LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Gompieno

Labone, July 31

Nnang lo tlhomamise gore ke eng se Morena a se amogelang.​—Baef. 5:10.

Fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa, re tshwanetse go leka go bona gore ke eng “se Jehofa a batlang gore re se dire” re bo re se dira. (Baef. 5:17) Fa re dirisa melaometheo ya Baebele fa re dira ditshwetso, re a bo re bontsha gore re batla kaelo ya ga Jehofa. Fa re dira jalo re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng. Satane o batla gore re tlhome mogopolo thata mo dilong tsa lefatshe leno gore re se ka ra nna le nako ya go direla Jehofa. (1 Joh. 5:19) Mokeresete a ka nna a tlhoma mogopolo mo dilong tse di jaaka madi, thutego kgotsa tiro go na le gore a leke go direla Jehofa mo go oketsegileng. Fa a dira jalo, o tla bo a bontsha gore o simolotse go akanya jaaka batho ba lefatshe leno ba ba sa direleng Jehofa. Gone ke boammaaruri gore dilo tseno ga di phoso, mme gone ga di a tshwanela go nna botlhokwa thata mo go rona. w24.03 24 ¶16-17

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labotlhano, August 1

Mathata a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.​—Pes. 34:19.

Temana e e fa godimo e re bolelela dintlha tse pedi tsa botlhokwa: (1) Basiami ba na le mathata. (2) Jehofa o re golola mo mathateng. O re golola jang? O re thusa go amogela gore fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno le le bosula, re tla nna le mathata. Gone ke nnete gore Jehofa o re solofetsa gore re tla itumela fa re mo direla. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore dilo di tla re tsamaela sentle ka metlha. (Isa. 66:14) Jehofa o batla gore re tlhome mogopolo mo botshelong jo bo monate jo a re solofetsang jone. (2 Bakor. 4:16-18) Mme gone jaanong, o re thusa gore re tswelele re mo direla. (Dikhu. 3:22-24) Re ka ithuta eng mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele le ba mo motlheng wa rona? Re ka nna le mathata a re neng re sa akanye gore re tla nna le one. Mme fa re ikaega ka Jehofa, o tla re thusa.​—Pes. 55:22. w23.04 14-15 ¶3-4

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Matlhatso, August 2

Ikobele balaodi ba bagolo.​—Bar. 13:1.

Re ka ithuta go le gontsi mo go Josefa le Marea. Ka dinako dingwe go ne go se motlhofo gore ba ikobele balaodi ba bagolo. (Luke 2:1-6) Ka sekai, fa Marea a na le dikgwedi di le robongwe a imile, Mmusimogolo wa kwa Roma yo o bidiwang Aguseto o ne a laela gore batho ba ye go ikwadisa kwa metseng e ba tsholetsweng kwa go yone. Go dira jalo go ne go ka se nne motlhofo mo go Marea ka gonne go ya kwa Bethelehema e ne e le dikilometara di ka nna 150, e bile tsela ya teng e ne e na le dithota. Mo godimo ga moo, Josefa le Marea ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwenyegile ka gonne ngwana yo Marea a neng a mo imile e ne e tlile go nna Mesia. Ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore ba tla dira eng fa Marea a ka belegela mo tseleng. Se se itumedisang ke gore Josefa le Marea ba ile ba ikobela molao oo wa puso le fa go ne go se motlhofo, mme Jehofa o ile a ba segofatsa. Marea o ile a goroga sentle kwa Bethelehema a bo a tshola ngwana wa mosimane. Mo godimo ga moo, boporofeti jwa Baebele bo ile jwa diragadiwa.​—Mik. 5:2. w23.10 8 ¶9; 9 ¶11-12

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela