Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
O ne o ka araba jang? Keresemose ke (1) nako ya go nna le ba lelapa la gago; (2) nako ya mekete; (3) nako ya bodumedi; (4) nako e e lapisang; (5) nako ya go gopola tse di fetileng; (6) nako ya go reka le go rekisa thata.
LEFA go lebega go gakgamatsa, mo bathong ba ba fetang 1 000 ba ba botsoloditsweng kwa Boritane fela, 6 lekgolong ya bone ba ne ba tsaya Keresemose jaaka moletlo wa bodumedi. Phapaanong le seo, ba le 48 lekgolong ba ne ba akanya gore Keresemose ke nako ya go nna le malapa a bone. Tota, ba bantsi ba dumela gore ke nako e e kgethegileng ya bana. Ka mo go tshwanang, e rile mosetsana mongwe wa dingwaga tse 11 a bodiwa gore ke eng se a se ratang thata ka Keresemose, o ne a fetola jaana: “Boipelo, go ikutlwa o itumetse [le] go aba dimpho.” The Making of the Modern Christmas e dumela gore “Keresemose e e ketekiwang go latelwa ‘ngwao’ . . . kwantle ga pelaelo e kgatlhegelwa thata mo legaeng, mo lelapeng segolobogolo ke bana.”
Keresemose ke moletlo wa lelapa segolobogolo mo bathong ba Labokeresete ba ba nnang kwa bophirima, koo ba losika ba kopanang go abelana dimpho. Mo dinageng tse Kereke ya Orthodox ya kwa Botlhaba e laolang mo go tsone, batho ba keteka thata Ista; mme gone nako ya Keresemose gantsi ke ya go eta.
“Go Reka le go Rekisa”
“Go a rekwa e bile go rekisiwa . . . fela thata” ka Keresemose, go bolela jalo The New Encyclopædia Britannica. Gongwe ga gona gope kwa seno se diragalang teng thata go gaisa kwa Japane.
“Bajapane ba tlogetse go dira e kete Keresemose ke moletlo wa bodumedi mme ba e fetoletse gotlhelele mo go rekeng le go rekiseng,” go bega jalo Daily Record ya Washington. E oketsa ka gore Keresemose kwa Japane ke “mokete o mogolo o mo go one go reka le go rekisa go tseelwang kwa godimo go na le go tsewa e le ya bodumedi.”
Le eleng mo dinageng tse dintsi tse go tweng ke tsa Bokeresete gantsi go thata go lemoga gore e “tsewa e le ya bodumedi.” Mo dingwageng tse 40 tse di fetileng phamfolete nngwe e e kgatlhanong le Keresemose e ne ya bolela sengwe se se utlwisang botlhoko jaana: “Keresemose e rotloediwa ke babapatsi. Ke paka e go dirwang madi a mantsi mo go yone mo ngwageng. Borakgwebo ba ba bolelang gore ke Bakeresete ba nna ba lebile pele pakeng ya Keresemose, e seng ka lebaka la ga Keresete, mme ka lebaka la go bona madi.” A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne gompieno! Mo dinageng di le dintsi, ga se gantsi re tsenang mo kwatareng ya bofelo ya ngwaga re ise re utlwe re gakololwa gore go setse malatsi a le kae a go reka dimpho tsa Keresemose e e tlang. Kgwebo e oketsega thata fa ngwaga e ntse e ya bofelong ka kwatara mo dithotong tse ba di rekisang ngwaga le ngwaga fa Keresemose e atamela.
Go sa kgathalesege se Keresemose e se kayang mo go wena jaanong, o ka nna wa ipotsa gore e simologile jang. A Baebele tota e dumalana le go aba dimpho ka Keresemose? A mekete ya gompieno ya Keresemose ke ya Bokeresete? A re boneng.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: Thomas Nast/Dover Publications, Inc., 1978