LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfs setlhogo 23
  • Jehofa o Nthusitse go Godisa Bana Ba me Ba Batlhano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Nthusitse go Godisa Bana Ba me Ba Batlhano
  • Dipego Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenyalo le go Ganediwa
  • Go Ruta Bana ba Me
  • Re ne Re Ipeetse Mokgele wa go Nna Babulatsela
  • Maemo a a Bokete
  • Ke Swegaswega Pelo go ba Bolelela Gore, “Rotlhe re Teng!”
    Tsogang!—2010
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
  • Jehofa o Nthusitse go mo Direla ka Pelo Yotlhe
    Dipego Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa
  • Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 1
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipego Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa
lfs setlhogo 23
Carol Appleby.

KGANG YA BOTSHELO JWA GA CAROL APPLEBY

Jehofa o Nthusitse go Godisa Bana Ba me Ba Batlhano

Ke feditse botshelo jwa me jotlhe kwa North Yorkshire, kwa England, mo toropong e e gaufi le Malton. Ke lefelo le lentle le le nang le dithaba, dikgwa tse ditala le matlo a a agilweng ka matlapa. E ne e le lefelo le le siametseng go godisa bana ba me ba batlhano. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ne go se motlhofo. Mma ke lo tlhalosetse gore goreng ke rialo.

Ke goletse kwa polaseng e nnye mme ke ne ke nna le batsadi ba me, bonkgonne ba babedi le bonnake ba babedi. Polase ya rona e ne e na le bontsi jwa dilo tse re neng re di tlhoka. Re ne re na le dikoko, dikolobe le dikgomo. Le fa gone re ne re dira ka natla kwa polaseng, re ne re itumetse.

Carol o bapile le pidipidi.

Kwa polasing fa ke ne ke na le dingwaga di le 14

Re ne re tsena kereke ya Methodist. Papa o ne a opela monate, ka jalo o ne a le mo khwaereng ya kereke mme o ne a tle a ye go opela kwa dikerekeng tse dingwe. Gantsi ke ne ke tsamaya le ene. Dikago tsa dikereke tseo di ne di le ditona thata, di agilwe ka matlapa mme ka mariga di ne di le tsididi tota. Fa papa a opela o ne a ema kwa pele. Ditulo tse di kwa pele di ne di beetswe fela batho ba ba tsewang ba le botlhokwa, ka jalo ke ne ke tshwanelwa ke go nna kwa morago. Mme gone ke ne ke rata go reetsa papa a opela.

Mmaagwe Papa, yo ke neng ke mmitsa Granny, o ne a re etela Sontaga mongwe le mongwe. Ka maswabi fa ke na le dingwaga di ka nna 16, o ile a tlhokafala. Ke ne ke utlwile botlhoko fela thata, mme ke ne ke ipotsa gore o kwa kae le gore a ke tla tsamaya ke mmona gape. E le gore ke kgone go bona dikarabo tsa dipotso tseo, ke ne ke nna ke ya kwa mosading mongwe yo o neng a re o kgona go bua le baswi. Ntlo ya gagwe e ne e le tsididi, e le leswe e bile e tshosa. Tota ke ne ke batla go itse fela gore Granny o kwa kae mme mosadi yoo, o ne a sa kgone go nkaraba.

Morago ga dingwaga di le mmalwa, mongwe wa ba losika lwa ga rre, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa o ile a ntaletsa gore ke ye dipokanong. Ke ile ka ya, le fa gone ke ne ke utlwile gotwe Basupi ba obamela Modimo ka tsela e e sa tlwaelegang. Fa ke le kwa dipokanong mosadi mongwe yo o botsalano, o ile a kopa gore ke ithute Baebele le ene. Ke kafa ke simolotseng go ithuta ka Jehofa ka gone. Kwa tshimologong ke ne ke dirisa Baebele ya thanolo ya King James Version, ka gonne Mama o ne a re Baebele e e dirisiwang ke Basupi ga e boammaaruri. Mme ka bonako ke ne ka lemoga gore seo e ne e se boammaaruri.

Ke ne ke itumelela se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng, segolobogolo go itse gore Granny o ne a “robetse” mo losong mme ke ne ke tla mmona gape fa a tsosiwa mo baswing!a Fa ke ntse ke ithuta ke ile ka lemoga gore ga ke itse sepe ka Modimo le ka Baebele. Tota le Papa yo o feditseng dingwaga di le dintsi a tsena kereke, o ne a sa itse sepe ka Modimo. Re ne re tlhola re opela thata sefela se se reng “Guide Me, O Thou Great Jehovah [Nkaele, Jehofa yo Mogolo]” mme gone re ne re sa itse Jehofa yo re neng re opela ka ene.

Lenyalo le go Ganediwa

Lekau la me e bong Ian, o ile a bontsha go kgatlhegela se ke neng ke se ithuta mme le ene o ile a simolola go ithuta Baebele. O ile a simolola go dirisa se a neng a se ithuta, a bo a tlogela le go goga. Ka September 1971, re ile ra nyalana. Nakwana morago ga foo, tumelo ya rona e ile ya lekwa fa mmaagwe Ian a tlhokafala re sa lebelela. Balosika le ditsala ba ne ba batla gore re nne teng kwa diphathing tse ba neng ba di dira tse di tsamaisanang le phitlho. Kwa diphathing tseo, batho ba bantsi ba ne ba goga motsoko e bile ba nwa bojalwa thata. Seo se ile sa dira gore Ian a nne le kgatelelo ya go boela kwa mekgweng ya gagwe ya kgale.

Ka maswabi, Ian o ile a boela kwa mekgweng ya gagwe ya kgale mme a tlogela go dirisa se a neng a se ithuta. O ne a sa tlhole a ithuta Baebele ka metlha e bile a sa ye dipokanong ka metlha. Mme nna ke ne ke rata go ithuta Baebele, go ya dipokanong le go ya bodireding. Ke ile ka kolobediwa ka di9 tsa March, 1972, mme Ian o ne a tla go mpona fa ke kolobediwa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o ile a simolola go nthibela go obamela Jehofa. Kwa tshimologong o ne a sa batle le go bona dikgatiso tsa rona fa di fetileng teng. Go tswa foo o ne a sa tlhole a batla gore ke ye bodireding. Kwa bofelong, o ne a mpateletsa gore ke tsamaye le ene kwa bareng e go neng go rekisiwa bojalwa le dijo mo go yone, gore re ye go keteka Keresemose le di-birthday. Ka dinako dingwe ke ne ke tsamaya le ene ka gonne ke batla go mmontsha gore ke a mo tlotla ka gonne e le tlhogo ya lelapa, le fa go ntse jalo, ke ne ke nna kelotlhoko gore ke se ka ka dira sepe se se kgatlhanong le se Baebele e se rutang.b Fa ke le koo, ke ne ke ya kwa ntlwaneng mme ke bo ke rapela, ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke tswelele ke ikanyega le gore ke nne le segakolodi se se phepa. Ka metlha, ke ne ke lemoga gore Jehofa o nkema nôkeng.

Ka nako eo nna le Ian re ne re na le bana ba le bararo ba basimane e bong Philip, Nigel le Andrew. E re ka e ne e le mokgweetsi wa diteraka o ne a fetsa bontsi jwa nako a seyo mo gae. Ke ne ke leka ka natla go nna mosadi yo o siameng, mme ka fa letlhakoreng le lengwe ke dira bojotlhe go direla Jehofa. Mo gare ga beke fa Ian a le kwa tirong, ke ne ke ya bodireding mme ka mafelobeke fa a le teng mo gae ke ne ke fetsa nako le ene. Ka metlha ke ne ke ela tlhoko gore ke se ka ka bua sepe se se maswe ka ene fa ke bua le bana ba rona.

Ke ne ke na le ditsala tse dintsi mo phuthegong, mme fa ke etela Mama le Papa ke ne ke tsamaya le bangwe ba bone. Fa nako e ntse e ya, batsadi ba me ba ile ba simolola go rata ditsala tsa me tse disha. Fa mokaulengwe mongwe mo phuthegong ya rona a sena go tlhokafala, Mama o ne a ya phitlhong ya gagwe e e neng e tshwaretswe kwa Holong ya Bogosi. Nakwana morago ga foo, Mama, Papa, nkgonne e bong Stanley le mosadi wa gagwe, Averil ba ne ba simolola go ithuta Baebele ba bo ba kolobediwa.

Stanley le Averil ba ne ba na le ngwana wa mosimane le wa mosetsana. Nna le Averil re ne re itumelela go ya bodireding le bana ba rona. Re ne re se na dikoloi, ka jalo re ne re tsamaya dikilomitara di le dintsi mo bodireding re kgarametsa diporema, mme gone re ne re itumetse thata. Ke ne ke tsenya Andrew le Nigel mo poremeng, mme Philip ene o ne a tsamaya a bapile le rona a e tshwere.

Carol o na le rraagwe le barwa ba gagwe ba babedi mme ba eme fa pele ga ditente.

Re le kwa kopanong mme re robala mo ditenteng, ke na le Philip, Nigel le Papa

Go Ruta Bana ba Me

Nna le Ian re ile ra nna le bana ba bangwe ba babedi e bong Caroline le Debbie. Ke ne ke ikemiseditse go ruta bana ba me gore ba itse Jehofa le gore ba mo direle. Ke ne ke leka ka bojotlhe go dirisa kgakololo epe e Baebele e e nayang batsadi. E re ka ke ne ke ineetse mo go Jehofa, ke ne ke dira dilo ka tsela ya ga Jehofa gore bana ba me ba bone gore ke tshelela maikano a me.

Lengwe la makwalo a ntlha a ke neng ke a tshwere ka tlhogo ke 1 Bakorintha 15:33, le le reng: “Fa lo tsalana le batho ba ba bosula, ba tla senya mekgwa ya lona e mentle.” Kwa kopanong nngwe kgaitsadi mongwe o ile a re o ne a kgothaletsa bana ba gagwe gore ditsala tsa bone tsa kwa sekolong di felele kwa sekolong. Ke ne ke batla go dira se se tshwanang mme go ne go le thata go dira jalo! Ka dinako dingwe bana ba me ba basimane ba ne ba ikutswa, gore ba ye go tshameka bolo le ditsala tsa bone tsa kwa sekolong. Bontsi jwa bana bao e ne e le bana ba ba siameng, mme gone ba ne ba sa direle Jehofa. Seo se ne se bonala sentle mo dilong tse ba neng ba di dira le tse ba neng ba di bua.

Nako nngwe ke ne ka bolelela basimanyana ba me gore fa ba batla go tshameka bolo, ke tla tshameka le bone fa ba boa kwa sekolong. Seo se ne sa itaya se fololetse, ka gonne ke ne ke sa itse go tshameka bolo! Le fa go ntse jalo, ke ile ka tswelela ke leka go thusa bana ba me go tlhaloganya botlhokwa jwa go tlhopha ditsala ka botlhale. Fa nako e ntse e ya, basimane ba me ba ile ba kgona go bona ditsela tse di farologaneng tsa go ikentsha bodutu, ba sa tshameke le bana ba ba sa direleng Jehofa.

Temana e nngwe e ke neng ke nna ke akanya ka yone ke 1 Johane 2:17, e e reng: “Lefatshe le a feta le dilo tsotlhe tse di mo go lone tse batho ba di eletsang, mme motho yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosakhutleng.” Ke ne ke itse gore lefatshe la ga Satane le a feta, ka jalo mokgele wa me e ne le go thusa bongwanake go tlhoma mogopolo mo kamanong e ba nang le yone le Jehofa le gore ba kgone go mo itumedisa. Fa mathata a tlhaga, go sa kgathalesege gore a mannye go le kana kang, ke ne ke rapela mme ka metlha ke ne ke bona kaelo mo Dikwalong. Fa ke bontsha bana ba me kgakololo e e tswang mo Baebeleng, ba ne ba lemoga gore ba kaelwa ke Jehofa e seng nna. Ke ne ke leka go ba kgothatsa ka se ke se buang e bile ke ne ke leka go ba tlhomela sekao se se molemo mme matswela a ile a nna a mantle. Ka sekai, go tloga fa ba le bannye, bana ba me botlhe ba ne ba na le batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba boela kwa go bone fa re le mo bodireding, mme seo se ne se ba kgothatsa e bile se dira gore ba itumele.

Ke ne ke itse gore go botlhokwa fela thata gore re nne gone kwa dipokanong. Mme gone nako nngwe, ke ile ka lemoga gore fa re le kwa dipokanong tsa mo gare ga beke, bongwanake ba ne ba nna ba lapile. Ka jalo ka letsatsi la dipokano, ke ne ke ba tsaya kwa sekolong, ke ba direla dijo tse di motlhoswana, re bo re robala go se kae. Seo se ne se ba thusa gore ba se ka ba robala kwa dipokanong. Re ne re sa ye dipokanong fa fela mongwe wa rona a ne a lwala mo a neng a sa kgone go ya Holong ya Bogosi. Fa re sa kgona go ya dipokanong, re ne re ithuta mmogo se se neng se tla ithutiwa kwa dipokanong ka letsatsi leo. Re ne re lebelela TV fela fa re ne re feditse go ithuta mmogo. Ka dinako dingwe Ian o ne a tla gae re sa lebelela, fa seo se direga re ne re itlhaganelela go fitlha dibuka tsa rona, re bo re tshuba TV.

Re ne re tlhomamisa gore re nna le kobamelo ya lelapa ka metlha. Ka dinako dingwe re ne re tlotla ka Bethele le gore ba ne ba ka rata go direla kwa mafapheng afe kwa Bethele.

Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Bana ba me ba ke ba ratang thata—Philip, Caroline, Debbie, Andrew le Nigel

Re ne Re Ipeetse Mokgele wa go Nna Babulatsela

Fa ngwanake wa ntlha e bong Philip, a na le dingwaga di le 16, a tloga a fetsa sekolo, o ne a solofediwa tiro ya go baakanya dikoloi. Gape o ne a ka dira tiro ya part-time ya go phepafatsa difensetere. O ne a sa batle go tsaya tiro ya go phepafatsa difensetere, ka gonne a re fa a ka tsaya tiro ya go baakanya dikoloi a ka kgona go thusa mo lapeng. Ke ile ka mo tlhalosetsa gore ke maikarabelo a ga rraagwe go tlhokomela lelapa, e seng a gagwe. Gape ke ile ka mmolelela gore ga re ise re ko re tlhaele sepe mo lapeng, le gore fa a ka tlhopha tiro ya go phepafatsa difensetere, a ka kgona go simolola bobulatsela.

Fa Philip a fetsa sekolo, o ile a nna mmulatsela wa ka metlha mme nna ke ne ka nna mmulatsela yo o thusang. Fa ngwanake wa bobedi e bong Nigel a fetsa sekolo, le ene o ile a tsaya bobulatsela mme nna ke ile ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Ke ne ke akanya gore fa nka nna mmulatsela, tota le fa e ka nna ngwaga o le mongwe fela, ke ne ke tla kgona go dira le bone kwa bodireding le go ya sekolong sa babulatsela le bone. Moragonyana ke ile ka ya sekolong sa babulatsela le Nigel.

Ke ne ke itumelela go nna mmulatsela, e bile ke ne ke itse gore go direla Jehofa ka tsela eno go ne go tla tlhomela bongwanake sekao se se molemo. Jehofa o ile a nthusa gore ke kgone go nna mmulatsela dingwaga di le 35. Fa Ian a ne a itsile gore ke mmulatsela, a ka bo a ile a leka go nthibela. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ya bodireding fa a le kwa tirong, gore ke kgone go fetsa nako le ene fa a le mo gae.

Fa nako e ntse e ya, Nigel o ile a tsenya kopo ya go direla kwa Bethele mme o ile a amogelwa. Fa a le koo, o ile a kgona go nna le ditsala tse dintsi tse di molemo, e bile o ile a amogela katiso e e ileng ya mo thusa go gola mo tumelong. Philip le Andrew, ba ile ba ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi.c Go ya ka nna, bongwanake ba ile sekolong seo e le basimanyana fela, mme ba boile e le banna. (1 Petere 5:10) Jehofa o naya batho ba gagwe katiso ya maemo a a kwa godimo. Ke leboga Jehofa le phuthego ya gagwe ka katiso e basimane ba me ba e amogetseng.

Carol o a smaela fa a ntse a tsamaya mo mmileng.

Ke ya bodireding

Maemo a a Bokete

Ke ile ka feta mo maemong a a bokete mo botshelong. Teko e kgolo e ke ileng ka lebana le yone ke fa monna wa me a ne a sa ikanyege. Morago ga dingwaga di le 33 re nyalane, o ne a ntlogela mme a ya go nna le mongwe o sele. Kgwetlho e nngwe e ke ileng ka lebana le yone, e ne le go bona batsadi ba me ba tsofala. Ke ne ke utlwile botlhoko tota fa Papa a ne a tlhokafala ka March 1997. Mama o ile a sala a le nosi mme kgwetlho e nngwe e ne e le gore o ne a sa kgone go kgweetsa. E re ka Papa a ne a sa tlhole a le teng, Mama o ne a nna a utlwile botlhoko e bile a jewa ke bodutu, ka jalo ke ne ke a tle ke mo founele ke bo ke mo raya ke re, “A nka tla go go tsaya ka koloi re iphokise phefo mme re ye le go bona dipoelo dingwe?” Morago ga dingwaga di le mmalwa, Mama le ene o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Tshwetso eno e ile ya mo thusa gore a itumelele botshelo gape. O ne a itumelela bobulatsela ka dingwaga di le 10, mme a tswelela a ikanyega go fitlha a tlhokafala.

Go ne go se motlhofo go godisa bana ba le batlhano gore ba direle Jehofa. Ke ne ke itse gore bana ba me ke bone ba tshwanetseng go itlhophela gore a ba tla direla Jehofa. Ke ne nka se kgone go laola se ba se dirang, mme nna ke ne nka kgona go laola se ke se dirang. Ka jalo, ke ne ka ikobela kaelo ya ga Jehofa, mme ka dira ka natla go ruta bana ba me le go ba tlhomela sekao se se molemo. Ke motlotlo tota gore bana ba me ba ile ba tlhopha go direla Jehofa.d Ruri ke itumelela gore Jehofa o nthusitse go ba godisa!

Carol o tsaya senepe le bana ba gagwe ba  batlhano ba itumetse.

Ke na le bana ba me gompieno

a Bona bidio e e reng Go Diragala Eng ka Batho ba ba Suleng?

b Bona ntlha e e kwa bofelong 5 e e reng, “Malatsi a Boikhutso le Meletlo” e e mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!

c Sekolo seno se emiseditswe ka Sekolo sa Baboledi ba Bogosi.

d Gompieno, Philip ke motlhatlheledi mo dikolong tsa puso ya Modimo kwa Ireland. Nigel o tlhokomela Holo ya Dikopano kwa England. Andrew ene ke mogolwane mme o na le dingwaga di le 30 e le mmulatsela. Caroline o na le dingwaga di le 5 e le mmulatsela, Debbie ene o nna kwa lapeng mme o thusa Carol mo bodireding.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela