LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/09 ts. 1
  • Rera ka Potlako!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rera ka Potlako!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna O na Le Boikutlo Jwa go Potlaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Nna o Akantse Gore Dinako Di Potlakile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Kafa re ka Nnang le Boikutlo Jwa go Potlaka ka Gone fa re Rera
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 12/09 ts. 1

Rera ka Potlako!

1. Ke kgothatso efe ya ga Paulo e re tlhokang go e ela tlhoko mo motlheng wa rona?

1 “Rera lefoko, dira jalo ka potlako.” (2 Tim. 4:2) Ke ka ntlha yang fa kgothatso ya ga Paulo e le botlhokwa jaana mo motlheng wa rona? Mafoko ano a ka tlhotlheletsa jang matshelo a rona le a batho ba bangwe?

2. Ke ka ntlha yang fa re batla batho ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo ka tlhoafalo?

2 Matshelo a a Amega: Batho ba le dimilione go ralala lefatshe ba sa ntse ba tshwanelwa ke go utlwa dikgang tse di molemo tse di ka dirang gore ba bolokiwe. (Bar. 10:13-15; 1 Tim. 4:16) Batho ba le bantsi ba ba dipelo di phepa ba fitlhelwa mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa. Fa re ba etela ka letsatsi le le farologaneng kgotsa ka nako e nngwe ka lone letsatsi leo, re ka nna ra fitlhela motho o sele. Go batla batho ka tlhoafalo jalo go ka dira gore re sale re na le segakolodi se se phepa e bile re se na molato wa madi.—Dit. 20:26.

3. Re ka dirisa jang nako ya rona ka botlhale mo bodireding?

3 Le fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebane le kganetsano ya dikgoka, ba ne ba ‘tlatsa Jerusalema ka thuto ya bone.’ (Dit. 5:28) A le rona re ikemiseditse go “neela bosupi ka botlalo” jalo? (Dit. 10:42) Fa re le mo bodireding, a re dirisa nako ya rona sentle? Fa re ntse re letile fa ba bangwe ba dira maeto a go boela, a re leka go bua le batho ba ba fetang?

4. Go rera ka potlako go re thusa jang gore re nne re disitse?

4 Go Dira Gore re Nne Podimatseba le go Feta: E re ka tsamaiso eno ya dilo e tla tloga e fela, re tshwanetse go nna re le podimatseba, re nna re disitse. (1 Bathes. 5:1-6) Fa re nna re bua ka metlha ka tsholofelo ya Bogosi, re tila go imelwa ke tsamaiso eno ya dilo. (Luke 21:34-36) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re nna re “akantse thata” ka letsatsi la ga Jehofa, re tlhotlheletsega go oketsa seabe sa rona mo tirong ya go rera e e bolokang botshelo.—2 Pet. 3:11, 12.

5. Go tlotla botshelo go re tllhotlheletsa jang mo bodireding?

5 Fa re rera ka potlako, re bontsha gore re na le boikutlo jono jwa ga Jehofa ka botshelo: “Ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9; Esek. 33:11) E kete re ka ikemisetsa go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng mo tshimong ya rona, re dira seno sotlhe go baka Jehofa!—Pes. 109:30.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela