LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/15 ts. 4-8
  • Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seabe se go Abelana Dimpho go Nang le Sone
  • Tshimologo ya Keresemose
  • Pono ya Dikwalo ka Keresemose
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/15 ts. 4-8

Keresemose—Ke ka Ntlha Yang e le Teng le Kwa Botlhaba Tota?

TUMELO nngwe ya bogologolo ya kwa Botlhaba e dira gore motho a akanye ka Santa Claus wa Keresemose. Batho ba kwa Korea ba dumela mo mongweng yo go tweng ke Chowangshin, mme go na le sengwe se se tshwanang mo bathong bangwe ba kwa China le Japane.

Chowangshin o ne a tsewa e le modimo yo o laolang kitsi, e le modimo wa molelo o o neng o amanngwa le kobamelo ya bogologolo ya kwa Korea ya molelo. (Mo metlheng ya bogologolo, batho ba kwa Korea ba ne ba tsamaisa magala a a tukang ka kelotlhoko, ba tlhomamisa gore magala ano a se ka a ba a tima.) Go ne go dumelwa gore modimo ono o tlhokomela boitshwaro jwa maloko a lelapa ngwaga otlhe, go tswa foo o bo o tlhatlogela kwa legodimong o feta ka setofo sa kitsi le ka sentshamosi.

Go bolelwa gore Chowangshin o ne a bega kwa kgosing ya legodimo ka letsatsi la bo23 la kgwedi ya December. Go ne go lebeletswe gore a boe kwa bofelong jwa ngwaga ka sentshamosi le ka setofo, a tlisetsa mongwe le mongwe dituelo le dipetso tsa gagwe go ya ka tsela e mongwe le mongwe a neng a itshwere ka yone. Ka letsatsi le a neng a boa ka lone, ba lelapa ba ne ba tshwanetse go tshuba dikerese mo kitsing le mo mafelong a mangwe mo ntlong. Ditshwantsho tsa modimo oo wa kitsi di tshwana ka tsela e nngwe gape le Santa Claus—o ne a tshwantshiwa a apere bohibidu! E kile ya bo e le ngwao gore ngwetsi a direle matsalaagwe dikausu tsa setso tsa Se-Korea mme a bo a di mo naya ka nako e letsatsi le fetolang modikologo wa lone ka yone mariga. Seo e ne e le sesupo sa gore o eleletsa matsalaagwe botshelo jo bo telele, e re ka morago ga letlha leo malatsi a simolola go nna matelele.

A ga o bone go tshwana go go rileng fa gare ga Keresemose le dintlha tse di umakilweng fa godimo fano? Di na le dikgang le dingwao tse di tshwanang: sentshamosi, dikerese, go abelana dimpho, dikausu, monnamogolo yo o apereng diaparo tse dikhibidu le letlha la gone. Le fa go ntse jalo, go tshwana goo ka bogone fela ga se gone go dirang gore Keresemose e bo e amogelwa motlhofo jaana kwa Korea. Go dumela mo go Chowangshin go ne go setse go nyeletse ka nako ya fa Keresemose e simologa kwa Korea. Tota e bile, bontsi jwa batho ba kwa Korea ga ba itse le gore go kile ga bo go na le tumelo e e ntseng jalo.

Le fa go ntse jalo, seno se supa kafa dingwao tse di amanang le go fetoga ga modikologo wa letsatsi ka nako ya mariga le bofelo jwa ngwaga di ileng tsa anama ka teng mo lefatsheng lotlhe ka ditsela tse di farologaneng. Mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., kereke e e neng e le yone e laolang mo Mmusomogolong wa Roma e ne ya fetola leina la Saturnalia, e leng mokete wa Seroma wa go tsalwa ga modimo wa letsatsi, mme ya o dira karolo ya Keresemose. Mokete wa Keresemose o ne o akaretsa go tsosolosiwa ga dingwao tsa lefelo leo ka leina le sele. Seo se ile sa kgonega jang?

Seabe se go Abelana Dimpho go Nang le Sone

Go abelana dimpho ke nngwe ya dingwao tse di ileng tsa se ka tsa nyelela. E nnile nako e telele batho ba kwa Korea ba ntse ba itumelela go aba le go amogela dimpho. Seno e nnile lebaka le lengwe la go dira gore go ketekiwa ga Keresemose go ate kwa Korea.

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, masole a United States a a neng a le kwa Korea a a neng a batla go nonotsha dikamano tsa bone le batho, a ne a dirisa dikereke go kopanela mo go one go aba dimpho le dithuso tsa namolo. Se se ne se direga thatathata ka Letsatsi la Keresemose. Bana ba le bantsi ba ne ba ya kwa dikerekeng e le fela go batla go ya go bona, mme fa ba tsena koo ba ne ba fiwa dimpho tsa ditšhokolete e le la ntlha. O ka tlhaloganya gore bontsi jwa bone ba ne ba lebelela pele go bona Keresemose e e latelang.

Mo baneng bao, Santa Claus e ne e le lesole la Moamerika le le rweleng mmese o mohibidu. Diane 19:6 e bolela jaana: “Motho mongwe le mongwe ke tsala ya yo o abang dineo.” Ee, go aba dimpho go ile ga itshupa go dira thata. Mme jaaka o ka lemoga go tswa mo temaneng eo, dimpho tse di ntseng jalo ga di tlhomamise botsala jo bo tla nnelang ruri. Tota le kwa Korea, go na le batho ba bantsi ba ba ileng ba ya kwa dikerekeng fa ba sa ntse ba le basha ba ela monate wa tšhokolete fela. Le fa go ntse jalo, Keresemose ga ya ka ya lebalwa. Fa ikonomi ya Korea e ne e ntse e gola ka bonako, kgwebo le yone e ne ya oketsega, mme go aba dimpho ka Keresemose ya nna tsela e e motlhofo ya go tlhotlheletsa batho go reka. Dikgwebo di ile tsa dirisa Keresemose ka tsela e e sa tshwanelang go oketsa lotseno lwa tsone.

Seo se go thusa gore o tlhaloganye gore Keresemose e ntse jang gompieno kwa Botlhaba. Go dirwa dilwana tse disha, go ikantswe gore batho ba reka thata ka Keresemose. Dithulaganyo tsa go phasalatsa di simologa mo gare ga selemo. Dipalo tsa dilo tse di rekwang di tlhatloga kwa bofelong jwa ngwaga, se se bakwa ke dimpho, dikarata le dikgatiso tsa mmino tse di rekwang ka Keresemose. Ebu, diphasalatso di ka dira gore mosha yo o tlwaelegileng a ikutlwe a hutsafetse fa a ne a ka nna kwa gae mme a bo a sa amogele dimpho dipe mo Letsatsing la Pele ga Keresemose!

Fa Letsatsi la Keresemose le ntse le atamela, mabenkele le dishopo tse dikgolo kwa Seoul di tlala ka batho ba ba tlileng go reka dimpho, mme go nna fela jalo le kwa ditoropong tse dingwe tse dikgolo tsa kwa Botlhaba. Mebila e tlala ka dikoloi. Dihotele, dikgaolo tsa dikgwebo, diresetšhurente le mafelo a maitiso a tlala ka bareki. Go utlwala modumo wa tlhapelo—go opelelwa kwa godimo. Mo Letsatsing la Pele ga Keresemose, banna le basadi ba ba tagilweng ba tsamaya mo mebileng e e tletseng ka matlakala.

Go ntse jalo. Kwa Botlhaba Keresemose ga e tlhole e le letsatsi la boikhutso le le eteletsweng pele ke batho ba ba ipitsang Bakeresete. Kwantle ga pelaelo, kwa Korea, fela jaaka kwa mafelong a mangwe, kgwebo ke yone e e di gogang kwa pele ka go dira lotseno lo lontsi mo letsatsing leno la boikhutso la Labokeresete. Gone mme, a kgwebo ke yone fela e e ka latofadiwang ka gore e tlisitse Keresemose e e sa tsamaisaneng le go akanya ka Keresete? Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoka go sekaseka ka kelotlhoko thata dilo tse di masisi tse di akarediwang mo kgannyeng eno.

Tshimologo ya Keresemose

Fa phologolo e e tlhaga e tsenngwa mo teng ga kheitšhe kwa zuu, e sa ntse e le sebatana. Mme e tla bo e le go dira phoso e kgolo go akanya gore e kgwabofaditswe fela ke gore e ne e ntse mo teng ga kheitšhe ka nakwana mme go bonala fa e ipela le bana ba yone. O ka tswa o utlwile ka dipego tsa kwa zuu tsa gore badiri ba ile ba tlhaselwa.

Ka ditsela dingwe go ka bolelwa se se tshwanang le ka go ketekiwa ga Keresemose. Pele e ne e le “sebatana” se se seyong mo Bokereseteng. The Christian Encyclopedia (ka Se-Korea)a e bolela jaana ka Keresemose kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Kamano ya Yone le Saturnalia ya Roma”:

“Saturnalia ya seheitane le Brumalia di ne di amana thata le ngwao mo e leng gore di ne di ka se ka tsa kgaphelwa kwa thoko ke tlhotlheletso ya Bokeresete. Go bo mmusimogolo Constantine a ile a amogela Sontaga (letsatsi la ga Phœbus le Mithras mmogo le Letsatsi la Morena) . . . go ka tswa go ile ga dira gore Bakeresete ba lekgolo la bonè la dingwaga ba akanye gore go a tshwanela gore ba ka dira gore letsatsi la matsalo a Morwa Modimo le tsamaisane le la matsalo a letsatsi la mmatota. Moletlo wa seheitane wa tlhapelo o ne o tumile thata jaana mo e leng gore Bakeresete ba ne ba itumelela gore ba na le seipato sa go tswelela ba o keteka ba sa fetola tsela le mokgwa o ba o ketekang ka yone go le kalo.”

A o akanya gore go ka nna le phetogo e e ntseng jalo go se na kganetso epe? Yone saetlopedia eo ya re: “Bareri ba Bakeresete ba kwa Bophirima le ba Botlhaba jo bo Gaufi ba ile ba nna kgatlhanong le bosilo jo bo sa tshwanelang jo letsatsi la matsalo a ga Keresete le neng le ketekiwa ka jone, mme Bakeresete ba kwa Mesopotamia bone ba ne ba latofatsa bakaulengwe ba bone ba ba kwa Bophirima ba re ba obamela medimo ya disetwa e bile ba obamela letsatsi ka go bo ba amogetse moletlo ono wa boheitane jaaka wa Bokeresete.” Gone mme, dilo di ile tsa senyega fela go tswa kwa tshimologong. “Le fa go ntse jalo, moletlo ono o ne wa amogelwa ka bonako mme kgabagare wa nna selo se se tlhomameng jaana mo e leng gore tota le phetogo e kgolo ya Porotesetanta ya lekgolo la bosomethataro la dingwaga e ne ya se ka ya kgona go o fedisa,” saetlopedia eo e bolela jalo.

Ee, moletlo wa modimo wa letsatsi, o o neng o se mo Bokereseteng jwa boammaaruri, o ne wa amogelwa ke kereke e e laolang. O ne wa fiwa leina le lengwe—le fa go ntse jalo mekgwa ya yone ya boheitane e ne ya sala. Gape o ile wa thusa go tsenya boheitane mo dikerekeng tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete le go senya bomoya jwa batho. Hisitori e tlhomamisa gore fa Labokeresete e ntse e gola, boikutlo jwa pele jwa “go rata baba” bo ile jwa tseelwa sebaka ke boitsholo jo bo senyegileng le dintwa tse di setlhogo.

Fa nako e ntse e ya go ile ga bonala sentle gore le mororo moletlo ono o fetotswe leina, Keresemose e ne e na le mekgwa ya yone ya kwa tshimologong ya boheitane ya tlhapelo, go nwa mo go feteletseng, go itlhapedisa, go bina, go abelana dimpho le go kgabisa matlo ka ditlhare tse ditala. Go fitlhelela mokgele wa konokono wa kgwebo—e leng ditheko tse di oketsegileng—Keresemose e ile ya dirisiwa ka tsela nngwe le nngwe e e kgonegang. Tshedimosetso ya dikgang e a e baka; mme e kgatlha batho ka kakaretso fela thata. Kwa toropokgolong ya Seoul, lebenkele lengwe le le rekisang thata diaparo tsa kafa teng le ne la nna kgang e kgolo mo thelebisheneng ka go baya setlhare sa Keresemose se se kgabisitsweng ka diaparo tsa kafa teng fela mo fensetereng ya lone. Moya wa Keresemose o ne o bonala, mme lotshwao lwa go “Amogela Keresete” lo ne lo seyo.

Pono ya Dikwalo ka Keresemose

Re ithuta eng ka ditiragalo tseno? Fa hempe kana bolaose bo sa kopelwa sentle go tswa fela kwa tshimologong, tsela e le nngwe fela ya go baakanya boemo ke go simolola gape. A ga go jalo? Le fa go ntse jalo, bangwe ba bolela gore e re ntswa Keresemose e simologile mo boheitaneng ka go obamela letsatsi, e ile ya amogelwa mo go Labokeresete. Ka jalo ba akanya gore letsatsi leo la boikhutso le ile la itshepisiwa gore e nne letsatsi la matsalo a ga Keresete mme la dirwa gore e nne la botlhokwa ka tsela e ntšha.

Re ka ithuta thuto e e mosola mo tiragalong nngwe e e botlhokwa e e neng ya diragala kwa Juda wa bogologolo. Ka 612 B.C.E., Bajudea ba ne ba simolola kobamelo ya boheitane ya letsatsi mo tempeleng kwa Jerusalema. A kobamelo eo ya boheitane e ile ya itshepisiwa ka go bo e ne e direlwa mo lefelong le le tshwaetsweng kobamelo e e phepa ya ga Jehofa Modimo? Mokwadi wa Baebele e bong Esekiele o ne a kwala jaana ka kobamelo ya letsatsi e e neng e dirwa kwa tempeleng ya Jerusalema: “Bona! fa botsenong jwa tempele ya ga Jehofa, fa gare ga mathudi le sebeso, go ne go na le banna ba ka nna masome a mabedi le botlhano . . . difatlhego tsa bone di lebile ntlheng ya botlhabatsatsi, mme ba ne ba ikoba ba lebile botlhabatsatsi, ba ikobela letsatsi. Mme a tswelela a nthaya a re: ‘A o bone seno, wena morwa motho? A ke selo se se motlhofo jaana mo ntlong ya Juda go dira dilo tse di makgapha tse ba di dirileng fano, gore ba tlatse lefatshe ka thubakanyo le gore ba nkgopise gape, mme ke foo ba isa letlhogela mo nkong ya me?’”—Esekiele 8:16, 17, NW.

Ee, go na le gore tempele e itshepisiwe, mofuta oo wa kobamelo ya boheitane o ile wa dira gore tempele yotlhe e nne mo kotsing. Ditiro tse di ntseng jalo di ile tsa tsena mo Juda mme tsa oketsa thubakanyo le tshenyego ya boitsholo mo nageng eo. Go ntse jalo le mo go Labokeresete, moo mekgwa e e simologileng mo kobamelong ya letsatsi ya Saturnalia e tseelwang kwa godimo ka Keresemose. Sa botlhokwa ke gore, dingwaga di sekae fa Esekiele a sena go bona ponatshegelo eo, Jerusalema e ile ya atlholwa ke Modimo—e ile ya senngwa ke Bababelona.—2 Ditirafalo 36:15-20.

O ka tswa o ile wa kgatlhwa ke tsela e mokanoki mongwe wa kwa Korea a ileng a tlhalosa Jesu yo mmotlana ka teng mo setlhogong se se fetileng. Mme boammaaruri ke gore, e re ka e le tlhaloso e e tswang mo mothong yo o se nang kitso e e tlhomameng kaga Keresete, tsela eo a ileng a itshwara ka yone e botlhokwa thata. E ka dira gore batho ba ba ketekang Keresemose ba akanyetse seno ka tsela e e masisi. Ka ntlha yang? Ka gonne Keresemose e palelwa thata ke go tlhalosa Keresete sentle. Tota e bile, e fitlha boemo jwa boammaaruri jo a nang najo gone jaanong. Jesu ga e sa tlhole e le lesea le le mo bojelong.

Gangwe le gape Baebele e gatelela gore Jesu ke Mesia gone jaanong, Kgosi e e maatla ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. (Tshenolo 11:15) O setse a siametse go fedisa khumanego le botlhoko jo batho bangwe ba sa e lebaleng ka nako ya Keresemose fa ba abelana dimpho.

Go bua boammaaruri, Keresemose ga ya ka ya thusa dinaga tsa Labokeresete le fa e le dinaga tse dingwe, go akaretsa le tse di kwa Botlhaba. Go na le moo, e ile ya dira gore batho ba tlhokomologe molaetsa wa boammaaruri wa Bokeresete o o buang ka Bogosi jwa Modimo le ka bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong. (Mathaio 24:14) Re go laletsa gore o botse Basupi ba ga Jehofa gore bokhutlo jono bo tla tla jang. Mme o ka ithuta mo go bone kaga masego a a nnelang ruri a a tla tlang mo lefatsheng morago ga foo, kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo le Kgosi e e busang e bong Jesu Keresete.—Tshenolo 21:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E theilwe go The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Keresemose e ile ya thusa go tsenya boheitane mo dikerekeng tse go tweng ke tsa Bokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Bana ba le bantsi ba ne ba ya kwa dikerekeng e le fela go batla go bona mme ba ne ba fiwa dimpho tsa ditšhokolete. Go tswa foo ba ne ba lebelela pele go bona Keresemose e e latelang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Letsatsi Pele ga Keresemose kwa toropokgolong ya Seoul, kwa Korea

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Keresete ga e sa tlhole e le lesea mme ke Kgosi e e maatla ya Bogosi jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela