Solegelwa Molemo ke Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 1999
1 Jesu e ne e le Morutisi yo Mogolo. Batho ba ne ba “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mar. 1:22) Le fa gone go se na ope wa rona yo o ka buang le go ruta ka tsela e e tshwanang le ya ga Jesu, re ka leka go mo etsa. (Dit. 4:13) Gore re kgone go fitlhelela seo, go nna le seabe mo thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go tla re thusa go nna re tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bua le jwa go ruta.
2 Ka 1999, Puo No. 1 e tla bo e tsewa thata mo ditlhogong tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 1997. Re tla tlhaloganya dilo tsa semoya botoka thata fa re bala tshedimosetso eno go sa le gale e re morago ga moo re e reetse le mo thulaganyong ya sekolo. Ba ba abetsweng go neela dipuo tseno tsa tao ba tshwanetse go bontsha tsela e tshedimosetso eno e ka dirisiwang ka teng, ba e neele ka mokgwa o o kgatlhang le ka go e tsenya botshelo. Puo No. 3 e tla ntshiwa mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, Puo No. 4 e tla ntshiwa mo go Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano jaaka di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, le fa gone tshedimosetso eno e di tswang mo go yone e tla fetofetoga mo dipuong tseno. Molebedi wa sekolo o tshwanetse go akanyetsa tshedimosetso eno ka kelotlhoko pele ga a aba dipuo tseno. Baithuti botlhe ba ba abelwang go neela tshedimosetso e e mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo mo botshelong jwa bone jwa lelapa.
3 Dirisa Kgakololo Mme o Baakanyetse Sentle: Mongwe le mongwe a ka tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua le go ruta. (1 Tim. 4:13) Ka gone, re tshwanetse go batla kgakololo mme re se ka ra e leba jaaka sengwe se re ka se tilang. (Dia. 12:15; 19:20) Go neela boammaaruri ka tsela e e molemo kwa dipokanong le kwa bodireding jwa tshimo go tlhoka mo go fetang fela go bolela dintlha kana go bala dikwalo ka go latlhelela fela. Re tlhoka go fitlhelela dipelo mme re tlhotlheletse ba ba re reetsang. Re ka dira seno ka go bua boammaaruri ka tsela e e tlhatswang pelo. (Bapisa Ditiro 2:37.) Kgakololo e re e bonang kwa sekolong e tla re thusa gore re dire seno.
4 Fela fa o sena go amogela kabelo ya gago, akanya ka dinonofo tsa puo tse o tshwanetseng go berekela mo go tsone jaaka fa di tlhalositswe mo go Buka ya Kaelo ya Sekolo. Akanya ka kelotlhoko se o tlhokang go se dira gore o dirise kgakololo e o e neilweng mo nakong e e fetileng. Tlhatlhanya ka setlhogo sa gago, ka seting e o tlileng go e dirisa fa e le gore go tlhokega gore o e dirise le kafa o tla dirisang dikwalo tse o di boneng mo tshedimosetsong e o e abetsweng ka teng. Akanya kafa o ka dirisang tshedimosetso eno ka tsela e e molemo ka teng fa o ruta le go tlhotlheletsa.—1 Tim. 4:15, 16.
5 Fa e le gore o tshaba go ikwadisa mo sekolong, rapelela kgang eno mme o bue le molebedi wa sekolo ka gone. Mongwe le mongwe a ka solegelwa molemo ka go dirisa thulaganyo e e tlileng go neelwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka 1999.