka rona, le go tlotla thulaganyo ya puso ya Modimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa rotlhe go ikobela ka botlalo dikaelo tse di mo setlhogong seno.—1 Bakor. 13:5; 1 Bathes. 5:12, 13; Baheb. 13:17.
4. Ke dintlha dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di gakologelwa fa re beeletsa marobalo mme ka ntlha yang?
4 Marobalo a Hotele/Ntlo ya Baeng/Mafelo a Dikharabene: Go botlhokwa gore o kope fela marobalo a o tla a dirisang ka nako ya kopano. O tshwanetse go ntsha madi a go beeletsa marobalo gore a se ka a newa batho ba bangwe. O ka beeletsa marobalo ka Lephata la Marobalo.
5, 6. Batho ba ba tlhokang thuso e e kgethegileng ba ka thusiwa jang?
5 Batho ba ba Tlhokang Thuso e e Kgethegileng: Diane 3:27 ya re: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” O ka direla ba bangwe molemo jang malebana le kopano? Baboledi ba ba godileng, ba ba lwalang, ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng le ba bangwe ba ka nna ba tlhoka go thusiwa ka sepalanngwa kgotsa marobalo. Ba losika ke bone ba nang le boikarabelo jo bogolo jwa go thusa batho bano ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:4) Fa ba sa kgone go dira jalo, badumedimmogo ba ka thusa. (Bagal. 6:10) Balebedi ba thuto ya buka ba tshwanetse go buisana le ba ba tlhokang thuso e e rileng ba ba mo ditlhopheng tsa bone go tlhomamisa gore ba rulagantse dilo sentle pele ga kopano.
6 Go na le diforomo tsa Room Request fa baboledi ba tlhoka go kopa marobalo. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a mmoledi o a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le lekwalo la July 15, 2006, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe fela baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba itshwarang sentle.
7. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ya kwa kopanong e re e abetsweng? (b) O tshwanetse go dira eng fa go tlhokega gore o ye kwa kopanong e sele?
7 Go ya Kwa Kopanong e Nngwe: Go tlhomamisa gore go na le manno a a lekaneng, dibuka, marobalo, jalo le jalo, o kgothalediwa go ya kwa kopanong e phuthego ya lona e e abetsweng. Fa go tlhokega gore o ye kwa kopanong e sele mo nageng, tsweetswee ikgolaganye le mokwaledi wa phuthego gore a go neye aterese ya poso ya kopano e o tla yang kwa go yone. Tlhomamisa gore o tsenya enfelopo e e kwadilweng aterese ya gago, e e nang le setempe le kopo ya gago ya marobalo kgotsa tshedimosetso e e oketsegileng. Fa go tshwarwa kopano e e fetang e le nngwe mo motseng, kwala matlha a kopano e o tla yang kwa go yone.
8. Tsela nngwe e re ka thusang ka yone gore kopano e e tlang e atlege ke efe?
8 Baithaopi: Ga go pelaelo gore batho botlhe ba ba yang kopanong ba tla itumela le go solegelwa molemo ke dijo tsa semoya le botsalano jo bo agang. Re tla itumela thata fa re ithaopela go thusa ka tiro e e tshwanetseng go dirwa gore kopano e atlege. (Dit. 20:35) Go ise go ye kae Komiti ya Kopano e tla kopa batho go thusa mo tirong eno. A o ka ithaopa?—Pes. 110:3.
9. Ke eng se o se anaanelang ka kopano ya kgaolo ya ngwaga le ngwaga mme o tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
9 Fa mosimane wa dingwaga tse tlhano a ne a le mo kopanong ya kgaolo, o ne a re: “Kopano ya kgaolo ke karolo e ke e ratang thata ya go obamela Jehofa.” Mafoko ao a a tswang pelong a re thusa rotlhe go lemoga kafa re itumelelang ka gone go ya kopanong ya rona ya kgaolo ya ngwaga le ngwaga. Ruri go ntse fela jaaka mopesalema a ile a opela: “Letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago le botoka go na le a le sekete go sele.” (Pes. 84:10) Dafide mo pineng o ne a tlhalosa keletso ya gagwe ya go ‘nna mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe gore a lebe tempele ya ga Jehofa ka kanaanelo.’ (Pes. 27:4) Go ne go itumedisa Dafide thata go nna gareng ga baobamedi ba ga Jehofa. E kete re ka etsa tsela e a neng a anaanela kobamelo ya boammaaruri ka yone ka go nna teng ka malatsi otlhe a mararo kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!”
[Box on page 3]
Dinako Tsa Thulaganyo
Labotlhano
9:00 a.m. - 4:25 p.m.
Matlhatso
9:00 a.m. - 4:15 p.m.
Sontaga
9:00 a.m. - 3:20 p.m.