Matlhatso, October 25
Shafane o ne a simolola go e bala fa pele ga kgosi.—2 Ditir. 34:18.
Fa Kgosi Josia a na le dingwaga di le 26, o ne a simolola go baakanya tempele. Fa tempele e ntse e baakanngwa, go ne ga bonwa “buka ya Molao wa ga Jehofa o o neng o neilwe Moshe.” Kgosi Josia o ne a kopa gore e balwe, mme ka yone nako eo, o ne a simolola go dira se se neng se kwadilwe mo go yone. (2 Ditir. 34:14, 19-21) A o ipeetse mokgele wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi? Fa e le gore go ntse jalo, go ntse go tsamaya jang? A o tla o kwala ditemana tse di tla go thusang? Fa Josia a na le dingwaga di ka nna 39, o ne a dira phoso e e neng ya dira gore a bolawe. O ne a dira se a neng a akanya gore se siame go na le go kopa kaelo ya ga Jehofa. (2 Ditir. 35:20-25) Re ithuta eng? Re tshwanetse go batla kaelo ya ga Jehofa le fa re ka tswa re godile kgotsa re na le lobaka lo loleele re ithuta Baebele. Re ka dira jalo ka go rapela ka metlha, go ithuta Baebele le go kopa kgakololo mo Bakereseteng ba bangwe. Fa re dira jalo, ga re kitla re dira diphoso tse di ka re tsenyang mo mathateng e bile re tla itumela.—Jak. 1:25. w23.09 12 ¶15-16
Sontaga, October 26
Modimo ga a itumelele batho ba ba mabela, mme o naya ba ba ikokobeditseng bopelonomi jo bogolo.—Jak. 4:6.
Baebele e bua ka basadi ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba mo direla. Ba ne ba “na le mekgwa e mentle” e bile “ba ikanyega mo dilong tsotlhe.” (1 Tim. 3:11) Le gompieno go na le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba tlhomang sekao, ba bokgaitsadi ba basha ba ka ithutang dilo di le dintsi mo go bone. Bokgaitsadi ba basha, ga go pelaelo gore go na le bokgaitsadi ba ba tlhomang sekao ba lo ka ba etsang mo phuthegong ya lona. Nnang lo gopotse gore dilo makwati di tsewa mo go ba bangwe. Ka jalo, leka go bona gore ba na le dinonofo dife tse dintle, go tswa foo o bo o ba etsa. Gore re nne Bakeresete ba ba tlhomang sekao, re tshwanetse go nna boikokobetso. Fa mosadi a le boikokobetso, o tla atamalana le Jehofa e bile o tla kgona go dirisana sentle le batho ba bangwe. Ka sekai, mosadi yo o ratang Jehofa o ikobela se se kwadilweng mo go 1 Bakorintha 11:3. Mo temaneng eno, Jehofa o tlhalosa gore Keresete ke tlhogo ya phuthego mme monna ke tlhogo ya lelapa. Go na le tsela e molaomotheo ono o tshwanetseng go dirisiwa ka yone mo phuthegong le mo lelapeng. w23.12 18-19 ¶3-5
Mantaga, October 27
Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone.—Baef. 5:28.
Jehofa o batla gore monna a rate mosadi wa gagwe, a mo tlhokomele le gore e nne tsala ya gagwe. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe go atamalana le Jehofa. Ka jalo, fa o le mokaulengwe e bile o batla go nyala, go nna le bokgoni jwa go akanya, go tlotla basadi le go dira maikarabelo a o a neilweng, go tla go tswela mosola. Fa o sena go nyala, o ka nna le bana. Go na le dilo tse o ka di ithutang mo go Jehofa ka go dira maikarabelo ao. (Baef. 6:4) Jehofa o ne a bolelela Morwawe gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17) Fa o nna le bana, ba bolelele gore o a ba rata o bo o ba akgolele dilo tse dintle tse ba di dirang. Borre ba ba etsang Jehofa, ba thusa bana ba bone gore e nne banna le basadi ba ba tlhomang sekao. O ka ipaakanyetsa maikarabelo ao ka go tlhokomela ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong, e bile o ka ba bolelela gore o a ba rata le gore ba botlhokwa.—Joh. 15:9. w23.12 28-29 ¶17-18