LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 3/1 ts. 7-8
  • Nako ya go Tlhopha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya go Tlhopha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya go Dira Dilo Disha
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Se Modimo a se Dirileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 3/1 ts. 7-8

Nako ya go Tlhopha

“Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.”—Genesise 1:27.

MAFOKO ao a a itsegeng a a simololang a Baebele a bontsha sengwe sa dilo tse dikgolo tse Modimo ‘a di dirileng go nna dintle mo motlheng wa tsone’—go bopa banyalani ba ba itekanetseng e bong Adame le Efa. (Moreri 3:11) E re ka Jehofa Modimo e le Mmopi wa bone, o ne a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28.

Fa Modimo a ne a bolelela batho ba ntlha ba babedi mafoko ao, o ne a ba itsise boikaelelo jwa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go ata le go tlhokomela lefatshe mme ba le fetole lotlhe go nna legae la paradaise le bone le bana ba bone ba neng ba tla nna mo go lone. Modimo o ne a sa ba beela nako e ba neng ba tla swa ka yone. Go na le moo, o ne a ba solofeditse sengwe se se molemo. Ba ne ba ka tshelela ruri ba le mo kagisong e bile ba itumetse fa ba ne ba ka dira tshwetso e e siameng le go tswelela ba tshela tumalanong le thato ya Modimo.

Ba ne ba dira tshwetso e e sa siamang mme seo sa felela ka gore batho botlhe ba tsofale ba bo ba swe. Tota e bile, tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Matsapa di a tsere kae?

Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) “Motho [yoo] a le mongwe” ke Adame yo ka boomo a neng a se ka a ikobela taelo e e utlwalang sentle ya Modimo. (Genesise 2:17) Ka ntlha ya tshwetso e Adame a neng a e dira, o ne a latlha tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Gape o ne a dira gore bana ba gagwe ba latlhegelwe ke boswa jo bo tlhwatlhwakgolo mme a fetisetsa phutso ya boleo le loso mo go bone. Go ne go lebega go se na kgoro ya botso.

Nako ya go Dira Dilo Disha

Diketekete tsa dingwaga moragonyana, mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Fa Lefoko la Modimo le tlhomamisa gore tsholofetso ya Modimo ya kwa tshimong ya Edene e tla diragadiwa, le tlhalosa se a neng a tla tloga a se dira: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Mme Modimo ka boene a re: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.

E re ka sengwe le sengwe se na le nako e e se tlhometsweng, potso e ka nna gore, Nako eo ya go dira dilo disha e tla tla leng, gore ditsholofetso tse di molemolemo tsa Modimo di diragadiwe? Basupi ba ga Jehofa ba e leng bone bagatisi ba makasine ono, ba leka ka natla go itsise batho gore re tshela mo go se Baebele e se bitsang ‘metlha ya bofelo’ le gore nako ya gore Modimo a tseye kgato ya go “dira dilo tsotlhe disha” e gaufi. (2 Timotheo 3:1) Re go kgothaletsa gore o tlhatlhobe Baebele le go ithuta ka masego a a molemo a o ka a bonang. Gape re go kgothaletsa gore o amogele taletso eno: “Batlang Jehofa, a sa ntse a ka bonwa. Mmitseng a sa ntse a le gaufi.” (Isaia 55:6) Go na le gore botshelo jwa gago bo laolwe go sa le gale, tsholofelo ya go tshelela ruri e ikaegile ka wena!

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela