Kgaolo 7
A Bibela E A Ikganetsa?
Gantsi Bibela e latofadiwa ka gore e a ikganetsa. Ka gale, batho ba ba e latofatsang jalo ga ba ise ba ko ba bale Bibela ka namana; ba boeletsa fela seo ba se utlwileng. Lefa go le jalo, bangwe ba ile ba fitlhela se se bonalang ekete ke dilo tsa mmatota tse e ikganetsang mo go tsone mme di a ba tshwenya.
1, 2. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Ke tatofatso efe eo gantsi Bibela e latofadiwang ka yone? (b) Fa go bapisiwa dipolelo tse di farologaneng tsa Bibela, ke eng seo re tshwanetseng ra se gakologelwa? (c) Mabaka mangwe a go bo ka dinako tse dingwe go na le go farologana malebana le tsela eo bakwadi ba babedi ba Bibela ba begang tiragalo e le nngwe ka yone ke afe?
FA E le gore Bibela eleruri ke Lefoko la Modimo, e tshwanetse ya utlwana, e seka ya ikganetsa. He, ke ka ntlhayang fa dikarolo dingwe di bonala ekete di ganetsa tse dingwe? Go araba seno, re tshwanetse ra gakologelwa gore, lemororo Bibela e le Lefoko la Modimo, e ile ya kwalwa ke setlhopha sa banna bangwe mo lobakeng lwa makgolo a le mmalwa a dingwaga. Bakwadi bano ba ne ba na le dikitso tse di farologaneng, mekgwa e e farologaneng ya go kwala, le dimpho tse di farologaneng, mme dipharologano tseno tsotlhe di bontshiwa mo go kwaleng.
2 Go feta moo, fa bakwadi ba le babedi kana go feta moo ba tlotla ka tiragalo e e tshwanang, yo mongwe a ka nna a tsenya dintlha tseo yo mongwe a di tlogelang. Mo godimo ga moo, bakwadi ba ba farologaneng ba neela kgang ka ditsela tse di farologaneng. Yo mongwe a ka nna a e kwala go ya ka nako eo e neng e diragala ka yone, fa yo mongwe ene a ka nna a e kwala go ya ka mokgwa o o farologaneng. Mo kgaolong eno, re tla bontsha dingwe tsa dikganetsano tse go buiwang ka tsone mo Bibeleng mme re bo re akanyetsa gore go ka dirwa jang gore di dumalane, re akantse ka dintlha tse di fa godimo.
Basupi Bao Ba Sa Ikaegang ka Ba Bangwe
3, 4. Malebana le molaodi wa sesole yo motlhanka wa gagwe a neng a lwala, ke eng seo se bonalang ekete ke go ikganetsa seo se leng gone magareng ga pego ya ga Mathaio le ya ga Luke, mme dipego tseno di ka dirwa jang gore di dumalane?
3 “Dilo dingwe tse e ikganetsang mo go tsone” di tlhaga fa re na le dipego di le pedi kana go feta moo tse di buang ka tiragalo e le nngwe. Ka sekai, mo go Mathaio 8:5 re bala gore fa Jesu a ne a tla kwa Kaparanama, “ga tla mo go èna molaodi oa mophatō, a mo rapèla,” a kopa Jesu gore a fodise motlhanka wa gagwe. Mme mo go Luke 7:3, re bala gore molaodi yono wa sesole o ne “a roma bagolwane ba Bayuda kwa go èna ba . . . rapèla [Jesu], gore a tlè go hodisa motlhanka oa gagwè.” A molaodi yono wa sesole o ne a bua le Jesu, kana a o ne a romela bagolwane?
4 Ka phepafalo, karabo, ke gore monna yono o ne a romela bagolwane ba Bajuda. He, ke ka ntlhayang fa Mathaio a re monna yono ka boene o ne a ya go kopa Jesu? Ka gonne, totatota, monna yono o ne a kopa Jesu ka bagolwane ba Bajuda. Bagolwane bano ba ne ba direla jaaka babueledi ba gagwe.
5. Ke ka ntlhayang fa Bibela e bolela gore Solomone o ne a aga tempele, fa totatota tiro eo e ile ya dirwa ke ba bangwe?
5 Go bontsha sekai sa seno, mo go 2 Ditihalō 3:1, re bala jaana: “Hoñ Solomone a simolola go aga ntlo ea ga Yehofa mo Yerusalema.” Moragonyana, re bala jaana: “Yalo Solomone a wetsa ntlo ea ga Yehofa.” (2 Ditihalō 7:11) A Solomone o ne a aga tempele ka namana go tloga kwa tshimologong ya yone go fitlhela e fela? Nnyaa ruri. Tiro ya go aga totatota e ne ya dirwa ke matshutitshuti a banna bao ba ithutetseng tiro le badiri. Mme Solomone e ne e le ene a tsamaisang tiro, e ne e le ene yo o neng a ikarabela. Ka ntlha ya moo, Bibela e bolela gore o ne a aga ntlo eo. Ka mo go tshwanang, Lekwalo la Efangele la ga Mathaio le re bolelela gore molaodi wa sesole o ne a bua le Jesu. Mme Luke o neela dintlha tse di oketsegileng tsa gore o ne a bua nae ka bagolwane ba Bajuda.
6, 7. Re ka dira jang gore dipego tse pedi tse di farologaneng tsa Dikwalo tsa Efangele tse di malebana le kopo ya bomorwa Sebede di dumalane?
6 Sekai se se tshwanang le seno ke seno. Mo go Mathaio 20:20, 21, re bala jaana: “Hoñ ga tla kwa go [Jesu] mma bomorwa Sebede, a na le bomorwawè, a mo ōbamèla, a mo lōpa selō señwe.” Seo a neng a se kopa e ne e le gore bomorwawe ba nne le boemo jo bo rategang thata fa Jesu a tla mo Bogosing jwa gagwe. Mo pegong ya ga Mareko ka ga tiragalo yone eno, re bala jaana: “Me ga mo [Jesu] atamèla Yakobe le Yohane, bomorwa Sebede, ba re, Moruti re rata ua re dihèla kaha re tla gu lōpañ ka gōna.” (Mareko 10:35-37) A e ne e le bomorwa Sebede ba babedi kana e ne e le mmaabone, yo o neng a dira kopo eno mo go Jesu?
7 Ka phepafalo, e ne e le bomorwa Sebede ba le babedi bao ba neng ba dira kopo eno, jaaka fa Mareko a tlhalosa. Mme ba ne ba e dira ka mmaabone. E ne e le mmueledi wa bone. Seno se bontshiwa ke seo Mathaio a se begang fa a re baaposetoloi ba bangwe ba utlwa ka seo mma bomorwa Sebede a neng a se dirile, ba ne ba galefa, ba sa galefela mmaagwe bomorwa Sebede, mme “bakaulengwe bao ba babedi.”—Mathaio 20:24, NW.
8. Go kgonega jang gore dipego tse pedi tse di farologaneng tsa tiragalo e le nngwe di farologane mme tsoopedi di le boammaaruri?
8 A o setse o kile wa utlwa batho ba babedi ba tlhalosa tiragalo nngwe eo ba e boneng ka bobedi? Fa go le jalo, a o ile wa lemoga gore mongwe le mongwe wa batho bao o ne a otlelela dintlha tseo di mo kgatlhileng thata? Yo mongwe a ka nna a bo a ile a tlogela dintlha dingwe tse yo mongwe a di kopanyeleditseng. Lefa go le jalo, boobedi ba ne ba bua boammaaruri. Go a tshwana le ka dipego tse di mo Dikwalong tse nne tsa Efangele tsa bodihedi jwa ga Jesu, gammogo le ka ditiragalo tse dingwe tsa hisitori tse di begilweng ke bakwadi ba Bibela ba ba fetang a le mongwe. Mokwadi mongwe le mongwe o ne a kwala tshedimosetso e e boammaaruri tota le eleng lefa yo mongwe a ne a na le dintlha tse yo mongwe a di tlogetseng. Fa re sekaseka dipego tseno tsotlhe, re ka tlhaloganya ka botlalo seo se neng se diragala. Go farologana gono go bontsha gore dipego tsa Bibela di ikemetse ka botsone. Mme go utlwana ga tsone go go botlhokwa go bontsha gore di boammaaruri.
Bala Dintlha Tse Di Dikologileng Kgang
9, 10. Dintlha tse di dikologileng kgang di re thusa jang go bona gore Kaine o bone kae mosadi wa gagwe?
9 Gantsi, dilo tse go bonalang di ganetsana di ka rarabololwa fa re lebelela dintlha tse di dikologileng temana eo fela. Ka sekai, a o ke o sekaseke bothata jo bo tsosiwang gantsi jo bo malebana le mosadi wa ga Kaine. Mo go Genesise 4:1, 2 re bala jaana: “Me [Efa] a bōna Kaene, me a re, Ke bonye monna ka thushō ea ga Yehofa. Me gapè a bōna Abele, monnawè.” Jaaka fa go itsege sentle, Kaine o ne a bolaya Abele; mme morago ga moo, re bala gore Kaine o ne a nna le mosadi le bana. (Genesise 4:17) Fa e le gore Adame le Efa ba ne ba na le barwa ba le babedi fela, Kaine o ne a bona kae mosadi wa gagwe?
10 Karabo e bonwa mo ntlheng ya gore Adame le Efa ba ne ba na le bana ba ba fetang ba le babedi fela. Go ya ka dintlha tse di dikologileng temana eo, ba ne ba na le lelapa le legolo. Mo go Genesise 5:3 re bala gore Adame o ne a tsala morwa yo mongwe yo o neng a bidiwa Sethe, mme morago ga moo, mo temaneng e e latelang, re bala jaana: “Me a tsala tshimane le tshetsana.” (Genesise 5:4) Ka jalo Kaine o ka nna a bo a ile a nyala mongwe wa bo kgaitsadie kana le eleng mongwe wa bomotlogoloe. Mo dingwageng tseo tsa pele tsa hisitori ya motho, fa setho se ne se le gaufi thata jalo le go itekanela, go bonala lenyalo le le ntseng jalo le ne le sa lere mathata ape mo baneng ba bokopano jono a le neng le tla a lere gompieno.
11. Ke go sa utlwane gofe go bangwe ba bolelang gore go teng magareng ga ga Jakobe le moaposetoloi Paulo?
11 Fa re sekaseka dintlha tse di dikologileng ntlha eo gape go re thusa gore re tlhaloganye seo bangwe ba ileng ba bolela gore ke go sa utlwane magareng ga moaposetoloi Paulo le Jakobe. Mo go Baefesia 2:8, 9, Paulo a re Bakeresete ba bolokiwa ke tumelo, eseng ke ditiro. O bolela jaana: “Gonne lo nntse lo bolokilwe ka tshegōhacō ka tumèlō . . . go sa cwe mo ditihoñ.” Lefa go le jalo, Jakobe o gatelela kafa ditiro di leng botlhokwa ka gone. O kwala jaana: “Gonne yaka mmele ha o sena mōea o shule, go nntse hèla yalo, tumelō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:26) Dipolelo tse pedi tseno di ka dirwa jang gore di dumalane?
12, 13. Mafoko a ga Jakobe a tlatsa a ga moaposetoloi Paulo jang go na le gore a a ganetse?
12 Fa re sekaseka dintlha tse di dikologileng mafoko ano a ga Paulo, re fitlhela gore polelo e nngwe e tlatsa e nngwe. Moaposetoloi Paulo o bua ka maiteko a a neng a dirwa ke Bajuda a go boloka Molao wa ga Moshe. Ba ne ba dumela gore fa ba ne ba boloka Molao le dintlha tsotlhe tsa one, e ne e tla nna basiami. Paulo o ne a bontsha gore seno se ne se ka seke se kgonagale. Ga re kake ra nna basiami—mme ka gone ra tshwanelwa ke poloko—ka ntlha ya ditiro tsa rona, ka gonne re tsetswe re ruile boleo. Re ka bolokwa fela fa re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo.—Baroma 5:18.
13 Lefa go le jalo, Jakobe o oketsa ka ntlha e e botlhokwa ya gore tumelo ka boyone ga e thuse sepe fa e sa tshegediwe ke ditiro. Motho yo o bolelang gore o dumela mo go Jesu o tshwanetse a bontsha seno ka seo a se dirang. Tumelo e e senang ditiro ke tumelo e e suleng mme ga e kitla e dira gore re bolokwe.
14. Ke mo ditemaneng dife moo Paulo a bontshang gore o utlwana ka botlalo le molao-motheo wa gore tumelo e e tshedileng e tshwanetse ya bontshiwa ka ditiro?
14 Moaposetoloi Paulo o ne a dumalana ka botlalo le seno, mme gantsi o umaka mefuta ya ditiro tseo Bakeresete ba tshwanetseng ba di dira go bontsha tumelo ya bone. Ka sekai, o ne a kwalela Baroma jaana: “Gonne motho o dumèla ka pelo go isa tshiamoñ; me boipolèlō [“boipolelo jwa phatlalatsa,” “NW”] bo dihwa ka molomo go isa polokoñ.” Go dira “boipolelo jwa phatlalatsa”—go abalana tumelo ya rona le ba bangwe—go botlhokwa e le gore re bone poloko. (Baroma 10:10; bona gape le 1 Bakorintha 15:58; Baefesia 5:15, 21-33; 6:15; 1 Timotheo 4:16; 2 Timotheo 4:5; Bahebera 10:23-25.) Lefa go le jalo, ga go na tiro epe e Mokeresete a ka e dirang, mme eleruri ga go na maiteko ape a go diragatsa Molao wa ga Moshe, ao a tla mo neelang tshwanelo ya botshelo jo bosakhutleng. Eno ke “nèō ea mphō hèla ea Modimo” go bao ba nang le tumelo.—Baroma 6:23; Yohane 3:16.
Dipono Tse Di Farologaneng
15, 16. Go ne go ka diragala jang gore Moshe gammogo le Joshue ba bo ba le boammaaruri fa yo mongwe a ne a re botlhaba jwa Joredane e ne e le “moseya ono” wa noka mme yo mongwe a ne a re e ne e le “kwa moseya”?
15 Ka dinako tse dingwe bakwadi ba Bibela ba ne ba kwala ka tiragalo e e tshwanang ba le mo maemong a a farologaneng a ba e lebileng ba le mo go one, kana ba ne ba neela dipego tsa bone ka ditsela tse di farologaneng. Fa dipharologano tseno di akanyediwa, go ka rarabololwa dilo tse dingwe tse go lebegang ekete ba a ganetsana mo go tsone. Sekai sa seno ke se se mo go Dipalō 35:14, moo Moshe a neng a bua ka lefelo le le kwa botlhaba jwa Joredane jaaka le le “moseya ono ga Yoredane.” Lefa go le jalo, Joshue fa a bua ka lefatshe leno le le kwa botlhaba jwa Joredane, o ne a le bitsa le le “kwa moseya ga Yoredane.” (Yoshue 22:4) Ke efe e e siameng?
16 Totatota tsoopedi di siame. Go ya ka pego e e mo go Dipalō, Baiseraele ba ne ba ise ba kgabaganye Noka ya Joredane go ya kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, ka jalo mo go bone botlhaba jwa Joredane e ne e le “moseya ono.” Mme Joshue o ne a setse a kgabagantse Joredane. Jaanong, totatota o ne a le kafa bophirima jwa noka eno, mo lefatsheng la Kanana. Ka jalo mo go ene botlhaba jwa Joredane e ne e le “kwa moseya.”
17. (a) Bangwe ba bolela gore dikgaolo tse pedi tsa ntlha tsa Genesise ga di utlwane mo go eng? (b) Lebaka legolo la mo go tweng ga di utlwane gone ke lefe?
17 Mo godimo ga moo, tsela eo polelo e bewang ka yone e ka dira gore go bonale go na le go ikganetsa gongwe. Mo go Genesise 1:24-26, Bibela e bontsha gore diphologolo di ile tsa bopiwa pele ga motho. Mme mo go Genesise 2:7, 19, 20, go bonala ekete ya re motho o ne a bopiwa pele ga diphologolo. Ke ka ntlhayang fa di sa tsamaisane jaana? Ke ka gonne dipego tse pedi tseno tsa popo di tlotla ka yone go tswa mo diponong tse pedi tse di farologaneng. Ya ntlha e tlhalosa go bopiwa ga legodimo le lefatshe le sengwe le sengwe se se leng mo go tsone. (Genesise 1:1–2:4) Ya bobedi e beile tlhokomelo mo go bopiweng ga lotso lwa motho le go wela ga gagwe mo sebeng.—Genesise 2:5–4:26.
18. Re ka dira jang gore dilo tseo go bonalang ekete ke go sa utlwane magareng ga dipego tse pedi tsa popo mo dikgaolong tsa ntlha tsa Genesise di dumalane?
18 Pego ya ntlha e kwadilwe go ya ka dinako tsa ditiragalo tseo, e kgaogantswe ka “malatsi” a le marataro a a latelanang. Ya bobedi e kwadilwe go ya ka botlhokwa jwa seo kgang e leng ka ga sone. Morago ga go re tlotlela ka seo se neng sa diragala e tlhamalalela kwa go bopiweng ga ga Adame e neela dintlha ka go latelana ga tsone, ereka ene le lelapa la gagwe e le bone bao go buiwang ka bone morago ga moo. (Genesise 2:7) Morago ga moo tshedimosetso e nngwe e a tsenyelediwa fa e batlega. Re utlwa gore morago ga gore Adame a bopiwe o ne a tshwanetse a ya go nna kwa tshimong ya Edene. Ka jalo go lengwa ga tshimo ya Edene jaanong go a umakiwa. (Genesise 2:8, 9, 15) Jehofa o bolelela Adame gore a she “phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi” leina. Jaanong he, ke nako ya go umaka gore ‘Jehofa Modimo o ne a bopa’ dibopiwa tsotlhe tseno ‘ka lorole lwa mmu,’ lemororo di ne tsa bopiwa bogologolo pele ga Adame a nna teng.—Genesise 2:19; 1:20, 24, 26.
Bala Pego ka Kelotlhoko
19. Ke go tlhakana tlhogo gofe go go bonalang go le gone mo pegong ya Bibela ya go thopiwa ga Jerusalema?
19 Ka dinako tse dingwe, se se tlhokafalang fela gore o rarabolole dilo tse go lebegang e ikganetsa mo go tsone ke gore o bale pego eo ka kelotlhoko mme o akanye ka tshedimosetso eo e neetsweng. Go ntse jalo fa re sekaseka go thopiwa ga Jerusalema ke Baiseraele. Jerusalema e ne e thathamisitswe jaaka karolo ya boswa jwa ga Benjamene, mme re bala gore lotso lwa ga Benjamene lo ne lwa seka lwa kgona go e thopa. (Yoshue 18:28; Baatlhodi 1:21) Gape re bala gore Juda o ne a seka a kgona go thopa Jerusalema—jaaka ekete e ne e le karolo ya boswa jwa lotso loo. Kgabagare, Juda o ne a fenya Jerusalema, a e laila ka molelo. (Yoshue 15:63; Baatlhodi 1:8) Lefa go le jalo, dingwaga di le makgolokgolo morago ga moo, Dafide le ene go begiwa a ile a thopa Jerusalema.—2 Samuele 5:5-9.
20, 21. Fa re tlhatlhoba dintlha tsotlhe tse di malebana le seno ka kelotlhoko ke eng seo se tlhagelelang jaaka hisitori ya go thopa motse wa Jerusalema goo go neng ga dirwa ke Bahebera?
20 Fa re leba seno la ntlha, se ka nna sa lebega se tlhakanya tlhogo, mme tota ga go na go ikganetsa gope. Totatota, molelwane o o neng o le fa gare ga boswa jwa ga Benjamene le jwa ga Juda o ne o tsamaya go iphaphatha le Mokgatsha wa Hinoma, go ralala motse wa bogologolo wa Jerusalema. Seo moragonyana se neng sa bidiwa Motse wa ga Dafide totatota se mo karolong ya ga Benjamene, fela jaaka Yoshue 18:28 e bua. Mme go bonala motse wa Bajebuse wa Jerusalema o ne o ikadile go kgabaganya Mokgatsha ono wa Hinoma mme ka ntlha ya moo wa tsenelela go sekae mo karolong ya ga Juda, mo eleng gore Juda le ene, o ne a tshwanetse go lwa kgatlhanong le baagi ba yone ba Bakanana.
21 Benjamene o ne a seka a kgona go thopa motse ono. Ka nako nngwe, Juda o ne a kgona go thopa Jerusalema le go e fisa. (Baatlhodi 1:8, 9) Mme masole a ga Juda go bonala a ne a tswela pele, mme bangwe ba baagi ba one ba pele ba ne ba boa ba nna mo motseng ono gape. Moragonyana, ba ne ba bopa setlhopha se sennye se se kgonang go itshireletsa seo Juda lefa e le Benjamene ba neng ba sa kgone go se ntsha moo. Ka jalo, Bajebuse ba ne ba tswelela ba le mo Jerusalema go fitlhelela fa Dafide a ne a fenya motse ono makgolokgolo a dingwaga moragonyana.
22, 23. Ke mang yo o neng a jere mokgoro wa tlhokofatso wa ga Jesu go ya kwa lefelong leo a neng a bolaelwa kwa go lona?
22 Re bona sekai sa bobedi mo Dikwalong tsa Efangele. Malebana le fa Jesu a ne a isiwa go ya go bolawa, mo Lekwalong la Efangele la ga Johane re bala jaana: “Me a cwèla kwa ntlè, a itshikaretse mokgōrō.” (Yohane 19:17) Lefa go le jalo, mo go Luke re bala jaana: “Me ea re ba mo gōgèla koo, ba chwara moñwe eo go tweñ Simone oa Kurene, a cwa kwa nageñ, me ba baea mokgōrō mo go èna, gore a o sikarè ha moragō ga Yesu.” (Luke 23:26) A Jesu ke ene o neng a sikere selo seo a neng a bolaelwa go sone, kana a Simone ke ene o neng a mo sikarela sone?
23 Santlha, go bonala Jesu a ne a itshikarela mokgoro wa gagwe wa tlhokofatso ka namana, jaaka fa Johane a bontsha. Mme moragonyana, jaaka fa Mathaio, Mareko, le Luke ba bontsha, Simone wa Kurene o ne a patelediwa tiro eno ya gore a mo o sikarele mo tseleng yotlhe e e neng e setse go ya kwa lefelong le a bolaetsweng kwa go lone.
Sesupo sa Gore Ba Ne Ba Sa Ikaega ka Ba Bangwe
24. Ke ka ntlhayang fa go sa re gakgamatse go bona dilo tseo go bonalang ekete ke go sa bue selo se le sengwe mo Bibeleng, mme ke eng seo re sa tshwanelang go swetsa ka sone go tswa mo go seno?
24 Eleruri, go na le dilo dingwe mo Bibeleng tseo go lebegang ekete e a ikganetsa mo go tsone tseo go leng thata go dira gore di dumalane. Mme ga re a tshwanela go akanya gore ke dilo tsa mmatota tse e ikganetsang mo go tsone. Gantsi e be e le fela gore tshedimosetso e a bo e sa felela. Bibela e re neela kitso e e lekaneng ya go tlatsa tlhokafalo ya rona ya semoya. Mme fa e le gore e ne e tshwanetse ya re neela dintlha tsotlhe kaga tiragalo nngwe le nngwe e e umakilweng, e ne e tla nna laeborari e e boitshegang, e go leng boima go e tsholetsa, go na le gore e nne bolumo e nnyane, e go leng bonolo go tsamaya ka yone eo re nang le yone gompieno.
25. Johane a reng malebana le pego ya bodihedi jwa ga Jesu, mme seno se re thusa jang go tlhaloganya lebaka la go bo Bibela e sa re neele dintlha tsotlhe kaga tiragalo nngwe le nngwe?
25 Fa moaposetoloi Johane a ne a bua ka bodihedi jwa ga Jesu, o ne a kwala jaana a dirisa pheteletsopuo ka tshwanelo: “Me go bile go na le dilō di le dintsi di sele tse Yesu o di dihileñ, tse e ka reñ ha di ne di ka kwalwa cotlhe, kea gopola, go re, le e leñ lehatshe le ne le sa kake ya bōnèla dikwalō tse di ne di ka kwalwa sebaka sa go di chola.” (Yohane 21:25) Go ka bo gape go ile ga seka ga kgonega gotlhelele go bega dintlha tsotlhe tsa hisitori e telele ya batho ba Modimo go tloga ka ditlhogo tsa lotso go fitlha ka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bokeresete!
26. Bibela e na le tshedimosetso e e lekaneng ya gore re tlhomamisege ka ntlha efe e e botlhokwa?
26 Totatota, tsela e dilo di kwadilweng ka bokhutshwane ka teng mo Bibeleng e a gakgamatsa. E na le tshedimosetso e e lekaneng go re kgontsha go lemoga gore ga e tshwane le bukanyana fela e e ikwaletsweng ke motho. Go farologana gope goo e nang le gone go bontsha gore bakwadi ba yone eleruri e ne e le basupi ba ba sa ikaegang ka ba bangwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela e e tlhomologileng eo Bibela e utlwanang ka yone—e re tla tlotlang ka yone ka mo go oketsegileng mo kgaolong nngwe e e tlang—e bontsha kwantle ga pelaelo epe gore ke Modimo yo o dirileng gore e nne teng. Ke lefoko la Modimo, eseng la motho.
[Mafoko a a mo go tsebe 89]
Seo se bonalang ekete ke go sa utlwane mo Bibeleng go bontsha gore bakwadi ba yone eleruri e ne e le basupi ba ba sa ikaegang ka ba bangwe
[Mafoko a a mo go tsebe 91]
Go sekaseka dintlha tse di dikologileng kgang gantsi go re thusa go rarabolola dilo tseo go bolelwang gore di a ganetsana
[Lebokoso mo go tsebe 93]
“Go Sa Bue Selo Se Le Sengwe” Ga Se Ka Metlha Eleng go Ikganetsa
Kenneth S. Kantzer, ebong moithuta-bodumedi, o kile a bontsha ka moo dipego tse pedi tsa tiragalo e le nngwe di ka bonalang di ikganetsa ka gone mme tsotlhe di le boammaaruri. O ne a kwala jaana: “Nako nngwe e e fetileng mmaagwe tsala nngwe ya rona e e rategang o ne a bolawa. Sa ntlha re ne ra utlwalela loso lwa gagwe ka tsala nngwe eo e neng e ikanyega eo e neng ya bega gore mmaagwe tsala eo ya rona o ne a eme mo sekhutlong sa mmila a letetse bese, mme a thulwa ke bese e nngwe e e neng e feta, o ne a gobala thata, mme a swa metsotso e se mekae moragonyana ga moo.”
Ka bonakonyana fela morago ga moo, o ne a utlwa pego e e farologaneng thata le eo. A re: “Re ne ra utlwa go tswa go setlogolo sa mosadi yo o tlhokafetseng yoo gore mosadi yoo o ne a kopanyelediwa mo go thulaneng ga dijanaga, mme o ne a phosegela kwa ntle ga koloi eo a neng a e pagame, mme o ne a swa ka yone nako eo. Mme mosimane yono o ne a tlhomamisa thata gore se a neng a se bua e ne e le boammaaruri.
“Morago thata fela . . . re ne ra batlisisa go bona gore di utlwana jang. Re ne ra utlwa gore mmemogolo yoo o ne a letetse bese, mme o ne a thulwa ke bese e nngwe, mme a gobala thata. O ne a tsewa ke koloi eo e neng e feta ka tsela mme ya mo tabogisetsa kwa bookelong, mme ka ntlha ya gore e ne e le mo lobelong thata, koloi eo a neng a le mo go yone eo e neng e mo isa kwa kokelong e ne ya thulana le koloi e nngwe. O ne a phosegela kwa ntle ga sejanaga seno mme o ne a swa ka yone nako eo.”
Ee, dipego di le pedi tse di buang ka tiragalo e le nngwe di ka nna tsa nna boammaaruri tsoopedi lemororo di bonala ekete ga di utlwane. Ka dinako tse dingwe go ntse jalo le ka Bibela. Basupi ba ba sa ikaegang ka ba bangwe ba ka nna ba tlhalosa dilo tse di farologaneng ka tiragalo e le nngwe. Lefa go le jalo, mo boemong jwa gore ba ganetsane, dilo tseo ba di kwalang di a tlatsana, mme fa re sekaseka dipego tseno tsotlhe, re kgona go tlhaloganya botoka se se diragetseng.