Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
© 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
SEPTEMBER 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 29
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it “Loleme lo borethe” ¶1
Loleme lo borethe
Motho yo o loleme lo borethe o itumedisa ba bangwe ka go ba akgola ka boferefere; o ba tlotlomatsa ka tsela e e feteletseng; o bua maaka, o baya ba bangwe bobi mo matlhong ka se a se buang kgotsa o ba akgola ka tsela e e feteletseng. Gantsi o dira seno ka boikaelelo jwa go dira gore motho a itseele kwa godimo go feta selekanyo, mme go dira jalo go ka gobatsa motho yo o akgolwang. Gape o dira seno ka maitlhomo a go ipatlela molemo mongwe kana go batla go newa sengwe, mme seno se ka dira gore yo o akgolwang a ikutlwe a patelesega go direla yo o mo akgolang sengwe kana go mo galaletsa. Go akgola ka tsela eno go dirwa ka boikaelelo jwa go wetsa yo mongwe ka lemena. (Dia 29:5) Go nna loleme lo borethe ga go supe botlhale jo bo tswang kwa Modimong mme go supa botlhale jwa lefatshe leno, jo bo laolwang ke bopelotshetlha, tlhaolele le boitimokanyi. (Jak 3:17) Go baya ba bangwe bobi mo matlhong, go ba aketsa, go ba tlotlomatsa ka tsela e e sa siamang kgotsa go ba galaletsa le go dira gore ba itseele kwa godimo, ga go itumedise Modimo.—2Bk 1:12; Bag 1:10; Bae 4:25; Bak 3:9; Tsh 21:8.
SEPTEMBER 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 30
“O se Ka wa Nnaya Lehuma Kgotsa Dikhumo”
Boifa Jehofa Mme o Tla Itumela
◆ 30:15, 16—Ke eng se se kaiwang ke dikai tseno?
Di bontsha go sa kgotsofaleng ga bopelotshetlha. Menopi e tla tsa dimpa tsa yone ka madi, fela jaaka batho ba ba pelotshetlha ba nnang ba batla madi a oketsegileng kana thata. Ka go tshwana, Lebitla ga le ke le kgotsofala mme le nna le atlhametse go amogela baswi. Sebopelo se se sa tsholeng se ‘lelela’ bana. (Genesise 30:1) Lefatshe le le mo komelelong le nwa metsi a pula ka bonako mme le boe le omelele gape. Mme molelo o o fisitseng dilo tse di latlhetsweng mo go one o tuka ka kgabo e kgolo e e fisang dilo tse dingwe tse di gaufi le one. Mme go ntse fela jalo ka batho ba ba pelotshetlha. Mme bao ba kaelwang ke botlhale jwa bomodimo ga ba nnele go kgoromediwa ke bogagapa jo bo ntseng jalo.
SEPTEMBER 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MORERI 1-2
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it “Moreri” ¶1
Moreri
Lefoko la Sehebera Qo·heʹleth (le le kayang “Mophuthi; Mokokoanyi”) le tlhalosa sentle tiro e kgosi e e tlhomilweng ke Modimo go busa Iseraele e neng e tshwanetse go e dira. (Mor 1:1, 12) E ne e le boikarabelo jwa kgosi go thusa batho ba ba ineetseng mo Modimong go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa yo e leng Kgosi ya bone ya boammaaruri. (1Dk 8:1-5, 41-43, 66) Ka jalo, tsela e kgosi e thusang batho ka yone go obamela Modimo, e ne e tla bontsha gore a ke kgosi e e molemo kgotsa e e bosula. (2Dk 16:1-4; 18:1-6) Mophuthi, e bong Solomone, o ne a dirile go tlala seatla go phutha Baiseraele le ditsala tsa bone tse di tswang kwa ditšhabeng tse dingwe go tla go obamela kwa tempeleng. Mo bukeng ya Moreri, o ne a leka go phutha batho ba Modimo gore ba tswe mo ditirong tsa lefela le tse di se nang mosola, gore ba dire ditiro tse di itumedisang Modimo yo ba ineetseng mo go ene. Lefoko le le dirisitsweng mo Dibaebeleng tsa Seesemane e leng Ecclesiastes (Moreri ka Setswana) le le kayang “leloko la phuthego (pokano),” le tswa mo Septuagint ya Segerika mme le ranotswe go tswa mo lefokong Qo·heʹleth.
SEPTEMBER 29–OCTOBER 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MORERI 3-4
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it “Lorato” ¶39
Lorato
“Nako ya go Rata.” Lorato ga lo a tshwanela go bontshiwa batho ba Jehofa a sa ba rateng kgotsa ba ba dirang dilo tse di bosula. Lorato lo bontshiwa batho botlhe, go fitlha ba senola gore ba tlhoile Jehofa. Go tloga ka nako eo, ga ba tlhole ba tshwanelwa ke go bontshiwa gore ba a ratiwa. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba rata tshiamo mme ba tlhoile bosula. (Pes 45:7; Bah 1:9) Batho ba ba tlhoileng Jehofa ga ba a tshwanela go bontshiwa lorato. Go bontsha batho bao lorato ga go na mosola ka gonne ga ba kitla ba lebogela lorato lo Modimo a ba bontshang lone. (Pes 139:21, 22; Isa 26:10) Ka jalo, go a utlwala go bo Jehofa a ba tlhoile e bile a beile nako e a tlileng go ba fedisa ka yone.—Pes 21:8, 9; Mor 3:1, 8.
OCTOBER 13-19
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MORERI 7-8
“Ya Kwa Ntlong ya Khutsafalo”
it “Khutsafalo” ¶9
Khutsafalo
Nako ya go Hutsafala. Moreri 3:1, 4 e a re go na le “nako ya go lela le nako ya go tshega; nako ya go hutsafala le nako ya go bina.” E re ka loso lo ama batho botlhe, ba ba botlhale ba fitlhelwa “kwa ntlong ya khutsafalo” go na le kwa ntlong ya mokete. (Mor 7:2, 4; bapisa le Dia 14:13.) Ke ka moo, motho yo o botlhale a dirisang ditshono tse di tlhagang go utlwela ba bangwe botlhoko le go ba gomotsa go na le go di itlhokomolosa e le gore a ijese monate. Seno se mo thusa gore a nne a gopotse gore a ka swa nako nngwe le nngwe le gore a se ka a itlhokomolosa Mmopi wa gagwe.
OCTOBER 20-26
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MORERI 9-10
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it “Go Seba, Go Senya Leina” ¶4, 8
Go Seba, Go Senya Leina
Go seba go ka senya yo mongwe leina, go bo go tsenya yo o sebang mo mathateng. Seno se tlhalosiwa sentle mo go Moreri 10:12-14 e e reng: “Molomo wa sematla o mmakela tshenyego. Mafoko a ntlha a a tswang mo molomong wa gagwe ke boeleele, e bile mafoko a gagwe a bofelo ke botsenwa jwa masetlapelo. Le fa go ntse jalo, seeleele se tswelela fela se bua.”
Le fa go seba ba bangwe go ka lebega go se kotsi, go ka felela ka go ba senya leina. Go senya ba bangwe leina go kotsi, go ba utlwisa botlhoko e bile go tsosa dikgogakgogano. Seno se ka direga ka maikaelelo kgotsa e se ka maikaelelo. Le fa go ntse jalo, motho yo o senyang ba bangwe leina o dira gore Modimo a se ka a tlhola a mo rata, ka gonne go “losa bana ba motho” ke sengwe sa dilo tse Modimo a di tlhoileng. (Dia 6:16-19) Lefoko la Segerika le le kayang “go senya leina” kgotsa “go latofatsa” ke di·aʹbo·los. “Diabolo” ke lefoko le le dirisiwang mo Baebeleng go tlhalosa Satane, yo o senyang Modimo leina. (Joh 8:44; Tsh 12:9, 10; Gen 3:2-5) Seno se re thusa go itse gore go senya ba bangwe leina le go ba latofatsa go simologile kae.
OCTOBER 27–NOVEMBER 2
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MORERI 11-12
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it “Go Tlhotlheletsa” ¶10
Go Tlhotlheletsa
Le fa go ntse jalo, bosupi bo bontsha gore banna ba Modimo a neng a ba dirisa go kwala Dikwalo ba ne ba sa tshwane le diroboto, ba kwala fela se ba se bolelelwang. Baebele e a re Modimo o ne a dirisa moengele go naya moaposetoloi Johane “ditshupo” gore a kgone go kwala buka ya Tshenolo. Gape e a re, Johane o ne a “naya bosupi ka lefoko la Modimo le ka bosupi jo Jesu Keresete a bo neileng, eleruri o ne a naya bosupi ka dilo tsotlhe tse a di boneng.” (Tsh 1:1, 2) Moya o o boitshepo o ne wa tlisa Johane “mo letsatsing la Morena,” a bo a bolelelwa jaana: “Se o se bonang, se kwale mo momenong.” (Tsh 1:10, 11) Seno se bontsha gore Modimo a ne a letla bakwadi ba Baebele go dirisa bokgoni jwa bone jwa go akanya go tlhalosa diponatshegelo tse ba di boneng. (Hab 2:2) Mme gone, o ne a ba kaela gore a tlhomamise gore se ba se kwalang se boammaaruri le gore se dumalana le boikaelelo jwa gagwe. (Dia 30:5, 6) Moreri 12:9 le 10 e bontsha gore mokwadi o ne a tshwanetse go akanyetsa kwa teng, go batlisisa le go rulaganya dintlha tsa gagwe sentle gore a kgone go kwala “mafoko a a itumedisang le go kwala pego ya mafoko a boammaaruri a a nepileng.”—Bapisa le Luk 1:1-4.