LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Puo e ntšha e e gone: Betsileo
  • Gompieno

Laboraro, October 29

Mma ke bake Jehofa; a sengwe le sengwe se se mo teng ga me se bake leina la gagwe le le boitshepo.​—Pes. 103:1.

Batho ba ba ratang Jehofa ba baka leina la gagwe ka pelo yotlhe. Fa re utlwa leina Jehofa, re akanya ka mong wa lone, dinonofo tsa gagwe tse dintle, le dilo tse di gakgamatsang tse a di dirang. Dafide o ne a batla go baka leina la ga Jehofa, e bile o ne a batla go dira jalo ka “sengwe le sengwe se se mo teng” ga gagwe. Seno se raya gore o ne a batla go mmaka ka pelo yotlhe. Balefi le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo. Ba ile ba tlhalosa gore ga go kgonege gore ba bake leina la ga Jehofa ka botlalo. (Neh. 9:5) Ga go pelaelo gore tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e ile ya dira gore Jehofa a itumele. w24.02 9 ¶6

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labone, October 30

A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.​—Bafil. 3:16.

Jehofa ga a lebelela gore o dire sengwe se o ka se kgoneng go se dira. (2 Bakor. 8:12) Fa go nna le sengwe se se go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago, ithute mo go sone. Nna o akanya ka se o setseng o kgonne go se dira. Baebele e a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [gago].” (Baheb. 6:10) Le wena o se ka wa e lebala. Akanya ka dilo tse o setseng o kgonne go di dira. Gongwe o kgonne go nna tsala ya ga Jehofa, go bolelela batho ba bangwe ka ene kgotsa go kolobediwa. Fela jaaka o kgonne go fitlhelela mekgele e o neng o ipeetse yone mo nakong e e fetileng, o ka kgona go fitlhelela le o o ipeetseng one gone jaanong. Jehofa a ka go thusa gore o kgone go fitlhelela mokgele wa gago. Fa o ntse o dira ka natla go fitlhelela mokgele wa gago, itumelele go bona kafa Jehofa a go thusang le kafa a go segofatsang ka gone mo loetong lono. (2 Bakor. 4:7) Jehofa o tla go segofatsa le go feta fa o sa ineele.​—Bagal. 6:9. w23.05 31 ¶16-18

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labotlhano, October 31

Rara ka boene o a lo rata, ka gonne lo nthatile e bile lo dumetse gore ke tlile ke le moemedi wa Modimo.​—Joh. 16:27.

Jehofa o itumelela go bolelela batlhanka ba gagwe gore o a ba rata le gore o a ba amogela. O ile a bolelela Morwawe ka makgetlo a le mabedi gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17; 17:5) A le wena o ka rata go utlwa Jehofa a go bolelela gore o a go amogela? Jehofa ga a bue le rona ka tlhamalalo, mme o bua le rona a dirisa Baebele. Jesu o ne a nna a bolelela barutwa ba gagwe gore o a ba rata. O ne a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe, ka jalo fa re bala se a neng a se bolelela barutwa ba gagwe, go ntse jaaka e kete Jehofa o bua le rona. (Joh. 15:9, 15) Fa re lebana le diteko, seo ga se reye gore Jehofa ga a tlhole a re amogela. Go na le moo, diteko di re naya tshono ya go bontsha gore re a mo rata le gore re a mo tshepa.​—Jak. 1:12. w24.03 28 ¶10-11

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela