Go Rutiwa ke Jehofa
1 Moperofeti Isaia o ne a bolela jaana: “Morèna Modimo o nneile loleme loa ba ba rutegileñ, gore ke tlè ke itse go kamatlèla ka puō èna eo o lapileñ.” (Isa. 50:4) Tsela e nngwe eo Jehofa a dirang seno ka yone ke ka thapiso eo e bonwang go tswa go Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. Lefa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokafala gore motho mongwe le mongwe a dire boiteko. Theocratic Ministry School Guidebook mo go tsebe 39 e bolela jaana: “Go sa kgathalesege gore o setse o kile wa dira kabelo e e rileng ka makgetlo a le mantsi go le go kana kang, go baakanyetsa ka metlha ke selo sa botlhokwa.” Seno se dira mo go rona rotlhe, go sa kgathalesege gore a re nnile mo sekolong ka dikgwedi di sekae fela kana fa e sale fa sekolo se ne se simolola ka 1943.
2 Diithuti tsotlhe di tshwanetse tsa baakanyetsa ka botlalo. Seno se kopanyeletsa gore re tlhokomele le nako ya rona. Ditaelo tseo di leng mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo di bolela jaana: “Ga go na puo epe e e tshwanetseng go tlola nako.” Fa mokaulengwe yo o neelang Kabelo No. 1 a tlola nako gangwe le gape, o tshwanetse a neelwa kgakololo kwa thoko. Molebedi wa sekolo le ene o tshwanetse a simolola pokano ka nako mme a tlhokomele ditaelo tseo di leng malebana le nako eo e beilweng malebana le kgakololo ya gagwe le dikakgelo tsa gagwe. Tsweetswee tlhokomelang gore go tshwanetse ga dirisiwa buka e ntsha ya “Lokwalo Longwe le Longwe.”
3 Botlhe ba ka solegelwa molemo thata go tswa mo karolong ya dintlhakgolo tsa Bibela. Re gakololwa gore ga e a tshwanela fela gore e nne go boeletsa karolo eo o e abetsweng. Sebui se tshwanetse sa thusa bareetsi gore ba lemoge gore ke ka ntlha yang fa tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go rona le gore e botlhokwa mo go rona jang.
4 Puo ya bo 3 yone, go ile ga dirisiwa ditsela di le dintsi tsa go e neela mme ga bonwa katlego ka ditsela tse di farologaneng. Mme fa re gakologelwa lengwe la maikaelelomagolo a sekolo, eleng go re thusa gore re neele boammaaruri ka tsela e e tlhomameng le e e utlwalang sentle, re rata gore ditsela tsa go e neela e nne tseo di leng malebana le tirelo ya tshimo kana go neela bosupi ka tsela eo eseng ya ka tlwaelo.
5 Puo ya bo 4, fa e tserwe go tswa mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e tla newa diithuti tse disha kana ba ba sa leng ba babotlana. Gone ke boammaaruri gore seithuti seo se e neelwang se tshwanetse sa bo e le se se kgonang go bala. Dipuo tseno di tla refosanya ka beke nngwe le nngwe ya bobedi le puo eo e tswang mo bukeng ya Go Fetolana. Mo Puong ya bo 3 le mo Puong ya bo 4, seithuti se tshwanetse sa dirisa setlhogo se se bontshiwang.
6 Go tshwanetse ga elwatlhoko fa go tsenwa mo go diriseng tshedimosetso e nngwe eo e oketsegileng. Dingwe tsa dintlha tseo di abetsweng di ka nna tsa bo di kopanyeletsa fela serapa se le sengwe kana di le pedi. Mme dintlha tseno di ka nna tsa neelwa ka tsela e e manontlhotlho fela ka nako eo e beilweng ka go bala Dikwalo le go di tlhalosa, o dirisa ditshwantsho, le tse dingwe. Ka kakaretso fela, ga re a tshwanela go ntsha dintlha tseo di seyong mo karolong eo re e abetsweng. Bareetsi ba tshwanetse ba kgona go go latela ba tshwere buka eo puo ya gago e theilweng mo go yone.
7 Modimo o re o obamelang o re neela motswedi o o sa feleng wa botlhale le kitso. (Bar. 11:33) Tota le eleng le morago ga nako ya dingwaga tse di diketekete, re tla bo re santse re na le go le gontsi go re tshwanetseng ra go ithuta. Kgono eo re nang le yone ya go baka Rraarona wa selegodimo le go rarabolola mathata a botshelo mmogo le go ritibala ga rona le boipelo jo re nang le jone gotlhe gono go tla oketsa go ya bokgakaleng jo bo rileng maiteko ao re a dirang gore re tle re bone botlhale jwa bomodimo. Ka jalo he, ikemisetse gore o tlile go solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tseo Morutisi wa rona Yo Mogolo a re baakanyeditseng tsone ka gore re nne gone ka metlha mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Ekete tlhoafalo eo o nnang le yone ka tsela eo o baakanyetsang ka yone Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ka 1991 le tsela eo o nnang le seabe ka yone mo go sone e ka go thusa gore o fitlhelele seno.