LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 December ts. 14-19
  • Nna Boikokobetso Jaaka Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Boikokobetso Jaaka Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JEHOFA O A ATAMELESEGA
  • JEHOFA O FETOFETOGA LE MAEMO
  • JEHOFA O PELOTELELE
  • JEHOFA GA A TLODISE BATHO BA MAEMO A A KWA TLASE MATLHO
  • Etsa Tsela e Jehofa le Jesu ba Akanyang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Go Aba go Tla Dira Gore o Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 December ts. 14-19

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

PINA 48 Go Tsamaya le Jehofa ka Metlha

Nna Boikokobetso Jaaka Jehofa

“Etsang Modimo ka gonne lo bana ba gagwe ba ba rategang.”​—BAEF. 5:1.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go tlotla ka dilo tse nnê tse di ka re thusang go nna boikokobetso jaaka Jehofa.

1. Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e Jehofa a leng boikokobetso ka yone?

FA O akanya ka baeteledipele ba dipolotiki gompieno, a o ka re ba boikokobetso? O ka tswa o sa akanye jalo. Mme gone, le fa Jehofa e le Mothatayotlhe, o boikokobetso. (Pes. 113:5-8) Ga go na ope yo o boikokobetso jaaka ene. Tota ga go na le fa e le tlhase ya boikgogomoso mo go ene. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ditsela tse nnê tse Jehofa a dirisanang le rona ka tsone e bile re tla bona gore nngwe le nngwe ya tsone e bontsha jang gore o boikokobetso thata. Gape re tla bona gore Jesu o ne a etsa jang tsela e Rraagwe a leng boikokobetso ka yone. Go tlotla ka dintlha tseno, go tla re thusa go atamalana le Jehofa le go bona gore re ka oketsa jang tsela e re leng boikokobetso ka yone gore re mo etse.

JEHOFA O A ATAMELESEGA

2. Pesalema 62:8 e re bolelela eng ka Jehofa? (Bona le setshwantsho.)

2 Ga go motlhofo go bua le motho yo o itseelang kwa godimo. Gantsi batho ba ba itseelang kwa godimo ga ba tshware batho ba bangwe sentle ka gonne ba akanya gore ba botoka go ba gaisa. Ka jalo, seo se dira gore batho ba bangwe ba se ka ba batla go fetsa nako le bone. Mme Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, ga a a nna jalo! E re ka a le boikokobetso, o batla gore re mmolelele sengwe le sengwe se re se akanyang le tsela e re ikutlwang ka yone. (Bala Pesalema 62:8.) Fela jaaka rre yo o lorato a batla gore bana ba gagwe ba mmolelele se ba se akanyang le se ba tshwenyegileng ka sone, Jehofa le ene o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe. Tota e bile, o dirile gore bontsi jwa dithapelo tseo di kwalwe mo Baebeleng. Seo se bontsha gore o a atamelesega. (Josh. 10:12-14; 1 Sam. 1:10-18) Mme go tweng fa e le gore ka dinako tse dingwe re ikutlwa re sa tshwanelege go bua le Jehofa ka gonne re dira diphoso tse dintsi?

Rre o reeditse morwawe a le pelotelele fa a ntse a mo tlhalosetsa gore o thubile nkgwana ya malômô ka phoso a tshameka ka sefofane sa gagwe.

Rre yo o boikokobetso o etsa Jehofa ka go reetsa morwawe yo o thubileng nkgwana ya malômô fa a ntse a tshameka (Bona serapa 2)


3. Ke eng se se re netefaletsang gore Jehofa o batla gore re mo rapele ka metlha?

3 Re tshwanetse go rapela Jehofa, tota le fa re akanya gore ga a ka ke a re rata. Goreng re rialo? Mo setshwantshong sa ga Jesu sa rre le morwawe yo o neng a tswa mo gae, Jehofa o tshwantshiwa le rre yo o lorato yo morwawe a neng a ikutlwa a sa tshwanelege go boela gae ka gonne a dirile diphoso tse dintsi. Rre yoo o ile a dira eng fa morwawe a boela gae? Jesu o ne a re fela fa rre yoo a bona morwawe, o ne “a mo tabogela, a mo tlamparela a bo a mo suna.” (Luke 15:17-20) Jehofa o tshwana le rre yoo. Fela fa a utlwa re mo rapela ka gonne re utlwisitswe botlhoko ke diphoso tse re di dirileng kgotsa re tlhobaela, o re reetsa ka tlhoafalo. (Dikhu. 3:19, 20) O re tlhomogela pelo, e bile fela jaaka rre yo o ileng a tla a tabogetse morwawe, o re netefaletsa gore o a re rata e bile o a re gomotsa. (Isa. 57:15) Jehofa o dira seo jang? Gantsi o dirisa bagolwane, ba malapa a rona ba e leng Bakeresete le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Jak. 5:14, 15) Jehofa o re direla dilo tseno ka gonne a batla gore re atamalane le ene.

4. Goreng go ne go le motlhofo gore batho ba bue le Jesu?

4 Jesu o etsa Rraagwe. Jesu o boikokobetso jaaka Rraagwe. Ke gone ka moo batho ba neng ba kgona go ya kwa go ene ba phuthologile fa a ne a le mo lefatsheng. Ba ne ba sa tshabe go mmotsa dipotso. (Mar. 4:10, 11) Ka jalo, fa a ne a ba botsa gore ba ikutlwa jang ka kgang nngwe, ba ne ba mmolelela se tota ba se akanyang. (Math. 16:13-16) Gape fa ba dira diphoso, ba ne ba sa tshabe gore Jesu o tla ba galefela ka gonne ba ne ba itse gore o ne a le pelonomi, a le kutlwelobotlhoko e bile a le pelotelele. (Math. 17:24-27) E re ka Jesu a ne a etsa Rraagwe bontle jalo, balatedi ba gagwe ba ile ba kgona go itse Jehofa botoka. (Joh. 14:9) Ba ile ba lemoga gore Jehofa o ne a sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa bone, ba ba neng ba le setlhogo, ba itseela kwa godimo e bile ba sa kgathalele batho. Ba ne ba lemoga gore Jehofa ene o boikokobetso e bile o a atamelesega.

5. Goreng go le motlhofo gore batho ba bangwe ba bue le rona fa re le boikokobetso?

5 Re ka etsa Jehofa jang? Fa re ithuta go nna boikokobetso, go tla nna motlhofo gore batho ba bangwe ba re atamele. Fa re se boikokobetso, re tla fufegela ba bangwe, re tla itseela kwa godimo e bile ga re kitla re ba itshwarela, e leng dilo tse di tla dirang gore ba katogele kgakala le rona. Mme fa re le boikokobetso, re tla nna pelonomi, re tla nna pelotelele e bile re tla itshwarela ba bangwe, e leng dilo tse di tla dirang gore go nne motlhofo gore batho ba atamalane le rona. (Bakol. 3:12-14) Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go leka ka natla gore ba atamelesege. E le gore ba kgone go dira jalo, ba tlhoka go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. Seno se raya gore ba tla dira sotlhe se ba se kgonang gore ba nne gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi go na le go tsena dipokano ba le kwa lapeng. Gape fa maemo a bone a ba letla, ba leka go bereka mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo tshimong. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlwaelane le bagolwane, go tla nna motlhofo gore ba ba bolelele sengwe le sengwe ba phuthologile fa ba tlhoka go dira jalo.

JEHOFA O FETOFETOGA LE MAEMO

6-7. Naya dikai tse di bontshang kafa Jehofa a ileng a fetofetoga le maemo ka gone fa batlhanka ba gagwe ba ne ba mo rapela.

6 Batho ba le bantsi ba ba itseelang kwa godimo ba akanya gore ba itse sengwe le sengwe, e bile ga ba a ikemisetsa go fetofetoga le maemo. Mme e re ka Jehofa ene a le boikokobetso, o kgona go fetofetoga le maemo le fa gone a itse sengwe le sengwe. Akanya kafa a ileng a dirisana ka gone le kgaitsadie Moshe e bong Miriame. Ene mmogo le Arone ba ile ba ngongorega ka Moshe. Se ba neng ba se dira se ne se le phoso ka gonne Moshe e ne e le moemedi wa ga Jehofa. Tota re ka re Miriame o ne a bontsha gore ga a tlotle Jehofa. Seo se ile sa dira gore Jehofa a mo galefele a bo a mo itaya ka lepero. Mme Arone o ile a kopa Moshe gore a dire sengwe. Ka jalo, Moshe o ne a kopa Jehofa gore a mo fodise. Jehofa o ne a dira eng? Motho yo o itseelang kwa godimo o ne a ka se fetole tshwetso e a neng a e dirile. Mme Jehofa ene, o ne a dira se se farologaneng. E re ka a le boikokobetso, o ile a fodisa Miriame.​—Dipa. 12:1-15.

7 Gape Jehofa o ile a bontsha gore o boikokobetso fa a ne a dirisana le Kgosi Hesekia. O ile a romela moporofeti Isaia gore a bolelele Hesekia gore o ne a tlile go swa. Hesekia o ile a lela a bo a kopa Jehofa gore a mo fodise. Jehofa o ile a mo utlwela botlhoko a bo a oketsa botshelo jwa gagwe ka dingwaga di le 15. (2 Dikg. 20:1, 5, 6) Re kgona go bona gore boikokobetso bo tlhotlheletsa Jehofa gore a tlhomogele batho pelo le gore a fetofetoge le maemo.

8. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o fetofetoga le maemo? (Mareko 3:1-6)

8 Jesu o etsa Rraagwe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a thusa batho ka dilo tse ba neng ba di tlhoka fa go ne go kgonega. Ka sekai, o ne a fodisa batho ka letsatsi la Sabata, e leng sengwe se baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba mo ganetsa ba neng ba akanya gore ga se a tshwanela go dirwa. (Bala Mareko 3:1-6.) Le gompieno, Jesu o pelotlhomogi e bile o fetofetoga le maemo fa a ntse a etelela phuthego pele. Ka sekai, fa mongwe mo phuthegong a dira boleo jo bo masisi, o nna pelotelele le ene e bile o mo naya tshono ya gore a ikwatlhaye.​—Tshen. 2:2-5.

9. Tsela e re akanyang ka yone le e re dirang dilo ka yone e ka bontsha jang gore re fetofetoga le maemo? (Bona le ditshwantsho.)

9 Re ka etsa Jehofa jang? Re tshwanetse go ithuta go akanya jaaka Jehofa le go fetofetoga le maemo jaaka ene. (Jak. 3:17) Ka sekai, batsadi ba ka etsa Jehofa ka go sa lebelele gore bana ba bone ba dire dilo tse ba ka se kgoneng go di dira. Jakobe o ile a dira jalo, jaaka re bona mo go Genesise 33:12-14. Gape batsadi ba ba boikokobetso e bile ba fetofetoga le maemo, ga ba bapise bana ba bone. Bagolwane le bone ba tshwanetse go fetofetoga le maemo. Ka sekai, mogolwane ga a kitla a pateletsa gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. Go na le moo, o tla ema nôkeng tshwetso e bontsi jwa bagolwane ba dumalanang ka yone fa e sa thulane le melaometheo ya Baebele. (1 Tim. 3:2, 3) Mme rotlhe re ka leka go tlhaloganya tsela e ba bangwe ba akanyang ka yone le e ba ikutlwang ka yone fa go na le sengwe se re sa dumalaneng le bone ka sone. (Bar. 14:1) Mongwe le mongwe mo phuthegong o tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore “batho botlhe ba bone gore ga [a] tlhogoethata” kgotsa o fetofetoga le maemo.​—Bafil. 4:5.

Ditshwantsho: Rre o itumelela go bereka le bana ba gagwe mo tshimong. 1. O a smaela fa morwawe a naya monna mongwe boroutšhara jwa “Itumelele go Tshelela Ruri!” 2. Moragonyana, o a smaela fa morwadie a naya mosadi mongwe karata ya jw.org.

Rre o nna tekatekano fa a bereka le bana ba gagwe mo tshimong ka go sa lebelele gore ba dire se ba ka se kgoneng go se dira (Bona serapa 9)


JEHOFA O PELOTELELE

10. Jehofa o ile a bontsha ka ditsela dife gore o pelotelele?

10 Gongwe o ka tswa o lemogile gore batho ba ba itseelang kwa godimo ga ba rate go leta. Boikgogomoso bo dira gore ba fele pelo. Mme Jehofa ene ga a nna jalo, ga go na motho ope yo o pelotelele jaaka ene! Ka sekai, mo motlheng wa ga Noa, Jehofa o ile a tlhalosa gore o ne a tla leta dingwaga di le 120 pele ga a ka fedisa batho ba ba bosula. (Gen. 6:3) Seo se ile sa naya Noa tshono ya gore a godise bana ba gagwe le gore a age araka a thusiwa ke ba lelapa la gagwe. Moragonyana, Jehofa o ile a reetsa Aborahame a le pelotelele fa a ne a mmotsa ka go senngwa ga Sodoma le Gomora. Motho yo o itseelang kwa godimo o ne a ka raya Aborahame a re, ‘A o tsaya gore ga ke itse se ke se dirang?’ Mme gone, e re ka Jehofa a le boikokobetso, o ile a nna pelotelele le Aborahame.​—Gen. 18:20-33.

11. Go ya ka 2 Petere 3:9, goreng Jehofa a le pelotelele mo motlheng wa rona?

11 Jehofa o sa ntse a le pelotelele le mo motlheng wa rona. O letetse nako e a e beileng ya gore a fedise batho ba ba bosula. Goreng a le pelotelele? “Ka gonne ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.” (Bala 2 Petere 3:9.) A Jehofa o letetse lefela? Nnyaa! Batho ba le bantsi ba kgonne go atamalana le ene. Le rona re solofela gore go sa ntse go na le batho ba bangwe ba bantsi ba ba tla dirang jalo. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka se nne pelotelele go ya go ile. O rata batho, mme gone a ka se ba letlelele gore ba tswelele fela ba dira se ba se batlang. O tlile go fedisa batho ba ba bosula.​—Hab. 2:3.

12. Jesu o bontsha jang gore o pelotelele jaaka Jehofa?

12 Jesu o etsa Rraagwe. Go fetile diketekete tsa dingwaga Jesu a ntse a le pelotelele jaaka Jehofa. O ile a bona Satane a anamisa maaka ka Jehofa le ka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Gen. 3:4, 5; Jobe 1:11; Tshen. 12:10) Gape Jesu o ntse a bona fa batho ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Ga go pelaelo gore o swegaswega pelo “go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Joh. 3:8) Ke eng se se thusang Jesu gore a kgone go leta a le pelotelele go fitlha Jehofa a mo letla go senya ditiro tsa ga Diabolo gotlhelele? Sengwe se se mo thusang ke gore o boikokobetso. Jesu o a itse gore Jehofa ke ene a dirang tshwetso ya gore bokhutlo bo tla tla leng.​—Dit. 1:7.

13. Jesu o ile a bontsha jang gore o pelotelele le baaposetoloi ba gagwe, mme ka ntlha ya eng?

13 Gape fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a le pelotelele le baaposetoloi ba gagwe. Ka sekai, fa baaposetoloi ba ne ba nna ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo gare ga bone, o ne a se ka a ba tlhoboga. Go na le moo, o ne a tswelela a le pelotelele. (Luke 9:46; 22:24-27) O ne a tshepa gore fa nako e ntse e tsamaya, ba tla dira diphetogo. A le wena o kile wa dira phoso e e tshwanang ka makgetlo a le mantsi? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o lebogela go bo o na le Kgosi e e boikokobetso jalo e bile e le pelotelele.

14. Ke eng se se ka re thusang gore re nne pelotelele?

14 Re ka etsa Jehofa jang? Gore re kgone go akanya le go dira dilo jaaka Jehofa, re tshwanetse go ithuta go “akanya jaaka Keresete.” (1 Bakor. 2:16) Ke eng se se ka re thusang go akanya jaaka Keresete? Re ka thusiwa ke go bala dibuka tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. Go tswa foo, re tlhoka go ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka se Jesu a neng a se dira le lebaka la go bo a ne a se dira. Gape re tlhoka go kopa Jehofa gore a re thuse go nna boikokobetso le go nna pelotelele jaaka Jesu. Fa re ntse re leka go akanya jaaka Keresete, re tla kgona go etsa Jehofa ka go sa iphelele pelo le ka go nna pelotelele le badumedimmogo le rona.​—Math. 18:26-30, 35.

JEHOFA GA A TLODISE BATHO BA MAEMO A A KWA TLASE MATLHO

15. Naya dikai tse di bontshang gore Jehofa o anaanela batho ba maemo a a kwa tlase. (1 Samuele 2:8)

15 Bala 1 Samuele 2:8. Ruri go a itumedisa go itse gore Molaodimogolo wa lobopo lotlhe o anaanela batho ba maemo a a kwa tlase! Akanya ka dikai di le mmalwa tsa batho ba maemo a a kwa tlase ba Jehofa a ileng a bontsha gore o a ba rata fa dingwaga di ntse di feta. O ka tswa o sa gopole bangwe ba bone, mme gone go kwadilwe ka bone mo Baebeleng. Ka sekai, Jehofa o ile a laela Moshe gore a kwale leina la mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Debora, yo o neng a bereka mo lelapeng la ga Isake le la ga Jakobe. O ile a direla malapa ao ka boikanyegi ka dingwaga di ka nna 125. Le fa go sa buiwe thata ka mosadi yono yo o ikanyegang, Jehofa o ile a netefatsa gore go kwalwa ka mosadi yono yo o rategang mo Baebeleng. (Gen. 24:59; 35:8, ntlh.) Makgolo a dingwaga moragonyana, Jehofa o ile a dira Dafide, yo e neng e le modisa, kgosi ya setšhaba sa Iseraele. (2 Sam. 22:1, 36) Fa Jesu a sena go tsholwa, Jehofa o ile a dira gore badisa e nne bone ba ntlha go itse ka kgang eno. O ile a romela baengele kwa go bone gore ba ba itsise gore Mesia o sa tswa go tsholwa mo motseng o o gaufi wa Bethelehema. (Luke 2:8-11) Fa Josefa le Marea ba isa Jesu kwa tempeleng, Jehofa o ile a bontsha gore o tsaya Simeone le Ana ba ba neng ba setse ba tsofetse ba le botlhokwa ka go dira gore ba bone Morwawe. (Luke 2:25-30, 36-38) Ruri Jehofa “o kakatlolola motho wa maemo a a kwa tlase mo loroleng”!

16. Jesu o ile a bontsha jang gore o etsa Rraagwe ka tsela e a dirisanang le batho ka yone?

16 Jesu o etsa Rraagwe. Fela jaaka Rraagwe, Jesu o rata batho ba ba tseelwang kwa tlase. O ne a ruta batho ‘ba sa rutegang e bile e le batho fela ba ba tlwaelegileng’ ka Bogosi Jwa Modimo. (Dit. 4:13; Math. 11:25) Gape tsela e a neng a ba fodisa ka yone e ne e dira gore ba ikutlwe ba ratiwa e bile ba tlotliwa. (Luke 5:13) Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ile a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao, e leng tiro e e neng e dirwa ke batlhanka. (Joh. 13:5) Pele Jesu a boela kwa legodimong. O ile a naya balatedi ba gagwe, go akaretsa le rona gompieno, tiro ya botlhokwa ya go thusa batho go bona botshelo jo bo sa khutleng.​—Math. 28:19, 20.

17. Re ka bontsha jang gore re rata ba bangwe le gore re a ba tlotla? (Bona le setshwantsho.)

17 Re ka etsa Jehofa jang? Re bontsha gore re rata batho le gore re a ba tlotla fa re rerela mongwe le mongwe dikgang tse di molemo, a ka tswa a godisitswe ka tsela efe, e le wa lotso lofe, a rutegile kgotsa a sa rutega. Gape re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re a ba tlotla, e ka ne re na le maikarabelo mangwe mo phuthegong kgotsa re kgona go dira dilo dingwe botoka go ba gaisa. (Bafil. 2:3) Jehofa o a itumela fa re dira dilo tseno le tse dingwe go bontsha gore re “ba ntlha” go tlotla ba bangwe.​—Bar. 12:10; Sefa. 3:12.

Bokgaitsadi ba le babedi ba ruta mosadi mongwe wa legolegwa Baebele kwa kgolegelong.

Re bontsha gore re boikokobetso jaaka Jehofa fa re rerela batho botlhe dikgang tse di molemo (Bona serapa 17)a


18. Goreng o batla go nna boikokobetso jaaka Jehofa?

18 Fa re leka go nna boikokobetso jaaka Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, tsela e re atamelesegang ka yone, e re fetofetogang le maemo ka yone, le e re leng pelotelele ka yone, e tla nna botoka le go feta. Gape re tla rata ba bangwe le go ba tlotla jaaka Jehofa. A re nneng re gopola gore fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go nna boikokobetso jaaka Modimo wa rona, seo se tla dira gore a re tseye re le botlhokwa thata!​—Isa. 43:4.

BOIKOKOBETSO BO KA GO THUSA JANG GORE . . .

  • o atamelesege?

  • o fetofetoge le maemo?

  • o nne pelotelele?

PINA 159 Galaletsa Jehofa

a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Bokgaitsadi ba bontsha gore ba rata batho botlhe jaaka Jehofa ka go ruta magolegwa a basadi Baebele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela