LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb25 September ts. 6-7
  • September 22-28

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • September 22-28
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
mwb25 September ts. 6-7

SEPTEMBER 22-28

MORERI 1-2

Pina 103 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Tswelela o Katisa ba Bannye mo go Wena

(10 mets.)

[Tshameka BIDIO ya Se se Mo Bukeng ya Moreri.]

Kokomana nngwe le nngwe e na le boikarabelo jwa go katisa e e tlang kwa morago ga yone (Mor 1:4; w17.01 27-28 ¶3-4)

Fa re katisa ba bangwe re bo re ba naya tiro nngwe gore ba e dire, re ba naya tshono ya go itumelela go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa (Mor 2:24)

Mogolwane yo mosha o tshwere Thuto ya “Tora ya Tebelo” mme mokaulengwe yo o godileng yo o balang dirapa o a smaela fa a ntse a mo lebile.

O se ka wa tshaba go katisa ba bangwe ka gonne o akanya gore ba tla newa kabelo e o e dirang

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Mor 1:1​—Tlhalosa seabe sa ga Solomone sa go nna “mophuthi.” (it “Moreri” ¶1)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Mor 1:1-18 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Simolola Motlotlo

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Leka go bona gore motho yono o itumelela go bua ka eng. Rulaganya go bua le ene gape. (lmd thuto 3 ntlha 5)

5. Fa o Simolola Motlotlo

(2 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Tlotla ka nngwe ya “Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang” mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A, mo boroutšhareng jwa Rata Batho. (lmd thuto 2 ntlha 3)

6. Fa o Dira Maeto a go Boela

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Araba potso e a e boditseng mo nakong e e fetileng fa lo ne lo tlotla. (lmd thuto 9 ntlha 5)

7. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Mmontshe gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang, o bo o rulaganya gore lo e tsweletse mo nakong e e tlang. (lmd thuto 10 ntlha 3)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 84

8. Dithuto Tse Tharo Tsa Botlhokwa ka go Katisa

(15 mets.) Motlotlo.

Ditshwantsho: Bakaulengwe ba katisa batho ba bangwe mo maemong a a farologaneng. 1. Mokaulengwe o ruta kgaitsadi go dirisa shaga ya motlakase kwa porojekeng ya go aga. 2. Mokaulengwe yo o godileng o lebile mokaulengwe yo mosha fa a ntse a ikatisa kwa Holong ya Bogosi. Mokaulengwe yo o godileng o tshwere boroutšhara jwa “Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta.” 3. Mokaulengwe o ruta mokaulengwe yo o mosha go tsenya dibeteri tse disha mo maekerofounong. 4. Rre le bomorwawe ba babedi ba a phepafatsa kwa Holong ya Bogosi. Rre le morwa yo o mogolo ba dirisa metšhine go phepafatsa mmetshe kwa seraleng mme yo mmotlana o phimola lerole.

Go rata ba bangwe go re tlhotlheletsa go ba katisa gore le bone ba kgone go dira tiro e Jehofa a re neileng yone

Baebele e na le dikai di le dintsi tse di ka re thusang go katisa ba bangwe. Re ka ithuta go le gontsi mo tseleng e Samuele a katisitseng Saulo ka yone, e Elija a katisitseng Elisha ka yone, e Jesu a katisitseng barutwa ba gagwe ka yone le e Paulo a katisitseng Timotheo ka yone. Boammaaruri ke gore ga go na ope yo o ka gaisang Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya go katisa. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehofa sa go katisa?

Tshameka BIDIO ya Etsa Jehofa fa o Katisa Bangwe (Joh 5:20)​—Bidio e e Khutshwafaditsweng. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Ke dithuto dife tse tharo tse re di ithutang ka Jehofa mo tseleng e a katisang ka yone?

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

(30 mets.) lfb thuto 20-21

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 148 le Thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela