Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
1. Go fitlheletswe eng mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi, mme go sa ntse go tlhokega eng?
1 Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ile ga agiwa Diholo Tsa Bogosi di le 262 mme ga baakanngwa di le dintsi mo tshimong ya lekala la Afrika Borwa. Re anaanela ka bopeloephepa go bereka ka natla ga Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo le botlhe ba ba ba thusitseng. Le fa go dirilwe tiro e ntsi, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanelwang ke go dirwa mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi. Re ka tshegetsa jang karolo eno e e botlhokwa ya tirelo ya rona e e boitshepo go Jehofa?—Tshen. 7:15.
2. Re ka tshegetsa jang tiro ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi ka tlhamalalo?
2 Iketleetse go Thusa: Fa o le mmoledi yo o kolobeditsweng, re kopa gore o ithaopele go bereka le Komiti ya Kago ya Kgaolo ka go tlatsa foromo ya Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire. (Pes. 110:3) Botlhe ba ba ithaopang ba tshwanetse go nna babereki ba ba iketleeditseng go thusa mme ba nne le moya wa go dirisana mmogo. (Pes. 133:1) Le fa o se na bokgoni jwa go aga, o sa ntse o ka thusa thata go re tiro eno e wediwe sentle. Gape o ka nna wa thapisiwa gore o nne le bokgoni jwa go dira ditiro dingwe tsa go aga, mme seno se tla dira gore o thuse thata mo isagweng.
3. Re ka bontsha gore re tshegetsa thulaganyo eno ka ditsela dife?
3 Fa o sa kgone go ithaopa, o ka nna wa tshegetsa tiro eno ka go kgothatsa ba bangwe ba ba kgonang go nna le seabe mo thulaganyong eno. O ka thusa go dira ditiro tsa bone mo phuthegong fa ba seyo. Ka go rulaganya dilo go sa le pele, bagolwane ba ka tlhomamisa gore phuthego e tlhokometswe sentle fa bangwe ba thusa go aga Holo ya Bogosi. Kwantle ga pelaelo, Jehofa o a itumela fa re bereka mmogo ka kutlwano go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.—Baheb. 13:16.
4. Re ka kgothatsa jang ba ba nnang le seabe mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi?
4 Kgothatsa ba Bangwe: Go tlhokega nako e ntsi le go bereka ka natla go aga mafelo a kobamelo. Ka jalo go a utlwala gore ba ba kopilweng go thusa mo tirong ya go aga ka dinako tse dingwe ba tla bo ba seyo mo diphuthegong tsa bone. Re se ka ra ikgogona go akgola le go kgothatsa baithaopi ba tsa kago, ba ba intshang setlhabelo go tlhokomela ‘tiro eno e e botlhokwa.’—Dit. 6:3; Bar. 14:19.
5. Baithaopi ba tsa kago ba ka bontsha jang gore ba dira dilo ka tekatekano?
5 Nna Tekatekano: Tiro ya rona ya konokono ke go rera ka Bogosi jwa Modimo. (Mar. 13:10) Re akantse ka seno, Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di leka go rulaganya ditiro tsa go aga ka tsela e e leng gore go ka se tlhokege gore baithaopi ba se ka ba nna gone mo diphuthegong tsa bone go sa tlhokege. Ka tsela e e tshwanang, baithaopi ba tsa kago ba leka go nna tekatekano fa ba ntse ba tlhokomela maikarabelo a bone a mantsi. Ba dira dithulaganyo tse di tlhokegang go tlhomamisa gore dikabelo tsa bone mo phuthegong di a dirwa fa ba seyo.
6. Ke eng se se fitlhelelwang fa botlhe mo phuthegong ba dirisana mmogo go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri?
6 Moaposetoloi Paulo o ne a re maloko a phuthego a bereka mmogo ka kutlwano ‘go direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.’ (Baef. 4:16) Tsela e re ratang Jehofa ka yone le kobamelo ya boammaaruri e re tlhotlheletsa go dirisana mmogo go tshegetsa tiro ya go rera dikgang tse di molemo le go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi.