LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/15 ts. 3-4
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keresemose ke Mokete wa Bomang?
  • Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lebaka la Go Bo Keresemose E Sa Tshwanela Bakeresete
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/15 ts. 3-4

Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?

GO DUMELA mo go Father Christmas go mo mading a bana ba ba mo nageng ya Bobuda le Bo-Shinto ya Japane. Ka 1989, bana ba Bajapane ba ne ba kwala makwalo a le 160 000 ba kwalela Santa World kwa Sweden. Ga go na naga e nngwe e e neng ya romela tse di fetang tseo. Ba ne ba kwala makwalo ano ka tsholofelo ya go bona se se tla itumedisang dipelo tsa bone, e ka tswa e le setshamekisi sa “Graphic Computer” sa madi a a kana ka 18 000-yen (R374) kana setshamekisi sa video sa metshameko se se akgiwang sa madi a a kana ka 12 500-yen (R261).

Go intsha le lekau mo Maitseboeng a Pele ga Letsatsi Keresemose ke sengwe se se kgethegileng tota mo makgarebeng a Japane. “Go ya ka se se neng sa botsolotswa makgarebe mangwe,” go bolela jalo Mainichi Daily News, “38 lekgolong ya bone e ne ya bolela gore e ne e dirile dithulaganyo tsa mo Maitseboeng a Pele ga Letsatsi la Keresemose kgwedi pele ga moo.” Makau a na le maikutlo a ba sa a tlhaloseng a go batla go nna le ditsala tsa bone tsa basetsana mo Maitseboeng a Pele ga Letsatsi la Keresemose. “Kgopolo e e molemo ke ya gore lo rapele mmogo ka tidimalo le tsala ya gago ya mosetsana,” makasine mongwe wa makau o ne wa akantsha jalo. “O go direle golo gongwe koo go tlwaelegileng gone. Ka bofefo fela kamano ya lona e tla nna e e atamalaneng thata.”

Gape banna ba Bajapane ba ba nyetseng ba solofela gore ba ka kgona go kopa maatla mangwe a maselamose ka ngwao ya bone ya Keresemose ya go reka “kuku e e kgabisitsweng” mo tseleng fa ba ya gae ba tswa kwa tirong. Go akanngwa gore go itira Santa Claus go tshwanetse ga duelela fa a ile a tlhokomologa lelapa ngwaga otlhe.

Eleruri, Keresemose e ile ya tseelwa kwa godimo ke Bajapane ba e seng Bakeresete. Ebile tota, 78 lekgolong ya bao ba neng ba botsolotswa ke lebenkele lengwe le legolo le le bonalang mo dikarolong di le dintsi ba ne ba bolela gore ba dira sengwe se se kgethegileng ka Keresemose. Selekanyo sa bone se segolo thata mo nageng e mo go yone go nang le 1 lekgolong fela ya baagi ba ba iphakang gore ba dumela mo Bokereseteng. Ereka ba ipolela gore ke Mabuda kana Ma-Shinto, ba ikutlwa ba le kwa ga mothakga fela fa ba ipelela boikhutso jwa “Bokeresete.” Mo khalendareng ya yone, ya Shinto Ise Shrine e e itsegeng thata, December 25 e kwadilwe jaaka “botsalo jwa ga Keresete,” mmogo le meletlo ya Sejapane. Lefa go ntse jalo, go bonwa ga batho ba ba e seng Bakeresete bao ba nweleletseng mo go direng mekete ka Keresemose go tsosa potso e e reng:

Keresemose ke Mokete wa Bomang?

Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa Keresemose jaaka “mokete wa Bokeresete o o dirwang ka December 25 . . . o o gopotsang ka botsalo jwa ga Keresete.” O sale o ntse o lebiwa jaaka nako ya “Bakeresete” e mo go yone “ba nnang maikutlo a le mangwe fela mo go itumeleleng letsatsi la botsalo jwa ga Keresete.”

Bao ba ketekang Keresemose jaaka moletlo fela wa bodumedi ba ka nna ba fitlhela gore bao ba e fetolang letsatsi la go dira mokete le go ntsha dimpho ba a kgopisa le eleng go tlhapatsa. “Kwa Japane go felela go akantswe fela ka go dira morokotso: eseng Keresete,” go ne ga kwala jalo Moamerika mongwe yo o agileng kwa Japane. Yo mongwe o ne a kwala jaana malebana le Keresemose ya Sejapane, “go ya ka motho yo o tswang Bophirima, ga se kalakune fela [eo go sa tlwaelegang go e bona mo mebarakeng ya kwa Japane] e e seyong, mme le karolo nngwe e e botlhokwatlhokwa, moya wa Keresemose.”

He, moya wa Keresemose ke eng? A ke moya wa tirelo ya Kereke le dipina tsa yone, setlhare sa holly, le dikerese, tse bontsi bo di dirisetsang fela loeto lwa ngwaga le ngwaga lwa sedumedi lwa go ya kwa kerekeng? Kana a ke lorato, boitumelo, le go ntsha dimpho go go tlhotlheletsang batho ba le bantsi go nna pelotshweu? A ke thetebalo e e leng gone mo lefelong la ntwa fa masole a keteka malatsi a sekaenyana a “kagiso mo lefatsheng”?

Ka mo go gakgamatsang, moya wa Keresemose gantsi o palelwa ke go tlisa kagiso le eleng mo lelapeng. Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ka 1987 kwa Engelane, go ne ga fopholediwa gore go ne ga nna le ‘ntwa ya maraganela teng a bana ba mpa’ mo go 70 lekgolong ya malapa a kwa Borithane ka Keresemose wa ngwaga oo. Madi e ne e le selo se segolo se se lwelwang. Go nwa go go feteletseng le motho go sa diragatse seabe sa gagwe mo lelapeng le gone go gogela mo ntweng.

“Ke ipotsa gore a tota ga gona sengwe se re sa se tlhaloganyeng kaga gore Keresemose ka boammaaruri e kaya eng,” go ne ga kwala jalo motho mongwe yo o tswang kwa Bophirima yo o agileng kwa Japane yo o neng a etela legae la gagwe bosheng jaana ka malatsi a Keresemose. “Nako le nako fa e le Dec. 25, ke ikutlwa ke tlhoafalela go keteka Keresemose ka tsela ya bogologolo e e sa tlholeng e ketekiwa ka yone—moletlo wa boheitane o o neng o ketekwa mariga fa letsatsi le sokologa go tsena setlha se sengwe go dirwa jalo go obamelwa ditlhare le go tshwara ditirelo tsa meletlo e go nowang go itumelwa ka tsela e e feteletseng. Re santse re na le mekgabiso yotlhe ya boheitane—mistletoe, setlhare sa holly, ditlhare tsa phaene le tse dingwe fela jalo—mme ka tsela nngwe Keresemose e ne ya fetoga gotlhelele fa e sale e tsewa ke Bakeresete mme ba e fetola go nna moletlo wa bodumedi.”

Kwantle ga pelaelo, Keresemose ke letsatsi la boikhutso la boheitane. Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa e keteke “ka gonne ba ne ba tsaya go keteka botsalo jwa mongwe gore ke mokgwa wa boheitane,” go bolela jalo The World Book Encyclopedia. Go dira mokete le go abelana dimpho go simologile ka meletlo ya boheitane ya Saturnalia le Ngwaga o Mosha.

Fa Keresemose e tlholegile mo boheitaneng, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba ipotsa potso eno, A Bakeresete ba tshwanetse go keteka Keresemose? A re boneng gore Bibela e bolelang malebana le mokete ono wa letsatsi la botsalo jwa ga Keresete.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Tshimologo ya Mokete wa Keresemose

Lemororo go le looto fela malebana le dintlha tsa mmatota tsa metlha ya bogologolo, bosupi bo bontsha gore ka 336 C.E. Kereke ya Roma e ne e setse e keteka mofuta mongwe wa Keresemose. “Letlha la Keresemose le ne la tlhomiwa go nna December 25 ka maikaelelo,” go tlhalosa jalo The New Encyclopædia Britannica, “a go nyeletsa moletlo o mogolo wa modimo wa letsatsi.” Eo e ne e le nako ya fa baheitane ba dira ditirelo tsa meletlo e go nowang go itumelwa ka tsela e e feteletseng ka nako ya moletlo wa Baroma wa Saturnalia le meletlo ya Ba-Celt le Bajeremane ya go keteka nako ya mariga ya fa letsatsi le sokologa go tla setlha se sengwe. The New Caxton Encyclopedia e bolela gore “Kereke eno e ne ya tsaya tshono eno ya dira meletlo eno gore e nne ya Bokeresete.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela