Labobedi, October 28
[Jehofa] ke ene yo o go sireletsang.—Isa. 33:6.
Le fa gone re direla Jehofa ka boikanyegi, re na le mathata e bile re a lwala fela jaaka batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, re ka nna ra bogisiwa ke batho ba ba sa re rateng. Le fa gone Jehofa a sa dire gore re se ka ra nna le mathata, o re solofetsa gore o tla re thusa. (Isa. 41:10) O re thusa gore re kgone go tswelela re itumetse, re dire ditshwetso tse di siameng le gore re ikanyege mo go ene le fa re na le mathata a a boima. Jehofa o solofetsa gore o tla re naya kagiso. (Bafil. 4:6, 7) Re nna le kagiso eno ka gonne re atamalane thata le ene. Baebele e a re kagiso eno, ke e “batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.” Ka sekai, a o kile wa rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme fa o sena go rapela o bo o ikutlwa o wetse makgwafo? O ile wa ikutlwa jalo ka gonne Jehofa o ile a go naya kagiso. w24.01 20 ¶2; 21 ¶4
Laboraro, October 29
Mma ke bake Jehofa; a sengwe le sengwe se se mo teng ga me se bake leina la gagwe le le boitshepo.—Pes. 103:1.
Batho ba ba ratang Jehofa ba baka leina la gagwe ka pelo yotlhe. Fa re utlwa leina Jehofa, re akanya ka mong wa lone, dinonofo tsa gagwe tse dintle, le dilo tse di gakgamatsang tse a di dirang. Dafide o ne a batla go baka leina la ga Jehofa, e bile o ne a batla go dira jalo ka “sengwe le sengwe se se mo teng” ga gagwe. Seno se raya gore o ne a batla go mmaka ka pelo yotlhe. Balefi le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo. Ba ile ba tlhalosa gore ga go kgonege gore ba bake leina la ga Jehofa ka botlalo. (Neh. 9:5) Ga go pelaelo gore tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ile ya dira gore Jehofa a itumele. w24.02 9 ¶6
Labone, October 30
A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.—Bafil. 3:16.
Jehofa ga a lebelela gore o dire sengwe se o ka se kgoneng go se dira. (2 Bakor. 8:12) Fa go nna le sengwe se se go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago, ithute mo go sone. Nna o akanya ka se o setseng o kgonne go se dira. Baebele e a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [gago].” (Baheb. 6:10) Le wena o se ka wa e lebala. Akanya ka dilo tse o setseng o kgonne go di dira. Gongwe o kgonne go nna tsala ya ga Jehofa, go bolelela batho ba bangwe ka ene kgotsa go kolobediwa. Fela jaaka o kgonne go fitlhelela mekgele e o neng o ipeetse yone mo nakong e e fetileng, o ka kgona go fitlhelela le o o ipeetseng one gone jaanong. Jehofa a ka go thusa gore o kgone go fitlhelela mokgele wa gago. Fa o ntse o dira ka natla go fitlhelela mokgele wa gago, itumelele go bona kafa Jehofa a go thusang le kafa a go segofatsang ka gone mo loetong lono. (2 Bakor. 4:7) Jehofa o tla go segofatsa le go feta fa o sa ineele.—Bagal. 6:9. w23.05 31 ¶16-18