LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gm kgao. 8 ts. 98-116
  • Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?
  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe la Rona la Polanete
  • “Mo Tshimologoñ”
  • Pholo E E Molemo le go Tlosiwa ga Leswe
  • Ke Eng Seo Bibela E Se Bolelang?
  • Thuto-Tlhagelelo le Popo
  • A E Lekilwe go Bona Gore A Ke Boammaaruri?
  • Ka Moo Botshelo Bo Simologileng Ka Gone
  • Lebaka La Go Bo Go Sa Dumelwe Popo
  • Go Tweng ka Morwalela?
  • Metsi a Morwalela
  • A Go Na le Dilo Tseo Di Supang Gore go Kile ga Nna le Morwalela?
  • Setho Ga Se a Ka Sa Lebala
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Ba ile ba Supa Gore Bibela ga e Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
gm kgao. 8 ts. 98-116

Kgaolo 8

Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?

Ka 1613 rrasaense wa kwa Italy ebong Galileo o ne a kwala buka nngwe e e bidiwang “Letters on Sunspots.” Mo go yone, o ne a neela bosupi jwa gore lefatshe le tsamaya go dikologa letsatsi, eseng gore letsatsi le tsamaya go dikologa lefatshe. Ka go dira jalo, o ne a simolola metseletsele ya ditiragalo tseo kgabagare di neng tsa dira gore a tlhagelele fa pele ga Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi ya Roma Katoliki ka ntlha ya gore “go belaelwa thata gore o na le thuto nngwe ya maaka.” Kgabagare, o ne a patelesega gore a “ineele.” Ke ka ntlhayang fa kakanyo ya gore lefatshe le tsamaya go dikologa letsatsi e ne e lejwa jaaka thuto ya maaka? Ka gonne batho ba ba neng ba latofatsa Galileo bao ba ne ba bolela gore e kgatlhanong le seo Bibela e se bolelang.

1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Go ne ga diragalang fa Galileo a ne a akantsha gore lefatshe le tsamaya go dikologa letsatsi? (b) Lemororo Bibela e se buka ya thuto ya saense, re fitlhelang fa re e bapisa le saense ya segompieno?

GOMPIENO bontsi bo dumela gore Bibela ga e dumalane le saense, mme bangwe ba supa go seo se neng sa diragalela Galileo go tshegetsa seno. Mme a go ntse jalo? Fa re araba potso eo, re tshwanetse ra gakologelwa gore Bibela ke buka ya dipolelelopele, ya hisitori, ya thapelo, ya molao, ya kgakololo, le ya go itse ka Modimo. Ga e bolele gore ke buka ya thuto ya saense. Lefa go le jalo, fa Bibela e ama sengwe se se malebana le saense, seo e se bolelang se boammaaruri ka mo go feletseng.

Lefatshe la Rona la Polanete

2. Bibela e tlhalosa jang boemo jwa lefatshe mo sebakeng?

2 Ka sekai, a o ke o akanye ka seo Bibela e se bolelang malebana le polanete ya rona, eleng lefatshe. Mo bukeng ya Yobe, re bala jaana: “[Modimo] o phuthololèla botsheka kwa sebakeñ se se lolea hèla, o lepeletse lehatshe kwa go señ sepè.” (Yobe 26:7) Bapisa seno le seo se bolelwang ke Isaia, fa a bolela jaana: “Go na le mongwe yo o nnang kwa godimo ga sediko sa lefatshe.” (Isaia 40:22, NW) Setshwantsho se se bontshiwang fano sa lefatshe le le kgolokwe ‘le le lepeletseng kwa go seng sepe gone’ mo “sebakeñ se se lolea hèla” se re gakolola thata ka ditshwantsho tseo di ileng tsa tsewa ke baithuta-dinaledi tsa lefatshe le le kgolokwe le lepeletse mo sebakeng se se senang sepe.

3, 4. Modikologo wa metsi a a mo lefatsheng ke eng, mme Bibela e a reng ka tseno?

3 Gape, a o ke o akanye ka tsela e e gakgamatsang e metsi a dikologang ka yone mo lefatsheng. Compton’s Encyclopedia e tlhalosa jaana kaga seo se diragalang: “Metsi . . . a moafala go tswa mo godimo ga lewatle a bo a ya kwa lefaufaung . . . Meela ya moya e e tsamayang e sa kgaotse e e mo lefaufaung la lefatshe e tsaya moya o o bongola oo go o isa kgakala le losi lwa lewatle. Fa moya ono o tsidifala, metsi a a moafetseng ao a a phokafala go dira marothodinyana a metsi. Marothodinyana ano gantsi a tlwaetswe go bonwa e le maru. Gantsi marothodinyana ano a kopana go dira marothodi a pula. Fa lefaufau le le tsididi sentle, go direga makakaba a semathane mo boemong jwa marothodi a pula. Mo mabakeng ao oobedi, metsi ao a a tswang kwa lewatleng [dikilometara] di le makgolo-kgolo kana le eleng di le diketekete a fitlha a nela mo godimo ga lefatshe. Moo a fitlha a kopana go dira dinoka kana a nwelelela mo teng ga mmu mme a boele gape kwa lewatleng.”⁠1

4 Tiragalo eno e e gakgamatsang, eo e dirang gore botshelo bo kgonagale mo lefatsheng le le senang metsi, e ne ya tlhalosiwa sentle ka mokgwa o o bonolo, le o o tlhamaletseng mo Bibeleng mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng jaana: “Dinoka tsotlhe di tshela kwa lewatleng, lefa go ntse jalo lewatle ga le nke le bo le tlala; dinoka di boela gape kwa lefelong leo di neng di elela go tswa kwa go lone di bo di elela gape.”—Moreri 1:7, The New English Bible.

5. Seo mopesalema a se akgelang kaga hisitori ya dithaba tsa lefatshe se mo nakong jang ka tsela e e tlhomologileng?

5 Gongwe se se gakgamatsang le go feta ke seo Bibela e se lemogileng malebana le hisitori ya dithaba. Buka nngwe ya thuto ya jeoloji e bolela jaana: “Go tloga kwa Dinakong tsa Pele Pele mo Hisitoring ya Jeoloji go tla go fitlha gompieno, tiragalo e e sa kgaotseng ya go aga dithaba le go di senya e ntse e tsweletse pele. . . . Ga se fela gore dithaba di ile tsa simolola kwa tlase ga mawatle a a ileng a nyelela, mme gantsi di ile tsa khurumediwa ke metsi ka lobaka lo lotelele morago ga gore di bopege, mme morago ga moo tsa tlhagelela sesha.”⁠2 Bapisa seno le mantswe ano a poko a mopesalema: “O ne o khurumeditse [lefatshe] ka metsi a a boteng jaaka seaparo. Metsi a ne a eme fa godimo ga dithaba ka botsone. Mme dithaba tsa tlhatloga, mekgatsha ya itshetlela—ya ya kwa lefelong leo o e laoletseng gore e nne kwa go lone.”—Pesalema 104:6, 8, NW.

“Mo Tshimologoñ”

6. Ke polelo efe ya Bibela e e utlwanang le dithuto tsa saense tsa bosheng jaana tse di kaga go simologa ga lobopo?

6 Temana ya ntlhantlha fela ya Bibela e bolela jaana: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1) Dilo tseo borrasaense ba di lemogileng di ile tsa dira gore ba akanye gore lobopo loo re le bonang eleruri le na le tshimologo. Ga se gore le ne le ntse le le teng ka dinako tsotlhe. Moithuta-dinaledi ebong Robert Jastrow, yo go nang le dilo tse a di belaelang mo go tsa bodumedi, o ne a kwala jaana: “Dintlha di a farologana, mme dintlha tsa konokono tse di mo dilong tse di begwang ke baithuta-dinaledi le tse di begwang ke Bibela mo go Genesise di a tshwana: metseletsele ya ditiragalo tseo morago ga tsone go latelang motho di ne tsa simologa ka bonako le ka ponyo ya leitlho ka nako e e rileng, ka go benya ga lesedi le maikatlapelo.”⁠3

7, 8. Lemororo ba sa dumalane le seabe seo Modimo a nnileng le sone mo kgannyeng eno, borrasaense ba le bantsi ba tshwanetse ba amogela eng malebana le kafa lobopo le simologileng ka teng?

7 Ke boammaaruri, borrasaense ba le bantsi, lemororo ba dumela gore lobopo le na le tshimologo, ga ba dumele polelo ya gore “Modimo oa tlhōla.” Lefa go le jalo, bangwe jaanong ba a dumalana gore go thata go ganela bosupi jwa gore botlhale jwa mofuta mongwe o o rileng ke jone bo dirileng gore sengwe le sengwe se nne teng. Moperofesara wa fisiki ebong Freeman Dyson o akgela jaana: “Fa ke ntse ke sekaseka lobopo le go ithuta ka ga dintlha dingwe tse di malebana le tsela eo le bopilweng ka yone go ya pele, ke bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore lobopo ka mokgwa mongwe le tshwanetse la bo le ne le itse gore re etla.”

8 Dyson o tswelela pele ka go bolela jaana: “Ereka ke le rrasaense, yo o thapisitsweng go ya ka mekgwa ya go akanya ya lekgolo la bosomeamabedi la dingwaga le ka puo ya lone go na le tsa lekgolo la bosomerobedi la dingwaga, ga ke bolele gore tsela eo lobopo lo dirilweng ka yone e bontsha gore Modimo o gone. Se ke se bolelang fela ke gore tsela eo lobopo lo dirilweng ka yone e dumalana sentle le mogopolo wa gore botlhale bongwe bo na le seabe se segolo mo tseleng eo lo dirang ka yone.”⁠4 Seo a se bolelang eleruri se bontsha boikutlo jwa go belaela dilo jwa motlha wa rona. Mme fa re beela go belaela dilo gono kwa thoko, motho o kgona go lemoga gore saense ya segompieno le seo Bibela e se bolelang gore “e rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe” di dumalana ka tsela e e gakgamatsang.—Genesise 1:1.

Pholo E E Molemo le go Tlosiwa ga Leswe

9. Molao wa Bibela malebana le malwetsi a letlalo a a tshelanwang o bontsha jang botlhale jo bo thusang? (Yobe 12:9, 16a)

9 Tlhokomela sengwe gape seo Bibela e tlotlang ka sone: pholo e e molemo le go tlosiwa ga leswe. Fa Moiseraele a ne a na le selabe sengwe mo letlalong la gagwe seo go neng go belaelwa gore e ka nna lepero, o ne a tlhaolelwa kwa thoko a le esi. “Metlheñ eotlhe e sebecō se nntseñ mo go èna ka eōna, a a nnè itshekologō; o itshekologile: a a nnè esi; bonnō yoa gagwè a bo nnè kwa ntlè ga bothibèlèlō.” (Lefitiko 13:46) Tota le eleng diaparo tse di tshwaeditsweng di ne di fisiwa. (Lefitiko 13:52) Mo malatsing ao, eno e ne e le yone tsela e e molemo ya go thibela gore bolwetsi bo seka jwa tshelanwa.

10. Ba le bantsi mo mafatsheng mangwe ba ne ba tla solegelwa molemo jang ke go latela kgakololo ya Bibela e e malebana le pholo?

10 Molao o mongwe o o botlhokwa o ne o le malebana le go tlosa mantle a batho, ao a neng a tshwanetse a katelwa kwantle ga bothibelelo. (Duteronome 23:12, 13) Kwantle ga pelaelo molao ono o ne o sireletsa Baiseraele gore ba se tshwarwe ke malwetsi a le mantsi. Tota le eleng gompieno, mathata a magolo a pholo a mo mafatsheng mangwe a bakiwa ke go se tlose mantle a batho ka tsela e e tshwanetseng. Fa fela batho ba ba mo mafatsheng ao ba ne ba ka latela molao ono o o kwadilweng mo Bibeleng dingwaga di le diketekete tse di fetileng, ba ka bo ba na le pholo e e botoka go gaisa eo.

11. Ke kgakololo efe e e mo Bibeleng e e malebana le pholo ya tlhaloganyo eo e ileng ya fitlhelwa e le molemo?

11 Tekanyetso e e kwa godimo ya Bibela malebana le pholo gape e ne e akareletsa le pholo e e molemo ya mogopolo. Seane sa Bibela se ne sa bolela jaana: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama: me bopelotshètlha ke podishō ea marapō.” (Diane 14:30) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, patlisiso ya tsa kalafi e ile ya bontsha gore pholo ya rona ya mo mmeleng eleruri e amiwa ke boikutlo jwa rona jwa mogopolo. Ka sekai, Ngaka C. B. Thomas wa Yunibesithi ya Johns Hopkins o ne a ithuta dialogane tse di fetang sekete mo nakong ya dingwaga di le 16, a bapisa boemo jwa bone jwa tlhaloganyo le tsela eo ba tshabelelwang ke malwetsi ka yone. Selo sengwe seo a neng a se lemoga ke gore: Dialogane tseo di neng di tshabelelwa thata ke malwetsi e ne e le bao ba neng ba le bogale go feta ba bangwe ebile ba tlhobaela thata go feta ba bangwe fa ba le mo tlalelong ka ntlha ya kgatelelo nngwe.⁠5

Ke Eng Seo Bibela E Se Bolelang?

12. Ke ka ntlhayang fa Kereke ya Katoliki e ile ya gatelela gore kgopolo ya ga Galileo malebana le lefatshe ke thuto ya maaka?

12 Fa Bibela e le boammaaruri jaana mo mererong ya tsa saense, ke ka ntlhayang fa Kereke ya Katoliki e ne e bolela gore thuto ya ga Galileo ya gore lefatshe le tsamaya go dikologa letsatsi e ne e sa dumalane le Dikwalo? Ke ka ntlha ya tsela eo balaodi bao ba neng ba phutholola ditemana dingwe tsa Bibela ka yone.⁠6 A ba ne ba le boammaaruri? A re ke re baleng ditemana di le pedi mo go tseo ba neng ba di tsopola mme re bone.

13, 14. Ke ditemana dife tsa Bibela tseo Kereke ya Katoliki e ileng ya di dirisa ka tsela e e phoso? Tlhalosa.

13 Temana e nngwe ea re: “Letsatsi le yeōna le tle le tlhabe, letsatsi gapè le tle le phirime, me le itlhaganèlèle heloñ kwa le tlhabañ gōna.” (Moreri 1:5) Go ya ka seo se bolelwang ke Kereke eno, dipolelo tse di ntseng jaaka “letsatsi le yeōna le tle le tlhabe” le “[letsatsi] le tle le phirime” di raya gore letsatsi, eseng lefatshe, le a tsamaya. Mme tota le eleng gompieno re a re letsatsi le a tlhaba ebile le a phirima, mme bontsi jwa rona re a itse gore ke lefatshe le le tsamayang, eseng letsatsi. Fa re dirisa dipolelo tse di jaaka tseno, re a bo re tlhalosa fela seo se bonalang e le go tsamaya ga letsatsi jaaka fa go lebega mo mothong yo o le bogetseng. Mokwadi yono wa Bibela le ene o ne a dira se se tshwanang le seo.

14 Temana e nngwe e a re: “Eo o beileñ methèō ea lehatshe, gore le tlè le se ka ya tshikiñwa ka bosakhutleñ.” (Pesalema 104:5) Eno e ne ya tlhalosiwa jaaka e e rayang gore morago ga gore lefatshe le bopiwe le ne le ka seka la tsamaya. Lefa go le jalo, totatota temana eno e otlelela ka moo lefatshe le nnetseng ruri ka gone, eseng gore ga le tsamaye. Lefatshe ga le na le tsamaya le ‘tshikinngwa’ gore le se nne teng, kana la senngwa, jaaka fa ditemana dingwe tsa Bibela di tlhomamisa seno. (Pesalema 37:29; Moreri 1:4) Lekwalo leno, le lone, ga le amane ka gope le go tsamaya ga lefatshe le letsatsi. Ka nako ya ga Galileo, e ne e le Kereke, eseng Bibela, eo e neng e kgoreletsa gore go tlotliwe ka saense go sosologilwe.

Thuto-Tlhagelelo le Popo

15. Kgopolo ya thuto-tlhagelelo ke eng, mme e ganetsana jang le Bibela?

15 Lefa go le jalo, go na le karolo nngwe eo ba le bantsi ba neng ba ka re saense ya segompieno le Bibela di ganetsana gotlhelele mo go yone. Bontsi jwa borrasaense ba dumela kgopolo ya thuto-tlhagelelo, eo e rutang gore dilo tsotlhe tse di tshelang di tlhagile ka botsone fela go tswa mo mefuteng e mennye ya ditshidi tseo di neng tsa nna gone dimilione tsa dingwaga tse di fetileng. Bibela, kafa letlhakoreng le lengwe, e ruta gore setlhopha sengwe le sengwe sa dilo tse dikgolo tse di tshelang se ne sa bopiwa ka mo go kgethegileng mme di tsala go ya “kaha ditshikeñ tsa cōna” fela. E bolela gore motho o ne a bopiwa “ka lorole loa mbu.” (Genesise 1:21; 2:7) A seno ke phoso e e ka bonwang ke mang le mang ya saense eo Bibela e nang le yone? Pele ga re ka dira tshwetso, a re ke re sekasekeng sentle seo saense e se itseng, fa se bapisiwa le seo e se akanyang.

16-18. (a) Ke selo sefe seo Charles Darwin a neng a se lemoga seo se neng sa dira gore a dumele mo thuto-tlhagelelong? (b) Re ka bolela jang ra re seo Darwin a neng a se bona kwa Ditlhakatlhakeng tsa Galápagos ga se ganetse seo Bibela e se buang?

16 Kgopolo ya thuto-tlhagelelo e ne ya tumisiwa mo lekgolong le le fetileng la dingwaga e tumisiwa ke Charles Darwin. Fa a ne a le kwa Ditlhakatlhakeng tsa Galápagos kwa Pasifiki, Darwin o ne a kgatlhwa thata ke mefuta e e farologaneng ya dinonyane tsa go tshwana le borantweetwee mo ditlhakatlhakeng tse di farologaneng, tseo, a neng a akanya gore tsotlhe di tshwanetse tsa bo di tswa mo go ya mofuta o le mongwe fela. Go ya bokgakaleng jo bo rileng ka ntlha ya selo seno se a neng a se lemogile, o ne a tsweletsa pele kgopolo ya gore ditshedi tsotlhe di tswa mo go sa ntlha, se sennye sa mofuta o le mongwe fela. O ne a bolela gore selo sa konokono seo se neng se baka gore ditshedi tse dikgolwane di itlhagele ka botsone fela go tswa mo go tse dinnye, e ne e le go itlhophela go go dirwang ke tlhago mo go tsone, go falola ga ditshedi tse eleng tsone di tshwanelegang botoka go gaisa tse dingwe tsotlhe. O ne a bolela gore, go lebogiwe go itlhagelela ga dilo go bo diphologolo tse di tshelang mo lefatsheng di ile tsa tswa mo ditlhaping, dinonyane tsa tswa mo digagabing, jalo le jalo.

17 Boammaaruri ke gore seo Darwin a neng a se bona kwa ditlhaketlhakeng tseo tse di kwa thoko se ne se se kgatlhanong le Bibela, eo e dumalanang gore go a kgonagala go nna le ditshedi tse di farologaneng mo mofuteng o o rileng wa ditshedi tse dikgolo. Ka sekai, ditso tsotlhe tsa batho di tswa mo bathong ba le babedi fela ba ntlha. (Genesise 2:7, 22-24) Ka jalo ga go gakgamatse go bo mefuta e e farologaneng eo ya dinonyane tsa go tshwana le borantweetwee e ne e ka tswa go tsa mofuta o le mongwe. Mme e ne ya sala e ntse e le dinonyane tsa go tshwana le tsa borantweetwee. Ga di a ka tsa fetoga go nna digodi kana bontswi.

18 Le gone mefuta e e farologaneng ya dinonyane tsa go tshwana le borantweetwee lefa e le sepe se sele seo Darwin a neng a se bona ga se a ka sa bontsha gore ditshedi tsotlhe, e ka tswa e le dishaka kana dinonyane tsa metsi, ditlou kana menopi, di tswa mo setsheding se le sengwe fela. Lefa go le jalo, borra-saense ba le bantsi ba tlhomamisa gore thuto-tlhagelelo ga e tlhole e le kgopolo fela mme ke boammaaruri. Ba bangwe, lemororo ba lemoga mathata ao kgopolo eno e nang le one, ba bolela gore lefa go ntse jalo ba dumela mo go yone. Go tlwaelegile go dira jalo. Lefa go le jalo, rona go tlhokega gore re itse gore a thuto-tlhagelelo e lekilwe go bona gore a ke boammaaruri mo eleng gore ebile Bibela e tshwanetse ya bo e le phoso.

A E Lekilwe go Bona Gore A Ke Boammaaruri?

19. A pego ya dilo tsa bogologolo e tshegetsa thuto-tlhagelelo kana popo?

19 Kgopolo eno ya thuto-tlhagelelo e ka lekiwa jang? Mokgwa o o tlwaelegileng thata ke wa go tlhatlhoba pego ya dilo tsa bogologolo gore re bone gore a eleruri mofuta o mongwe wa setshedi o ne wa fetoga ka iketlo go nna setshedi sa mofuta o mongwe. A go ne ga diragala jalo? Nnyaa, jaaka fa borrasaense ba le mmalwa le bone ba dumalana jalo ka boikanyego. Yo mongwe wa bone, ebong Francis Hitching, o kwala jaana: “Fa o leka go batlisisa gore ditlhopha tsa diphologolo tse dikgolo di nyalana kae, ga go na gope mo o bonang seno gone.”⁠7 Lebaka la go bo pego ya dilo tsa bogologolo e sa kgone go neela bosupi le bonwa ke mang le mang mo e leng gore borrathuto-tlhagelelo ba ile ba tla ka dikakanyo dingwe tse di farologaneng le kgopolo eno ya ga Darwin ya gore dilo di ile tsa fetoga ka iketlo. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore go nna gone ga mefuta ya diphologolo ka bonako go go mo pegong ya dilo tsa bogologolo go tshegetsa lebaka la gore di bopilwe ka mo go kgethegileng fela thata go gaisa kafa go tshegetsang thuto-tlhagelelo ka gone.

20. Ke ka ntlhayang fa tsela eo disele tse di tshelang di ikatisang ka yone e sa letle gore thuto-tlhagelelo e diragale?

20 Mo godimo ga moo, Hitching o bontsha gore ditshedi di dirilwe gore di itsale fela jaaka di ntse go na le gore di fetoge go nna sengwe se sele. A re: “Disele tse di tshelang di a itsala ka botsone di itsala fela jaaka di ntse mo go batlang go sena lefa e le phosonyana mo go tsone. Selekanyo sa phoso e di e dirang e nnye thata mo eleng gore ga go na motšhini ope o o dirilweng ke motho o o ka di atamelang. Gape di na le ditekanyetso tse di dirilweng di na le tsone. Dijalo di gola go fitlhelela bogolo jo bo rileng mme di bo di gana go tlhola di golela pele. Dintshi tlase ga maemo lefa e ka nna ape ao o ka akanyang ka one di gana go nna sepe fa e se dintshi fela.”⁠8 Dilo tseo borrasaense ba ileng ba di dira mo dintshing tseno ka masome a dingwaga di ile tsa palelwa ke go di dira gore di fetoge go nna sengwe se sele.

Ka Moo Botshelo Bo Simologileng Ka Gone

21. Ke tshwetso efe eo e ileng ya bontshiwa ke Louis Pasteur eo e bakelang borrathuto-tlhagelelo bothata jo bogolo?

21 Potso e nngwe e e tshwarisang bothata eo borrathuto-tlhagelelo ba ileng ba palelwa ke go e araba ke ya gore: Botshelo bo simologile jang? Go tlile jang gore setshedi sa ntlha se sennye—eleng seo rotlhe re tshwanetseng ra bo re ile ra tswa mo go sone—se nne gone? Makgolo a dingwaga a a fetileng, seno se ka bo se ile sa seka sa bonala e le bothata. Batho ba le bantsi ka nako eo ba ne ba akanya gore dintshi di ne di ka nna teng di tswa mo nameng e e bodileng le gore fa dikatana di ne di kgobokane fale ka botsone fela di ne di ka tsala dipeba. Mme, go feta dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, rrakhemisi wa Mofora ebong Louis Pasteur o ne a bontsha ka phepafalo gore dilo tse di tshelang di ka nna gone fela di tswa mo dilong tse dingwe tse di neng di le gone pele ga tsone.

22, 23. Go ya ka borrathuto-tlhagelelo, botshelo bo simologile jang, mme mabaka a bontshang?

22 Ka jalo borrathuto-tlhagelelo ba tlhalosa jang kafa botshelo bo tlhagileng ka gone? Go ya ka kgopolo nngwe eo e itsegeng thata, dikhemikale tseo di neng di tlhakane ka kgakgamatso le maikatlapelo di ne tsa baka gore botshelo bo itlhagele fela ka bojone mo dingwageng di le dimilionemilione tse di fetileng. Go tweng ka thuto eo Pasteur a neng a e bontsha? The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Pasteur o ne a bontsha gore botshelo ga bo kake jwa itlhagelela fela ka bojone tlase ga maemo a dikhemikale le a mmatota a a leng gone mo lefatsheng gompieno. Lefa go le jalo, mo dibilioneng tsa dingwaga tse di fetileng maemo ao a dikhemikale le a mmatota a a mo lefatsheng a ne a farologane thata le ano”!⁠9

23 Lefa go le jalo, tota le eleng kafa tlase ga maemo a a farologaneng thata go na le pharologanyo e kgolo thata magareng ga dilo tse di sa tsheleng le selo se sennye se se tshelang. Michael Denton, mo bukeng ya gagwe ya Evolution: A Theory in Crisis, o bolela jaana: “Mo gare ga sele e e tshelang le tsamaiso e e rulagantsweng sentle ya dilo tse di sa tsheleng, e e jaaka ya di-crystal kana ya makakaba a semathana, go na le pharologano e e boitshegang le e e feletseng go feta eo motho a ka kgonang go e akanya.”⁠10 Kakanyo ya gore dilo tse di sa tsheleng di ka kgona go tshela ka tsela nngwe e e gakgamatsang ya ka tshoganyetso e kgakala mo eleng gore ga e kake ya kgonagala. Seo Bibela e se tlhalosang, sa gore ‘botshelo bo tswa mo botshelong’ ka gore botshelo bo ne jwa tlholwa ke Modimo, se dumalana le mabaka ka mo go tlhatswang pelo.

Lebaka La Go Bo Go Sa Dumelwe Popo

24. Go sa kgathalesege mathata ao kgopolo eno e nang le one, ke ka ntlhayang fa borrasaense ba le bantsi ba santse ba ngaparetse kgopolo eno ya thuto-tlhagelelo?

24 Go sa kgathalesege mathata ao kgopolo eno ya thuto-tlhagelelo e nang nao, gompieno go dumela mo popong go lejwa jaaka go go sa dumalaneng le saense, ebile e le selo se se sa tlwaelegang. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ke ka ntlhayang fa tota le eleng mankge wa go tshwana le Francis Hitching, yo ka boikanyego a bontshang makoa ao thuto-tlhagelelo e nang le one, a ganela kakanyo eno ya popo?⁠11 Michael Denton o tlhalosa gore thuto-tlhagelelo, gammogo le makoa a yone otlhe, e tla nna e tswelela e rutiwa ka gonne dikgopolo tse di leng malebana le popo “di baka dikgang tse eseng tsa tlholego ka papamalo.”⁠12 Ka mafoko a mangwe, lebaka la go bo popo e akareletsa Mmopi le dira gore go seka ga dumelwa mo go yone. Eleruri, ono ke mofuta wa go akanya o lefatshe le nang le one o o tshwanang le o re neng ra rakana le one mo kgannyeng ya dikgakgamatso: Gore dikgakgamatso ga di kgonagale ka gonne di a gakgamatsa!

25. Ke bokoa bofe jo thuto-tlhagelelo e nang le jone, go ya ka saense, jo bo bontshang gore ga se tsela e nngwe e e boammaaruri ya popo eo e tlhalosang ka moo botshelo bo simologileng ka gone?

25 Mo godimo ga moo, kgopolo ya thuto-tlhagelelo ka boyone e belaelwa thata go ya ka saense. Michael Denton o tswela pele ka gore: “Tota-tota ereka [kgopolo ya ga Darwin ya thuto-tlhagelelo] e le kgopolo ya hisitori e e dirilweng sesha, ga go kgonege gore e tlhomamisiwe ka tekeletso kana ka go lemogiwa fela ka tlhamalalo jaaka fa go tlwaelegile mo saenseng. . . . Go feta moo, kgopolo ya thuto-tlhagelelo e malebana le metseletsele ya ditiragalo dingwe tseo e leng tsa mofuta wa tsone fela, eleng kafa botshelo bo simologileng ka gone, kafa botlhale bo simologileng ka gone le tse dingwe. Ditiragalo tse eleng tsa mofuta wa tsone fela ga di kake tsa boelediwa ebile ga di kake tsa tlhatlhobiwa ka tsela lefa e ka nna epe fela ka go di lekeletsa.”⁠13 Boammaaruri ke gore kgopolo eno ya thuto-tlhagelelo, go sa kgathalesege gore e ratega go le go kana kang, e tletse ka dilo tse e sa dumalaneng mo go tsone ebile e na le mathata. Ga e neele lebaka lepe le le molemo la gore re gane go dumela seo se bolelwang ke Bibela malebana le ka moo botshelo bo simologileng ka gone. Kgaolo ya ntlha ya Genesise e re neela pego e e utlwalang ka mo go feletseng ya ka moo “ditiragalo” tseno tse di “sa kakeng tsa boelediwa” tse eleng tsa “mofuta wa tsone fela” di ileng tsa diragala ka gone mo ‘malatsing’ a popo ao a leng boleele jwa nako ya dingwaga di le diketekete.a

Go Tweng ka Morwalela?

26, 27. (a) Bibela e a reng malebana le Morwalela? (b) Selekanyo se se rileng sa metsi a morwalela a tshwanetse a bo a ne a tswa kae?

26 Ba le bantsi ba supa selo se sengwe gape seo go akanngwang gore Bibela e ganetsana le saense ya segompieno ka sone. Mo bukeng ya Genesise, re ithuta gore diketekete tsa dingwaga tse di fetileng boikepo jwa batho bo ne bo le bogolo mo eleng gore Modimo o ne wa ikemisetsa go ba senya. Lefa go le jalo, o ne a laela monna yo o siameng ebong Noa gore a age mokoro o mogolo o o dirilweng ka dikgong, eleng araka. Morago ga moo Modimo o ne wa leretse setho morwalela. Go ne ga falola Noa fela le lelapa la gagwe, gammogo le diphologolo tse dingwe tse di neng di tserwe mo mefuteng yotlhe ya diphologolo. Morwalela oo o ne o le mogolo mo e leng gore “mayè [“dithaba tse di,” NW] a a godileñ aotlhe hèla, a a kwa tlhatse ga legodimo yeotlhe hèla a khurumetsèga.”—Genesise 7:19.

27 Metsi ao otlhe a a neng a khurumetsa lefatshe lotlhe a ne a tswa kae? Bibela ka boyone e a araba. Kwa tshimologong fa go ne go dirwa popo, fa phuthologo ya lefaufau e ne e simolola go nna gone, go ne ga nna le “metse a a kwa tlhatse ga phuthologō” le “metse a a kwa godimo ga phuthologō.” (Genesise 1:7; 2 Petere 3:5) Fa Morwalela oo o ne o tla, Bibela e bolela gore: “Dithoba tsa legodimo tsa bulèga.” (Genesise 7:11) Ka mo go bonalang ka gone, “metse a a kwa godimo ga phuthologō” a ne a tshologa mme a tlisa metsi a le mantsi a morwalela oo.

28. Batlhanka ba bogologolo ba Modimo, go akareletsa le Jesu, ba ne ba leba Morwalela jang?

28 Dibuka tsa thuto tsa segompieno gantsi ga di dumele morwalela oo wa lobopo lotlhe. Ka jalo re tshwanetse ra botsa jaana: A Morwalela ke tlhamane fela, kana a o kile wa nna gone tota? Pele ga re ka araba potso eo, re tshwanetse ra ela tlhoko gore baobamedi ba ga Jehofa ba moragonyana ba ne ba leba Morwalela jaaka selo sa boammaaruri se se diragetseng mo hisitoring; ba ne ba sa o lebe jaaka tlhamane fela. Isaia, Jesu, Paulo, le Petere e ne e le bangwe ba bao ba neng ba bua ka one jaaka sengwe seo tota se neng sa diragala. (Isaia 54:9; Mathaio 24:37-39; Bahebera 11:7; 1 Petere 3:20, 21; 2 Petere 2:5; 3:5-7) Mme go na le dipotso tseo di tshwanelwang ke go arabiwa kaga Morwalela ono wa lobopo lotlhe.

Metsi a Morwalela

29, 30. Ke dintlha dife tse di malebana le metsi ao lefatshe le nang le one tseo di bontshang gore go a kgonega gore Morwalela o bo o ile wa nna gone?

29 Sa ntlha, a kakanyo eno ya gore lefatshe lotlhe le ne la tlelwa ke morwalela ga se selo se se sa kakeng sa kgonagala gotlhelele? Le eseng. Eleruri, go ya bokgakaleng jo bo rileng lefatshe le santse le na le metsi a le mantsi go feta selekanyo. Diperesente di le 70 tsa lone di khurumeditswe ke metsi mme ke 30 lekgolong fela eo e leng lefatshe le le omeletseng. Go feta moo, 75 lekgolong ya metsi a a phepa a lefatshe a ile a fetoga go nna dikgapetla-kedi le dikgapetla tsa metsi tse di fitlhelwang kwa dipolareng. Fa dikgapetla tseno di ne di ka gakologa, bogodimo jwa lewatle bo ne bo tla tlhatlogela kwa godimo thata. Ditoropo tse di ntseng jaaka New York le Tokyo di ne di tla nyelela.

30 Go feta moo, The New Encyclopœdia Britannica e bolela jaana: “Palogare ya boteng jwa mawatle otlhe e lekanyediwa go dimitara di le 3 790 (dikgato di le 12 430), eleng palo eo e fetang palogare ya bogodimo jwa lefatshe go lewatle kgakala, joo e leng dimitara di le 840 (dikgato di le 2 760). Fa palogare ya boteng jwa lone e atisiwa ka karolo e e fa godimo ya lone, Lewatle la Lefatshe le feta lefatshe le le kwa godimo ga lewatle ga 11 ka bogolo.”⁠14 Ka jalo, fa sengwe le sengwe se ne se ka dirwa gore se lekalekane fela—fa dithaba di ne di ka robadiwa fa fatshe le megobe e e kwa teng ya lewatle e ne e ka katelwa—lewatle le ne le tla khurumetsa lefatshe lotlhe boteng jwa dimitara di le diketekete.

31. (a) Fa e le gore Morwalela o ile wa nna gone, lefatshe la pele ga Morwalela le tshwanetse la bo le ne le ntse jang? (b) Ke eng se se bontshang gore go ka kgonega gore dithaba di bo di ne di le kwa tlase le gore megobe ya lewatle e ne e se boteng thata pele ga Morwalela?

31 Fa e le gore Morwalela o ile wa nna gone, megobe e e moteng ga lewatle e e neng e le teng ya pele ga Morwalela e tshwanetse ya bo e ne e se boteng thata, le dithaba di le kwa tlase go na le jaaka fa di ntse jaanong. A seno se ka kgonagala? Buka nngwe ya thuto e bolela jaana: “Moo dithaba tsa lefatshe jaanong di leng kwa godimodimo go go tseisang sedidi teng, dimilione tsa dingwaga tse di fetileng, mawatle le mabala a ne a namile a lekana fela mo ebileng a neng a lapisa. . . . Mokgwa oo continental plates di tsamayang ka one o dira gore lefatshe le tlhatlogele kwa bogodimong joo go ka tshelang fela diphologolo tse di tiileng le dijalo gone ebile, kafa letlhakoreng le lengwe, continental plates di dira gore le wele kwa tlase mme bontle jwa lone bo fitlhege kwa tengteng ga lewatle.”⁠15 Ereka dithaba le megobe e e moteng ga lewatle e tlhatlogela kwa godimo di bo di wela kwa tlase, go bonala gore ka nako nngwe dithaba di ne di se kwa godimo jaaka fa di ntse gone jaanong le megobe e megolo e e moteng ga lewatle e ne e se teng jaaka e ntse ga jaanong.

32. Go tshwanetse ga bo go ile ga diragalang ka metsi a Morwalela? Tlhalosa.

32 Go diragetseng ka metsi a Morwalela morago ga o sena go nna teng? A tshwanetse a bo a ile a felela mo megobeng eno e e moteng ga lewatle. Jang? Borrasaense ba dumela gore dikontinente di dutse mo godimo ga di-plate. Fa di-plate tseno di suta seo se ka baka gore go nne le diphetogo mo karolong e e fa godimo ya lefatshe. Mo mafelong mangwe gompieno, go na le mesima e megolo e e kafa tlase ga metsi e e boteng jo bo ka fetang dikilometara di le lesome mo di-plate tseno di felelang teng.⁠16 Go bonala gore—gongwe seno se bakiwa ke Morwalela ka boone—di-plate tseno di ne tsa suta, botlase jwa lewatle jwa wela kwa tlase, mme mesele e megolo ya bulega, e letla metsi a a mo lefatsheng gore a tsene mo go yone.b

A Go Na le Dilo Tseo Di Supang Gore go Kile ga Nna le Morwalela?

33, 34. (a) Ke bosupi bofe jo borrasaense ba setseng ba na le jone jo e ka nnang ya nna bosupi jwa gore Morwalela o kile wa nna gone? (b) A go a utlwala gore re bo re ka re borrasaense ba ka ne ba sa tlhalose bosupi jono sentle?

33 Fa re dumalana gore morwalela o mogolo o ka nna wa tswa o ile wa nna teng, ke ka ntlhayang fa borrasaense ba sa bone sepe se se supang seo? Gongwe ba se bone, mme ba tlhalosa bosupi jono ka tsela nngwe e sele. Ka sekai, saense e e tlwaelegileng e ruta gore karolo e e fa godimo ya lefatshe ya mo mafelong a le mantsi e ile ya bopiwa ke dikgapetla-kedi tse di maatla ka nako ya metseletsele ya metlha ya metsi a a suleng dikgapetla. Mme selo seo se bonalang ekete ke seo se dirilweng ke dikgapetla-kedi ka dinako tse dingwe se ka nna sa bo e le gore se dirilwe ke metsi gore se nne jalo. Ka gone, go ka diragala thata gore bosupi jwa gore go kile ga nna le Morwalela bo bo bo tsewa ka phoso jaaka bosupi jwa motlha wa fa metsi a ne a sule dikgapetla.

34 Go ilwe ga dirwa diphoso tse di tshwanang le tseno. Malebana le nako ya fa borrasaense ba ne ba simolola kgopolo ya bone e e malebana le metlha ya fa metsi a ne a sule dikgapetla, re bala jaana: “Ba ne ba fitlhela go na le metlha ya fa metsi a ne a sule dikgapetla gongwe le gongwe mo hisitoring ya jeoloji, e le tumalanong le botlhajana jwa gore dilo tsotlhe di a tshwana. Lefa go le jalo, fa go ne go sekasekiwa bosupi jono gape ka kelotlhoko mo dingwageng tsa bosheng jaana tshekatsheko eo e ile ya latola bontsi jwa metlha eno ya fa metsi a ne a sule dikgapetla; dilo tseo pele di neng di tsewa jaaka dikgogola tsa kgapetla-kedi di ile tsa tlhalosiwa sesha jaaka mokoa wa dikgogola oo o gogoletsweng foo ke seretse se se elelang, kgosomano ya lefatshe e e diragalang kafa tlase ga metsi le metsi a a seretse a a elelang ka maatla: metsi a mantsintsi a a seretse ao a nang le mmukgogodi, moshawa le maje a lekgwaripane a di ntshetsa kwantle ga boalo jo bo boteng jwa lewatle.”⁠18

35, 36. Ke bosupi bofe jo bo mo dipegong tsa dilo tsa bogologolo le jo bo mo jiolojing jo bo ka amanngwang le Morwalela? Tlhalosa.

35 Bosupi jo bongwe jwa Morwalela go bonala bo le gone mo go se se begiwang ke dilo tsa bogologolo. Ka nako nngwe, go ya ka pego eno, dinkwe dingwe tse dikgolo tse di neng di na le meno a a bogale a maleele a di bolayang ka one di ne di tsoma dijo tsa tsone kwa Yuropa, dipitse tse dikgolo go feta dipe tse di leng gone ga jaanong di ne di kailakaila kwa Amerika Bokone, mme ditlou tse dikgolo tse di bidiwang mammoths di ne di tsoma dijo tsa tsone kwa Siberia. Mme jaanong, go dikologa lefatshe lotlhe, mefuta yotlhe ya diamusi e ne ya nyelela. Mo godimo ga moo, tlelaemete e ne ya fetoga ka bonako. Masome a a dikete a ditlou tse di bidiwang mammoths di ne tsa bolawa mme tsa tshwarwa ke metsi a a suleng dikgapetla ka bonako kwa Siberia.c Alfred Wallace, yo o itsegeng thata wa nako ya ga Charles Darwin, o ne a akanya gore tshenyego eno e kgolo e tshwanetse ya bo e ile ya bakiwa ke tiragalo nngwe e e tlhomologileng eo e neng ya diragala mo lefatsheng lotlhe.⁠19 Batho ba le bantsi ba ile ba bolela gore tiragalo eno e ne e le Morwalela.

36 Setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Biblical Archaeologist se ne sa tlhalosa jaana: “Go botlhokwa gore re gakologelwe gore kgang ya morwalela o mogolo ke e nngwe ya dilo tse di tumileng thata tsa setso sa batho . . . Lefa go le jalo ditumelo tseo eleng tsa bogologolo thata tseo di fitlhelwang mo metsweding ya tshedimosetso ya kwa Gaufi le Botlhaba, go ka nna ga diragala thata gore di bo di nnile teng ka ntlha ya morwalela wa mmatota o o neng o boitshega thata o eleng wa go tloga ka dinako tsa dipula tse dikgolo . . . diketekete tsa dingwaga tse di fetileng.”⁠20 Dinako tsa dipula tse dikgolo e ne e le dinako tsa fa karolo e e fa godimo ya lefatshe e ne e le metsi go feta jaanong. Matsha a a nang le metsi a a phepa go dikologa lefatshe a ne a le magolo thata. Go akanngwa gore bongola jono bo ne bo bakiwa ke dipula tse dikgolo tse di neng di amana le go fela ga metlha ya fa metsi a ne a sule dikgapetla. Mme bangwe ba ile ba akantsha gore ka nako nngwe lebaka la go bo karolo e e fa godimo ya lefatshe e ne e le bongola thata e ne e le ka ntlha ya Morwalela.

Setho Ga Se a Ka Sa Lebala

37, 38. Rrasaense mongwe o bontsha jang gore, go ya ka bosupi, Morwalela o ka nna wa bo o ile wa nna teng, mme re itse jang gore o ile wa nna teng?

37 Moperofesara wa jioloji ebong John McCampbell o kile a kwala jaana: “Dipharologano tse dikgolo tse di leng gone magareng ga thuto ya Bibela ya gore diphetogo tse di mo godimo ga lefatshe di ne tsa lerwe ke matlhotlhapelo [Morwalela] le thuto ya batho ba thuto-tlhagelelo ya gore maatla a a tshwanang a tlholego a lere ditlamorago tse di tshwanang mo godimo ga lefatshe ga di a nna gone ka ntlha ya tshedimosetso e e tshegediwang ka mabaka ya jioloji mme di gone ka ntlha ya tsela eo tshedimosetso eo e tlhalosiwang ka yone. Tlhaloso eo e tla tsewang e tla ikaega thatathata ka gore moithuti yono o itseng le gore o ne a akantse eng esale pele.”⁠21

38 Lebaka la gore Morwalela tota o ile wa nna teng le bonala mo ntlheng ya gore setho ga se o lebale. Go dikologa lefatshe lotlhe, mo mafelong a a katologaneng jaaka Alaska le Ditlhaketlhake tsa Lewatle le le kwa Borwa, go na le dipolelo tsa bogologolo tse di kaga one. Batho ba ba neng ba le gone pele ga motlha wa ga Columbus ba Amerika, gammogo le Batho ba Pele ba kwa Australia, botlhe ba na le dipolelo tse di malebana le Morwalela. Lemororo dipego tsa tsone tse dingwe di farologana go ya ka dintlha ka botlalo tsa tsone, ntlha ya konokono ya gore lefatshe le ne la tlelwa ke morwalela mme ga bolokwa batho ba sekae fela mo sekepeng se se dirilweng ke motho e gone mo e ka nnang mo go tsone tsotlhe. Tlhaloso e le nngwe fela kaga selo seno seo se dumelwang ke ba le bantsi ke gore Morwalela e ne e le tiragalo ya mmatota e e diragetseng.d

39. Ke bosupi bofe jo bongwe jo re ileng ra bo bona jwa gore Bibela ke lefoko la Modimo, eseng la motho?

39 Ka jalo, mo dikarolong tse di botlhokwa Bibela e a dumalana le saense ya segompieno. Moo e sa dumalaneng le yone gone, bosupi jo bo neelwang ke borrasaense bo a belaetsa. Moo di dumalanang gone, Bibela gantsi e boammaaruri mo e leng gore re tshwanetse ra dumela gore tshedimosetso ya yone e tswa mo go mongwe yo o botlhale go feta motho. Eleruri, lebaka la go bo Bibela e dumalana le saense eo e ileng ya supiwa gore ke boammaaruri le neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ke lefoko la Modimo, eseng la motho.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dintlha tse di oketsegileng ka botlalo malebana le kgang e e kaga thuto-tlhagelelo le popo di fitlhelwa mo bukeng ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? eo e gatisitsweng ka 1985 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Buka ya Planet Earth—Glacier e lebisa tlhokomelo go mokgwa o metsi a a suleng dikgapetla a gatelelang karolo e e fa godimo ya lefatshe kwa tlase ka one. Ka sekai, e a re: “Fa metsi a a suleng dikgapetla a kwa Greenland a ne a ka nyelela, setlhaketlhake seno e ne e tlaare kgabagare se boele gape go [dimetara di le 600].” Ka ntlha ya seno, seo se neng se tla dirwa ke morwalela ono o o tlileng ka bonako wa lefatshe lotlhe mo dikarolong tsa legogo la lefatshe le gone e tshwanetse ya bo e ile ya nna matlhotlhapelo.⁠17

c Palo nngwe e e phopholediwang e bolela gore ke dimilione di le tlhano.

d Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka Morwalela, bona Insight on the Scriptures, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 1, ditsebe 327, 328, 609-612.

[Lebokoso mo go tsebe 105]

“Ka Lorole”

“The World Book Encyclopedia” e bega jaana: “Dikhemikale tsotlhe tse dilo tse di tshelang di bopilweng ka tsone gape di teng mo dilong tse di sa tsheleng.” Ka mafoko a mangwe, dikhemikale tsa konokono tseo di bopang dilo tse di tshelang, go akareletsa le motho, gape di a fitlhelwa le mo lefatsheng ka bolone. Seno se dumalana le seo Bibela e se bolelang fa e re: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu.”—Genesise 2:7.

[Lebokoso mo go tsebe 107]

‘Mo Tshwanong ya Modimo’

Bangwe ba supa dilo tse di ka bonwang ka matlho tseo motho a tshwanang le diphologolo dingwe ka tsone go bontsha gore motho o amana le tsone. Lefa go le jalo, ba tshwanetse ba dumalana gore dikgono tsa motho tsa go akanya di gaisa kgakala tsa phologolo epe fela. Ke ka ntlhayang fa motho a na le kgono ya go loga maano le go baakanya lefatshe leo le mo dikologileng, go kgona go rata, botlhale jo bo kwa godimo, segakolodi, le go itse ka dilo tse di fetileng, tsa ga jaanong, le tsa isagwe? Thuto-tlhagelelo ga e kake ya araba seno. Mme Bibela e a se araba, fa e bolela jaana: “Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo.” (Genesise 1:27) Malebana le kgono ya motho ya go akanya le ya boitshwaro le nonofo ya gagwe ya go dira dilo, o tshwana le Rraagwe wa selegodimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 99]

Tsela eo Bibela e tlhalosang lefatshe ka yone le gore le ne le le mo go seng sepe e dumalana sentle le seo baithuta-dinaledi ba ileng ba tlhalosa gore ba se bone

[Setshwantsho mo go tsebe 102]

Bibela ga e bolele gore a lefatshe le tsamaya go dikologa letsatsi kana gore letsatsi le tsamaya go dikologa lefatshe

[Setshwantsho mo go tsebe 112, 113]

Fa lefatshe le ka bo le lekalekana fela, go sena dithaba dipe kana melete, le ka bo le khurumeditswe ke metsi a mantsi a a boteng

[Setshwantsho mo go tsebe 114]

Ditlou tse dikgolo tse di bidiwang mammoths di ile tsa bonwa tseo metsi a a suleng dikgapetla a neng a di tshwara ka bonako fela morago ga di sena go swa

[Setshwantsho mo go tsebe 115]

Louis Pasteur o ne a bontsha ka mabaka gore botshelo bo ka tswa fela mo botshelong jo bo setseng bo le gone

[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 109]

(For fully formatted text, see publication)

Bibela e neela tlhaloso e e boammaaruri kaga modikologo wa metsi mo lefatsheng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela