LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/07 ts. 4-5
  • Latela Keresete ka go Bontsha Seriti

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Latela Keresete ka go Bontsha Seriti
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Baka Jehofa mo Phuthegong e Kgolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • A o Ipaakanyeditse go ya Moletlong wa Semoya?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Nako e e Itumedisang ya Kobamelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 9/07 ts. 4-5

Latela Keresete ka go Bontsha Seriti

1. Setlhogo sa kopano monongwaga se amana jang le go bontsha seriti?

1 Baebele e tlhalosa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe Jehofa a apere seriti. (Pes. 104:1, NW) Ka metlha Jesu o ne a bua le go dira dilo ka tsela e e tlotlang Rraagwe le dithulaganyo tsa ga Rraagwe. (Joh. 17:4) Mongwe le mongwe wa rona o tla nna le tshono ya go etsa Jesu ka go galaletsa Jehofa ka nako ya Kopano ya Kgaolo ya “Latela Keresete!”

2. Ke dithulaganyo dife tsa go nna gone mo thulaganyong nngwe le nngwe ya kopano tse di tlotlang Jehofa?

2 Kobamelo e e Nang le Seriti: Re ka tlotla Jehofa ka go rulaganyetsa go nna gone mo moketeng wa semoya o a re baakanyeditseng one. A o buile le mothapi wa gago le go rulaganya dikgang tsa gago gore o kgone go nna gone ka malatsi otlhe a kopano, go akaretsa le ka Labotlhano? A o rulaganyeditse go goroga go sa le gale sentle gore o kgone go bona manno le go nna gone fa go opelwa pina e e simololang le thapelo? A o setse o rulaganyeditse dijo tsa motshegare e le gore o kgone go di jela mo lefelong la kopano le bakaulengwe ba gago? Kwa tshimologong ya thulaganyo nngwe le nngwe fa modulasetulo a re kopa ka bopelonomi gore re tseye manno a rona pele ga mmino o simolola, re tshwanetse go kgaotsa metlotlo ya rona ka yone nako eo mme re dule fa fatshe go ipaakanyetsa thulaganyo e e simololang.

3. Go reetsa thulaganyo ka tlhoafalo go naya kobamelo ya rona seriti ka tsela efe?

3 Go reetsa ka tlhoafalo le gone go tlotla Rraarona wa kwa legodimong. Fa mmegadikgang mongwe a sena go bona kopano nngwe ya kgaolo, o ne a kwala setlhogo se mo go sone a tlhalosang gore batho ba ba neng ba lebile ba ne ba kgatlhwa ke “boitshwaro jo bo molemo jwa ba ba neng ba tlile koo, fa ba ntse ba reeditse se se buiwang ka tlotlo le ka tidimalo e bile go bonala sentle gore ba tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya.” Gape o ne a bua ka “palo e kgolo ya bana . . . , ba ba neng ba itshwere sentle ka tsela e e sa tlwaelegang kgotsa le e leng go tshwarega thata ka go bula ditemana tsa Baebele e e Boitshepo.” Fa thulaganyo e tsweletse, ga se nako ya go tlotla go sa tlhokege, go romelelana melaetsa ka founo, go ja kana go ya kwa le kwa mo diphashiting. Basha ba tshwanetse go dula le batsadi ba bone gore batsadi ba ba thuse go solegelwa molemo ke thulaganyo. (Dute. 31:12; Dia. 29:15) Go dira jalo go bontsha gore re tlotla batho ba bangwe le gore re anaanela dijo tse di botlhokwa tsa semoya tse re di newang.

4. Ke eng fa re tshwanetse go ipaakanya ka tsela e e nang le seriti fa re le kwa kopanong?

4 Tebego e e Nang le Seriti: Ba le bantsi ba ile ba bolela gore ba anaanetse dikgakololo tse re neng ra di neelwa mo puong ya kopano ya kgaolo ya ngwaga o o fetileng ya setlhogo se se reng “Bontsha Boitshwaro jo bo Nang le Seriti sa Bokeresete ka Dinako Tsotlhe,” e e neng ya gatelela gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go lwela go bontsha seriti sa Bokeresete mo tseleng ya bone ya go apara le go ipaakanya. Le monongwaga re tshwanetse go tsaya kgang eno tsia thata. Tsela e re lebegang ka yone e bontsha kafa re ikutlwang ka teng ka Jehofa le ka tshiamelo e re nang le yone ya go nna Basupi ba gagwe. Ka metlha re tshwanetse go apara ka tsela e e tshwanelang batho “ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.”—1 Tim. 2:9, 10.

5. Re ka boloka seriti sa rona jang ka nako ya go ikhutsa kwa motseng wa kopano?

5 A re tshwanetse go ipaakanya ka tsela e e nang le seriti fela fa re le kwa kopanong? Se lebale gore batho ba le bantsi ba tla bo ba re lebile fa re tsentse dibetšhe fa re le kwa motseng wa kopano. Tsela e re lebegang ka yone e tshwanetse go dira gore re farologane thata le batho ba bangwe. Ka gone, tota le ka nako ya go ikhutsa, e e jaaka fa re ya go ja go sele morago ga thulaganyo, re tshwanetse go apara ka tsela e e tshwanelang badiredi ba ba tlileng mo motseng oo ka boikaelelo jwa go nna gone mo kopanong ya Bokeresete mme ka gone ga re a tshwanela go apara dibokate, marukgwe a makhutshwane kgotsa dikipa. A bo seo se ka neela bosupi jo bo molemo jang ne! Jehofa o a itumela fa tsela e re lebegang ka yone e bontsha gore re badiredi ba gagwe.

6. Matswela a a molemo a go bontsha seriti sa Bokeresete ke afe?

6 Matswela a a Kgotsofatsang: Go bontsha seriti sa Bokeresete mo dikopanong tsa rona go re bulela ditshono tsa go neela bosupi le fa re se mo bodireding e bile go thusa batho ba ba re lebileng go bona gore re batho ba ba molemo. Fa kopano nngwe e ne e fela, molaodi mongwe o ne a re: “Ga re ise re ko re bone batho ba ba itshwereng sentle jaana. Lo itshwere ka yone tsela e Modimo a batlang re itshwara ka yone.” Go bontsha seriti go supa gore re a tlotlana le gore re a ratana e bile go galaletsa Jehofa. (1 Pet. 2:12) Go bontsha poifomodimo ya rona le tsela e re anaanelang ka yone tshiamelo ya go rutwa ke Rraarona. (Baheb. 12:28) E kete re ka lwela go bontsha seriti fa re ntse re letetse Kopano ya Kgaolo ya ngwaga ono ya “Latela Keresete!”

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo

◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mo malatsing otlhe a mararo, thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. Metsotso e le mmalwa pele thulaganyo e simolola, modulasetulo o tla bo a ntse mo seraleng fa go ntse go tshameka mmino wa Bogosi o o gatisitsweng. Re kopiwa gore rotlhe re nne fa fatshe ka nako eo gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla khutla ka 4:15 p.m. ka Labotlhano le Matlhatso, mme ka Sontaga, e tla khutla ka 3:20 p.m.

◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a mo go one re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la teng la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Re tla letlwa go phaka mo lefelong leno fa re tsentse dibetšhe tsa rona tsa kopano. E re ka gantsi go se na lefelo le legolo go le kalo la go phaka dikoloi, go ka nna molemo gore re tlatse dikoloi tsa rona go na le gore tse dingwe di tle di na le motho a le mongwe kgotsa ba le babedi fela.

◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe.

◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya kafa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.

◼ Meneelo: Go baakanyetsa kopano ya kgaolo go ja madi a a seng kana ka sepe. Re ka bontsha gore re anaanela go baakanyediwa ga yone ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa gore leina la akhaonto ke mang mo Komiting ya Kopano.

◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso a gore mongwe a lwale thata mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi mongwe yo o fa gaufi, mme ene o tla bolelela Lephata la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lephateng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kana kang le go thusa kafa go tlhokegang ka gone.

◼ Didirisiwa Tsa go Rekota: Didirisiwa tsa go rekota tsa mofuta ope fela ga di a tshwanela go gokelelwa mo thulaganyong ya kopano ya digodisamantswe kgotsa ya motlakase mme di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e ka se kang ya kgoreletsa ba bangwe.

◼ Go Tsaya Ditshwantsho: Fa e le gore o tlile go tsaya ditshwantsho fa thulaganyo e sa ntse e tsweletse, tsweetswee o se ka wa dirisa khamera e e nang le foleshe.

◼ Di-pager le Difouno Tsa Selula: Di-pager le difouno tsa selula di dirwe gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe.

◼ Diforomo Tsa go Boela Gape: Re tshwanetse go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re neela bosupi jwa go rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo eno e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tseno di tla bo di le gone le kwa Lephateng la Dibuka kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2005, ts. 5.

◼ Diresetšhurente: Go tlwaelegile gore mo mafelong a le mantsi motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15, go ya ka se ba mo diretseng sone.

◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale go opela dipina tse di tla bong di dirisiwa kwa kopanong.

Dipina tsa Labotlhano: 105, 91, 168, 205, 150, le 11.

Dipina tsa Matlhatso: 181, 31, 42, 191, 38, le 34.

Dipina tsa Sontaga: 160, 207, 200, 224, 209, le 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela