Pina 30
Jehofa o Simolola go Busa
1. Le, ke ’tsatsi la ga Jah. Puso ya ’gwe ya busa.
O tlhomile puso kwa Sione.
A rotlhe re opeleng. Re mmake ka boipelo.
O beile Kreste mo ’tulong sa Bogosi.
(KHORASE)
Bogosi joo, bo tla tlisa eng?
Boammaaruri le tshiamo.
Bo tlise’ng gape Bogosi joo?
Botshelo jo bo sa khutleng.
Bakang Jehofa Modimo
Ke Modimo’o lorato.
2. Jaanong Kreste wa busa, Bofelo bo gaufi.
’Fatshe la Satane le tla feta.
Ke nako ya go rera. Re thuse batho gotlhe;
Ke nako ya gore ba mo utlwe botlhe.
(KHORASE)
Bogosi joo, bo tla tlisa eng?
Boammaaruri le tshiamo.
Bo tlise’ng gape Bogosi joo?
Botshelo jo bo sa khutleng.
Bakang Jehofa Modimo
Ke Modimo’o lorato.
3. Re rata Mmusi yono. Ruri wa gakgamatsa.
O tla ka leina la ga Jehofa.
Tsenang mo ntlong ya ga Jah; a tle a re’amogele.
’Tsatsi la gore a buse le gaufi.
(KHORASE)
Bogosi joo, bo tla tlisa eng?
Boammaaruri le tshiamo.
Bo tlise’ng gape Bogosi joo?
Botshelo jo bo sa khutleng.
Bakang Jehofa Modimo
Ke Modimo’o lorato.
(Bona le 2 Sam. 7:22; Dan. 2:44; Tshen. 7:15.)