Ke Tla Reng?
Fa re kopana le batho ba ba arabelang sentle mo tshimong, re eletsa go boela kwa go bone go ya go ba neela bosupi gape. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra bo re sa itse gore re reng go simolola motlotlo mo nakong e e tlang. O ka nna wa leka go simolola jaana: Botsa potso e e kgatlhang, o bo o bula buka ya Go Fetolana go bontsha karabo e e tswang mo Dikwalong. Go ka thusa fa o ka nna le lenaane la dipotso tse o ka tlhophang mo go tsone potso e o akanyang gore e ka tsosa kgatlhego mo mothong yo o rileng. Lenaane le le fa tlase fano, le le rulagantsweng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana, le bontsha nomoro ya tsebe e karabo nngwe le nngwe e ka fitlhelwang mo go yone:
◼ Ke goreng re tsofala re bo re swa? (243)
◼ A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong? (287)
◼ A Modimo tota o a amega ka seo se diragalelang rona batho? (289)
◼ A motho o tshwanetse go ya legodimong go nna le isagwe e e itumedisang eleruri? (228)
◼ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse le go dirisa leina la Modimo la mmatota? (194)
◼ Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng? (85)
◼ Boikaelelo jwa botshelo jwa batho ke eng? (129)
◼ Ke ka ntlha yang fa go na le ditumelo tse dintsi jaana? (72)
◼ Motho o ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo bo siameng? (78)
◼ Satane o maatla go le kana kang mo lefatsheng la gompieno? (349)
◼ Ke goreng Modimo o letlelela pogo? (323)
◼ Ke ka ntlha yang fa go na le boikepo jo bo kana kana? (91)
O ka nna wa baya lenaane le le ntseng jaana la dipotso mo Baebeleng ya gago kana mo bukeng ya gago ya Go Fetolana gore o kgone go leba mo go yone ka bonako. Go akanya ka selo se se rileng se o ka tlotlang ka sone mo loetong lwa go boela go tla go kgothatsa gore o boele ka boikanyego kwa bathong ba ba kgatlhegang.