LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 7
  • O se Ka wa Ineela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Ineela
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Paulo a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Paulo?
  • Etsa Paulo
  • Nna Boikokobetso
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Bontsha Gore o Amega ka Batho
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Nna Pelotelele
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Go Boela Kwa Bathong ba ba Kgatlhegang—Leng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 7

FA O DIRA MAETO A GO BOELA

Moaposetoloi Paulo a rerela batho kwa holong ya sekolo.

Ditiro 19:8-10

THUTO 7

O se Ka wa Ineela

Molaomotheo: “Ba ne ba tswelela ba ruta . . . ba sa kgaotse ba bolela dikgang tse di molemo.”​—Dit. 5:42.

Se Paulo a Ileng a se Dira

Moaposetoloi Paulo a rerela batho kwa holong ya sekolo.

BIDIO: Paulo o Tswelela a Thusa Batho Kwa Efeso

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 19:8-10. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Paulo o ile a tswelela jang a thusa batho ba ba kgatlhegang le fa bangwe ba ne ba mo ganetsa?

  2. Paulo o ile a boela ga kae kwa bathong ba ba neng ba kgatlhega, e bile o ile a dira jalo ka lobaka lo lo kae?

Re Ithuta Eng mo go Paulo?

2. Re tshwanetse go ipha nako le go tsaya matsapa gore re kgone go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele.

Etsa Paulo

3. Etela motho ka nako e a e tlhophileng. Ipotse go re: ‘Nka boela kwa go ene leng? A ka rata gore ke tlotle le ene kae?’ Mo etele le fa a tlhophile nako e o sa tlwaelang go ya bodireding ka yone.

4. Mmotse gore o ka mo etela leng gape. Nako le nako fa o sena go tlotla le ene, mmotse gore o ka boa leng gape. Fa o mo tshepisitse gore o tla boa gape, dira jalo mme o tshware nako.

5. O se ka wa mo tlhoboga. O se ka wa tsaya gore motho ga a kgatlhege ka gonne o sa mo fitlhele kgotsa ka metlha o fitlhela go na le sengwe se a se dirang. (1 Bakor. 13:4, 7) Nna o mo etele, mme gone o leke go dirisa nako ya gago sentle.​—1 Bakor. 9:26.

BONA LE

Dit. 10:42; 1 Bakor. 9:22, 23; 2 Bakor. 4:1; Bagal. 6:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela