LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb25 September ts. 10-11
  • October 6-12

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • October 6-12
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2025
mwb25 September ts. 10-11

OCTOBER 6-12

MORERI 5-6

Pina 42 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Baiseraele ba ntse gaufi le kgoro ya motse mme ba reeditse moperesiti fa a ntse a bua. Moperesiti yoo o tshwere momeno.

Setlhopha sa Baiseraele se reeditse ka kelotlhoko fa moperesiti a ntse a ba tlhalosetsa Molao

1. Re ka Bontsha Jang Jehofa Tlotlo e e Boteng?

(10 mets.)

Re bontsha tlotlo ka go reetsa kwa dipokanong le ka tsela e re ipaakanyang ka yone (Mor 5:1; w08 8/15 15-16 ¶17-18)

Fa re rapela kwa dipokanong, re tlhomamisa gore dithapelo tsa rona ga di ditelele le gore di bontsha tlotlo (Mor 5:2; w09 11/15 11 ¶21)

Re diragatsa maikano a rona a go direla Jehofa (Mor 5:4-6; w17.04 6 ¶12)

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba dingwaga tse di farologaneng ba kwa Holong ya Bogosi mme ba reeditse ka kelotlhoko.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Mor 5:8​—Temana eno e ka re gomotsa jang fa re sa tshwarwe sentle? (w20.09 31 ¶3-5)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Mor 5:1-17 (th thuto 12)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Simolola Motlotlo

(1 mots.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Motho yo o buang le ene o batla go ngangisana le wena. (lmd thuto 4 ntlha 5)

5. Fa o Simolola Motlotlo

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Tlotla ka nngwe ya “Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang” mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A, mo boroutšhareng jwa Rata Batho. (lmd thuto 1 ntlha 3)

6. Fa o Dira Maeto a go Boela

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mmontshe bidio nngwe go tswa mo Lebokosong la go Ruta. (lmd thuto 7 ntlha 3)

7. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) lff thuto 17 matseno le ntlha 1-3 (lmd thuto 11 ntlha 3)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 160

8. A o Dirisa Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang”?

(15 mets.) Motlotlo.

Banyalani ba rera ka ntlo le ntlo mme ba balela lekau lengwe temana.

Fa e sa le boroutšhara jwa Rata Batho​—Dira Barutwa bo gololwa, bo ntse bo re thusa go tokafatsa tsela e re tlotlang le batho ka yone. Karolo ya dintlha tse di oketsegileng A e diretswe go re thusa go tsenyeletsa dithuto tsa Baebele mo metlotlong ya rona. (Bah 4:12) A o setse o itse ditlhogo tse 9 tse di mo karolong ya “Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang”?

  • Re ka tsenyeletsa jang Baebele mo motlotlong wa rona ka nako e e siameng?​—lmd dintlha tse di oketsegileng A

  • Batho ba ba mo tshimong ya lona ba rata go tlotla ka ditlhogo dife?

  • O ka dira eng go itlwaelanya le ditemana tse di mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A?

MOKGELE:

Mo setlhogong sengwe le sengwe, leka go gopola temana e le nngwe mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng A. Simolola ka ditlhogo tse batho ba ba mo tshimong ya lona ba ka di kgatlhegelang.

Fa re nna re dirisa ditemana tseno mo bodireding, go tla nna motlhofo gore re di gopole. Mme gone, re tlhoka go nna re bua le batho gore re kgone go di dirisa.

Tshameka BIDIO ya “Tshipi e Lootsa Tshipi”​—Go Fitlhelela Batho ba le Bantsi. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Ke eng se se tla re thusang gore re bue le batho mo tshimong ya rona?

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

(30 mets.) lfb thuto 24-25

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 34 le Thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela