Dipokano Tsa Tirelo ka December
Malebana le beke ya kopano tsweetswee bona setlhogo se se reng “ELA TLHOKO” kafa tlase ga setlhogo Dipokano tsa Tirelo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1991.
Beke E E Simololang ka December 2
Pina 108
15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. “Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se Tlamela ka Thuto ya Bolegodimo.” Akaretsa dikakgelo tseo di leng mo dimakasineng tsa December tseo di leng malebana le go ketekwa ga meletlo ya malatsi a boikhutso. Umaka dintlha tse di kgethegileng tseo di ka buelelwang mo tirelong ya tshimo. Kgothaletsa gore go tshegediwe tiro ya dimakasine ka Matlhatso. Tsweetswee boeletsa “Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo” tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Bogosi ya July 1991 eleng tsenyeletso e e reng “Rulaganya Gone Jaanong Gore O Nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.’”
18 mets: “A o Anaanela Kafa E Leng Mosola ka Gone?” Dipotso le dikarabo. Dira pontsho ya dintlha tse di leng mo bukeng ya Dipolelo tsa Bibela. Pontsho ya ntlha e ka nna ya dirwa ke mmoledi yo o godileng fa ya bobedi yone e ka nna ya dirwa ke mosha a tsamaisetsa yo a tsenang le ene mo tlelaseng buka ya Dipolelo tsa Bibela a bontsha gape kafa buka eno e ka ithutiwang ka gone.
12 mets: Tlotla le batsadi kaga botlhokwa jwa go ya go bona barutabana ba sekolo pele ga fa setlha se se latelang se simolola, go ya go ba bona segolobogolo malebana le boemo jwa rona kaga thuto ya bodumedi, thapelo, metshameko eo e tshamekiwang fa sekolo se sena go tswa, le boemo jwa rona mo go amogeleng ditiro tseo re di tlhomelwang kana maemo. Dira pontsho ya kafa motsadi le ngwana ba buisanang le morutabana ka gone. Botsolotsa baboledi bangwe ba babotlana kaga boemo jwa kwa sekolong sa bone malebana le dikgang tseno. Leka go dira gore bana ba akgele gore ke dilo dife tseo di diragalang malebana le ditiro tseno kwa dikolong tseo ba tsenang kwa go tsone, o gatelele botlhokwa jwa gore ba nne ba ntse ba itlhaotse. Gatelela botlhokwa jwa go utlwa ka boikanyegi kaelo eo e neelwang ka “motlhanka yo o botlhale le yo o boikanngo.” Dirisa boroutšhara ya Sekolo. Bagolwane ba tshwanetse gore ba latedise go tlhomamisa gore batsadi ba utlwa kaelo e e neelwang eno. Fa e le gore motsadi ga a kgone go buisana le morutabana yo mosha pele malatsi a boikhutso a sekolo a simolola, he motsadi yono o tshwanetse gore a se ka a bo a fosa go tsamaya le ngwana wa gagwe kwa sekolong ka nako ya fa se tla bo se bulwa mo ngwageng o mosha. Motsadi o tshwanetse gore a tlhalosetse morutabana boemo jwa rona mo dikgannyeng tse di akaretsang kobamelo ya boammaaruri le boitlhaodi. Fa e le gore motsadi kana batsadi ba tlhoka mongwe yo o ka ba thusang, a ba kope mogolwane mongwe go tsamaya nabo. Go ka tilwa mathata a a masisi fa e le gore seno se a dirwa.
Pina 221 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 9
Pina 166
5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Akaretsa Dikgang tsa Bolegodimo. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo mo tirelong mo mafelobekeng ano, o bo o tlhamamise gore go lerilwe dipego tsa tirelo ya tshimo tsa kgwedi.
25 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Mo Nakong ya Malatsi a Gago a Boikhutso.” Puo le motlotlo wa lelapa.
(5 mets.) Modulasetulo o tlotla ka dirapa tse pedi tsa ntlha a bo a sutela motlotlo wa lelapa. Bomoya jwa lelapa ga bo a tshwanela go tlhokomologiwa mo nakong ya malatsi a boikhutso. Ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go tlhomamisa gore dilo tse di tlhokegang tsa semoya di a tlhokomelwa ka dinako tsotlhe.—Dute. 6:6, 7.
(18 mets.) Motlotlo wa lelapa o o akaretsang dintlha tse di leng mo dirapeng 3-6. Tlhogo ya lelapa e tlotla le lelapa ka dithulaganyo tseo di tlhokegang go tlhomamisa gore malatsi a boikhutso a tla akaretsa ditiro tsa semoya. Leloko lengwe la lelapa le bone aterese le dinako tsa dipokano tsa phuthego ya lefelo leo ba tla bong ba etela kwa go lone. Lelapa le na le dibuka tse di lekaneng gore le tle le nne le seabe mo bodiheding jwa tshimo le phuthego eo, le gore le dirise ka tsela e e molemo, ditshono tsa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Go umakiwa maemo ao ba ka nnang ba kopana le one ao a ka nnang a ba naya ditshono tsa gore go neelwe bosupi. Tlhogo ya lelapa e lebisa tlhokomelo go dithulaganyo tsa go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” a bo a ba gakolola gore kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe la kopano ba tla boeletsa dintlha tsa thulaganyo ya letsatsi leo, o tlhalosa botlhokwa jwa go dira jalo. Lelapa le akgela ka bokhutshwane ka dintlha tse di tshwanelang sentle tse di tswang mo tsenyeletsong ya tokololo ya July ya Tirelo ya Rona ya Bogosi eleng dintlha tse di amanang le boitsholo jo bo siameng fa go le kwa kopanong. Botlhe ba leba pele ka tlhagafalo go tla ba bapala dilo tse di seng kana ka sepe tsa bolegodimo go tswa mo nakong ya bone ya malatsi a boikhutso.
(2 mets.) Modulasetulo o konela ka go gatelela botlhokwa jwa gore ditlhogo tsa malapa, e ka ne e le dithulaganyo dife tseo ba di dirang, ba se ka ba tlhokomologa dilo tsa semoya tse di tlhokegang tsa lelapa.
15 mets: Dilo tse di tlhokegang tsa lefelo la lona kana puo e e nang le setlhogo se se reng “A O Ganela Gore o Sekametse Thata mo go Direng Boleo?” eo e tserweng go Tora ya Tebelo ya August 15, 1991, ditsebe 29-31.
Pina 196 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 16
Pina 169
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Akaretsa pego ya tsa madi mmogo le meneelo ya phuthego eo Mokgatlho o e amogetseng. Tlhalosa dithulaganyo tsa lefelo la lona tsa go neela bosupi ka malatsi a boikhutso.
20 mets: “Go Ipoloka Re Tshwaregile mo go Direleng Jehofa.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Pontsho e e dirwang ke lelapa le le nang le batho ba le bane fela. Rre o dirisa khalendara ya 1992 go tlotla le lelapa ka go rulaganya nako ga bone ka January. O sekaseka gore ke malatsi afe ao a ka beelwang kwa thoko gore go dirwe tirelo ya tshimo ka one le gore ke jang a tla dirang le leloko lengwe le lengwe la lelapa mo tshimong.
15 mets: “Bobulatsela—Tirelo E E Lereng Maungo a le Mantsi.” Se sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Botsolotsa babulatsela ba le babedi. Ke dikgoreletsi dife tseo ba neng ba tshwanelwa ke gore ba di fenye gore ba tle ba tsenele tirelo ya bobulatsela? Ke eng seo se ba tlhotlheleditseng gore ba bule tsela? Ke eng se se ba thusitseng gore ba atlege mo go buleng tsela? Kgothaletsa botlhe gore ba sekaseke maemo a bone ka thapelo.
Pina 40 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 23
Pina 197
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dira pontsho ya kafa go ka buelelwang dimakasine tsa bosheng ka gone. Gongwe le gongwe fa o ka kgonang gone, leka gore o nne le batho bao o ba isetsang dimakasine ka metlha.
25 mets: “Go Nna le Seabe mo Dikatolosong Tse Di Direlwang Bogosi.” Motlotlo wa setlhogo sa tsenyeletso ka dipotso le dikarabo. Kgothaletsa botlhe mo phuthegong gore ba dire se tshedimosetso e e neetsweng mo tsenyeletsong e se bolelang ka go tswelela pele ba tshegetsa tiro ya go aga ka dipelo tsa bone tsotlhe.
10 mets: “U Ineele ho Bala ka Lentsoe le Phahameng.” E tshwanetse ya tshwarwa ke molebedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. Puo e e gatelelang botlhokwa jwa gore re nne batho ba ba balang botoka eo e tserweng mo Bukeng ya Tataiso Ea Sekolo Thuto 6. Thusa bareetsi go lemoga gore go kgona go bala ka thelelo fela ga go a lekana; re tshwanetse ra tlhagolela mokgwa o o siameng wa go tlhaloganya seo re se balang.
Pina 201 le thapelo e e konelang.