Pina 48
Go Tsamaya le Jehofa ka Metlha
E e Gatisitsweng
(Mika 6:8)
1. Re tsamaya le Jehofa,
Ka metlha re le boikobo.
Ruri seno ke tshiamelo,
E Jehofa a re fang yone!
O laletsa basiami,
Go tsamaya le ene.
Ka jalo fa re ineela;
Re nna ’tlhakoreng la ga Jah.
2. E ke nako ya katlholo,
’Fatsheleno le ya bokhutlong.
Fa re ntse re bogisiwa,
Seo seka re tsenya poifo.
Mme re tla sirelediwa;
Fa re nna re’ikanya Jah,
Re mo direle ka metlha.
Re morate re sa kgaotse.
3. Jehofa o a re thusa,
Ka moya le ka ’Foko la ’gwe.
Ka ’pokano tsa Bokreste,
Re nonotshiwa mo tumelong.
Fa re tsamaya le Mmopi,
O tla nna a re kaela,
Mme reetse botho jwa ’gwe
Re tsamaye ka boingotlo.
(Bona le Gen. 5:24; 6:9; 1 Dikg. 2:3, 4.)