LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/09 ts. 1
  • Go Boela Kwa Bathong ba ba Kgatlhegang—Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boela Kwa Bathong ba ba Kgatlhegang—Leng?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boela Batho Gore Ba Nne Le Kanaanelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Boela Kwa go Bao ba Kgatlhegang Kwantle ga Tiego Epe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 11/09 ts. 1

Go Boela Kwa Bathong ba ba Kgatlhegang—Leng?

1. Go dira barutwa go akaretsa eng?

1 Go dira barutwa go akaretsa go boela kwa go mongwe le mongwe yo o bontshang fa a iketleeditse go ithuta ka thulaganyo ya Bogosi jwa ga Jehofa. (Math. 28:19, 20) Nako e e molemo ya go dira maeto a go boela gantsi e ikaegile ka thulaganyo ya rona le ya motho yo o kgatlhegang. Ke eng fa re tshwanetse go boela ka bonako morago ga loeto lwa rona lwa ntlha?

2, 3. Ke eng fa re tshwanetse go leka go boela ka bonako ka mo re ka kgonang ka teng?

2 Ke Eng fa re Tshwanetse go Boela ka Bonako? Tiro ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” e tla tloga e fela mme bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo atametse. (Math. 24:14; 1 Pet. 4:7) Ka jalo, fa batho ba ba kgatlhegang ba sa ntse ba ka kgona go bona “letsatsi la poloko,” re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya go ‘rera lefoko ka potlako,’ mme seno se akaretsa go boela ka bonako ka mo re ka kgonang ka teng go ya go tlhagolela kgatlhego e e bontshitsweng.—2 Bakor. 6:1, 2; 2 Tim. 4:2.

3 Satane o ikemiseditse go senya peo epe fela ya Bogosi e re ka tswang re e jala mo dipelong tsa batho ba ba kgatlhegang. (Mar. 4:14, 15) Maloko a lelapa, badirimmogo le batho ba bangwe gantsi ba sotla batho ba ba bontshitseng kgatlhego. Fa re boela ka bonako re tla kgona go oketsa kgatlhego e motho a nnileng le yone fa re ne re buisana le ene la ntlha, pele ga ba bangwe ba atlega go fedisa kgatlhego eo.

4. Mo loetong lwa ntlha re ka dira jang gore re ipaakanyetse loeto lwa go boela?

4 Baya Nako: Go molemo go dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela pele ga o tsamaya mo loetong lwa gago lwa ntlha. Botsa potso e o tla e arabang mo loetong lo lo latelang. Go botlhokwa go boloka rekoto ya loeto lwa gago lwa ntlha le nako e lo e beileng ya go boela. Fa thulaganyo ya gago e go letla, o ka nna wa kopa go boa letsatsi le le latelang kgotsa ka bonako morago ga foo. Fa e le gore loeto lwa gago lwa ntlha e ne e le ka mafelobeke mme motho yo o kgatlhegang a bereka mo gare ga beke, gongwe o tla dumela gore o mo etele ka mafelobeke a a latelang. Fa o baya nako e o tla boang ka yone, tlhomamisa gore o diragatsa tsholofetso ya gago.—Math. 5:37.

5. Fa re sa diege go boela go tla re thusa jang go diragatsa tiro e Jesu a re fileng yone ya go dira barutwa?

5 Re na le mabaka a a utlwalang a go boela ka bonako ka mo re ka kgonang ka teng mo bathong ba ba kgatlhegang. Ka jalo, baya nako e o tla boang ka yone mme o boele ka bonako, ka gonne “nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakor. 7:29) Fa re boela ka bonako ka mo re ka kgonang ka teng mo bathong ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi, maiteko a rona a tla nna le matswela a a molemo le go feta.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela