LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Gompieno

Labone, October 30

A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.​—Bafil. 3:16.

Jehofa ga a lebelela gore o dire sengwe se o ka se kgoneng go se dira. (2 Bakor. 8:12) Fa go nna le sengwe se se go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago, ithute mo go sone. Nna o akanya ka se o setseng o kgonne go se dira. Baebele e a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [gago].” (Baheb. 6:10) Le wena o se ka wa e lebala. Akanya ka dilo tse o setseng o kgonne go di dira. Gongwe o kgonne go nna tsala ya ga Jehofa, go bolelela batho ba bangwe ka ene kgotsa go kolobediwa. Fela jaaka o kgonne go fitlhelela mekgele e o neng o ipeetse yone mo nakong e e fetileng, o ka kgona go fitlhelela le o o ipeetseng one gone jaanong. Jehofa a ka go thusa gore o kgone go fitlhelela mokgele wa gago. Fa o ntse o dira ka natla go fitlhelela mokgele wa gago, itumelele go bona kafa Jehofa a go thusang le kafa a go segofatsang ka gone mo loetong lono. (2 Bakor. 4:7) Jehofa o tla go segofatsa le go feta fa o sa ineele.​—Bagal. 6:9. w23.05 31 ¶16-18

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labotlhano, October 31

Rara ka boene o a lo rata, ka gonne lo nthatile e bile lo dumetse gore ke tlile ke le moemedi wa Modimo.​—Joh. 16:27.

Jehofa o itumelela go bolelela batlhanka ba gagwe gore o a ba rata le gore o a ba amogela. O ile a bolelela Morwawe ka makgetlo a le mabedi gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17; 17:5) A le wena o ka rata go utlwa Jehofa a go bolelela gore o a go amogela? Jehofa ga a bue le rona ka tlhamalalo, mme o bua le rona a dirisa Baebele. Jesu o ne a nna a bolelela barutwa ba gagwe gore o a ba rata. O ne a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe, ka jalo fa re bala se a neng a se bolelela barutwa ba gagwe, go ntse jaaka e kete Jehofa o bua le rona. (Joh. 15:9, 15) Fa re lebana le diteko, seo ga se reye gore Jehofa ga a tlhole a re amogela. Go na le moo, diteko di re naya tshono ya go bontsha gore re a mo rata le gore re a mo tshepa.​—Jak. 1:12. w24.03 28 ¶10-11

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Matlhatso, November 1

O itliseditse pako ka mafoko a a tswang mo melomong ya bana le masea.​—Math. 21:16.

Fa e le gore o motsadi, thusa bana ba gago go baakanyetsa dikarabo go ya ka dingwaga tsa bone. Ka dinako tse dingwe go tlotliwa ka dikgang tse di masisi tse di jaaka mathata a nnang teng mo manyalong le dikgang tsa boitsholo. Le fa go ntse jalo, go ka nna le dirapa tse ngwana a ka kgonang go araba mo go tsone. Gape thusa bana ba gago go itse gore ga ba kitla ba newa tshono ya go araba nako le nako fa ba tsholetsa. Seo se ka ba thusa gore ba se ka ba ngala fa ba sa newe tshono ya go araba. (1 Tim. 6:18) Re ka kgona go baakanyetsa dikarabo tse di tlotlomatsang Jehofa le tse di tla kgothatsang bakaulengwe ba rona. (Diane 25:11) Ka dinako dingwe fa re arabela re ka nna ra bua ka dilo tse di kileng tsa re diragalela, le fa go ntse jalo ga re a tshwanela go bua thata ka rona. (Diane 27:2; 2 Bakor. 10:18) Go na le moo, re tshwanetse go bua thata ka Jehofa, Lefoko la gagwe le ka batho ba gagwe.​—Tshen. 4:11. w23.04 24-25 ¶17-18

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela