SEPTEMBER 29–OCTOBER 5
MORERI 3-4
Pina 93 le Thapelo | Matseno (1 mots.)
Fetsang nako mmogo mme gape lo iphe nako ya go atamalana le Jehofa
1. Nonotshang Lenyalo la Lona
(10 mets.)
Ipheng nako ya go kgothatsana le go bua ka dilo tsa botlhokwa (Mor 3:1; ijwhf setlhogo 10 ¶2-8)
Dirang dilo mmogo (Mor 4:9; w23.05 23-24 ¶12-14)
Nonotshang botsala jwa lona le Jehofa (Mor 4:12; w23.05 21 ¶3)
IPOTSE: ‘Go fetsa nako e ntsi ke se na le molekane wa me wa lenyalo, go tsaya maeto a boikhutso ke le esi kgotsa go tsamaya thata ka ntlha ya tiro ya boitshediso go ka ama jang lenyalo la rona?’
2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(10 mets.)
Mor 3:8—“Nako ya go rata” e fela leng? (it “Lorato” ¶39)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?
3. Mmalo wa Baebele
(4 mets.) Mor 4:1-16 (th thuto 2)
4. Fa o Simolola Motlotlo
(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Dirisa Tora ya Tebelo ya No. 1 ya 2025 go simolola motlotlo. Fetola motlotlo wa gago gore o tsamaisane le se motho yo o buang le ene a se kgatlhegelang. (lmd thuto 2 ntlha 5)
5. Fa o Dira Maeto a go Boela
(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Kopa go ithuta Baebele le motho yo o mo tlogeletseng Tora ya Tebelo ya No. 1 ya 2025. (lmd thuto 9 ntlha 4)
6. Puo
(5 mets.) lmd dintlha tse di oketsegileng A ntlha 12—Setlhogo: Modimo ga a Tlhaole Batho. (th thuto 19)
Pina 131
7. Ikaege ka Jehofa Fa o Na le Mathata mo Lenyalong
(15 mets.) Motlotlo.
Jehofa o neile banyalani ba Bakeresete sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba itumelele lenyalo la bone. Le fa go ntse jalo, ba tla nna le mathata ka dinako dingwe. (1Bk 7:28) Fa a sa rarabololwe, a ka utlwisa banyalani botlhoko e bile ba ka akanya gore go ile fela jalo ka lenyalo la bone. O ka dira eng fa o na le mathata mo lenyalong?
Mo terameng ya Lorato Lwa Mmatota ke Eng? re bone banyalani ba basha ba na le mathata mo lenyalong la bone. A o sa ntse o gakologelwa kgakololo e rre a ileng a e naya morwadie, yo o neng a batla go dira tshwetso a sa akanye ka se Jehofa a batlang gore a se dire?
Tshameka BIDIO ya Lorato Lwa Mmatota ke Eng?—Bidio e e Khutshwafaditsweng. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:
Goreng re tshwanetse go ikaega ka Jehofa fa re lebana le mathata mo lenyalong?—Isa 48:17; Mat 19:6
Fa lo lebana le mathata mo lenyalong, dirang ka natla gore lo ikaege ka Jehofa ka go rapela, go ya dipokanong, go bala le go ithuta Baebele le go ya bodireding. Dirang ka natla go rarabolola mathata a lona lo dirisa melaometheo ya Baebele mme lo batle tshedimosetso mo dikgatisong tsa rona e e ka lo thusang go itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka mathata a lona le gore o batla gore lo dire eng go a rarabolola. Fa lo dira jalo, lo bontsha Jehofa gore lo batla a lo thusa.—Dia 10:22; Isa 41:10.
Tshameka BIDIO ya O se Ka wa Tsiediwa ke Kagiso e e Seng ya Mmatota!—Darrel le Deborah Freisinger. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:
O ithuta eng ka go rarabolola mathata mo lenyalong mo go se se diragaletseng Mokaulengwe le Kgaitsadi Freisinger?
8. Thuto ya Baebele ya Phuthego
(30 mets.) lfb thuto 22, matseno a karolo 5 le thuto 23