LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Puo e ntšha e e gone: Betsileo
  • Gompieno

Sontaga, October 26

Modimo ga a itumelele batho ba ba mabela, mme o naya ba ba ikokobeditseng bopelonomi jo bogolo.​—Jak. 4:6.

Baebele e bua ka basadi ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba mo direla. Ba ne ba “na le mekgwa e mentle” e bile “ba ikanyega mo dilong tsotlhe.” (1 Tim. 3:11) Le gompieno go na le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba tlhomang sekao, ba bokgaitsadi ba basha ba ka ithutang dilo di le dintsi mo go bone. Bokgaitsadi ba basha, ga go pelaelo gore go na le bokgaitsadi ba ba tlhomang sekao ba lo ka ba etsang mo phuthegong ya lona. Nnang lo gopotse gore dilo makwati di tsewa mo go ba bangwe. Ka jalo, leka go bona gore ba na le dinonofo dife tse dintle, go tswa foo o bo o ba etsa. Gore re nne Bakeresete ba ba tlhomang sekao, re tshwanetse go nna boikokobetso. Fa mosadi a le boikokobetso, o tla atamalana le Jehofa e bile o tla kgona go dirisana sentle le batho ba bangwe. Ka sekai, mosadi yo o ratang Jehofa o ikobela se se kwadilweng mo go 1 Bakorintha 11:3. Mo temaneng eno, Jehofa o tlhalosa gore Keresete ke tlhogo ya phuthego mme monna ke tlhogo ya lelapa. Go na le tsela e molaomotheo ono o tshwanetseng go dirisiwa ka yone mo phuthegong le mo lelapeng. w23.12 18-19 ¶3-5

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Mantaga, October 27

Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone.​—Baef. 5:28.

Jehofa o batla gore monna a rate mosadi wa gagwe, a mo tlhokomele le gore e nne tsala ya gagwe. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe go atamalana le Jehofa. Ka jalo, fa o le mokaulengwe e bile o batla go nyala, go nna le bokgoni jwa go akanya, go tlotla basadi le go dira maikarabelo a o a neilweng, go tla go tswela mosola. Fa o sena go nyala, o ka nna le bana. Go na le dilo tse o ka di ithutang mo go Jehofa ka go dira maikarabelo ao. (Baef. 6:4) Jehofa o ne a bolelela Morwawe gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17) Fa o nna le bana, ba bolelele gore o a ba rata o bo o ba akgolele dilo tse dintle tse ba di dirang. Borre ba ba etsang Jehofa, ba thusa bana ba bone gore e nne banna le basadi ba ba tlhomang sekao. O ka ipaakanyetsa maikarabelo ao ka go tlhokomela ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong, e bile o ka ba bolelela gore o a ba rata le gore ba botlhokwa.​—Joh. 15:9. w23.12 28-29 ¶17-18

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labobedi, October 28

[Jehofa] ke ene yo o go sireletsang.​—Isa. 33:6.

Le fa gone re direla Jehofa ka boikanyegi, re na le mathata e bile re a lwala fela jaaka batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, re ka nna ra bogisiwa ke batho ba ba sa re rateng. Le fa gone Jehofa a sa dire gore re se ka ra nna le mathata, o re solofetsa gore o tla re thusa. (Isa. 41:10) O re thusa gore re kgone go tswelela re itumetse, re dire ditshwetso tse di siameng le gore re ikanyege mo go ene le fa re na le mathata a a boima. Jehofa o solofetsa gore o tla re naya kagiso. (Bafil. 4:6, 7) Re nna le kagiso eno ka gonne re atamalane thata le ene. Baebele e a re kagiso eno, ke e “batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.” Ka sekai, a o kile wa rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme fa o sena go rapela o bo o ikutlwa o wetse makgwafo? O ile wa ikutlwa jalo ka gonne Jehofa o ile a go naya kagiso. w24.01 20 ¶2; 21 ¶4

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela