Lebokoso la Dipotso
◼ Fa banyalani ba batla go dirisetsa Holo ya Bogosi lenyalo la bone, ke dilo dife tse ba tshwanetseng go tlotla ka tsone le bagolwane?
Manyalo a a rulagantsweng go dumalana le melaometheo ya Baebele a tlisetsa Jehofa tlotlo. Mme seno gantsi se bonala thata fa go na le manyalo kwa Holong ya Bogosi, e re ka batho ba tsaya dithulaganyo tse di dirwang koo di supa kafa phuthego ya rona e dirang dilo ka teng. Ka jalo e le gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo” go a tshwanela gore bagolwane ba lefelo leo ba akarediwe fa go kopiwa go tshwarela lenyalo kwa Holong ya Bogosi.—1 Bakor. 14:40.
Banyalani ba ba batlang go tshwarela lenyalo la bone kwa Holong ya Bogosi ba tshwanetse go dira kopo ka go kwalela komiti ya tirelo ya phuthego e e dirisang holo eo. Lekwalo la bone le tshwanetse go romelwa e sa le gale mme le tshwanetse go tlhalosa sentle letlha le nako e ba batlang go dirisa holo ka yone. Ba tshwanetse go gakologelwa gore bagolwane ga ba ne ba fetola dinako tsa dipokano e le gore banyalani ba kgone go dirisetsa holo lenyalo la bone. Mo godimo ga moo, monyadi le monyadiwa ba tshwanetse ba bo ba na le boemo jo bo siameng le phuthego, ba tshela go dumalana le melaometheo ya Baebele le melao e e siameng ya ga Jehofa.
E le go tlhomamisa gore lenyalo le tlotlomatsa Modimo wa rona yo o tlotlegang, banyalani ba tshwanetse go buisana le komiti ya tirelo ka dithulaganyo tsa lenyalo la bone pele ba dira ditshwetso tsa bofelo. Le fa bagolwane ba ka se leke go dira gore banyalani ba dire dilo ka tsela e bone ba batlang ka yone, fa go na le sengwe se se belaetsang mo dithulaganyong tsa bone go tla tshwanelwa gore go dirwe diphetogo. Go tshwanetse ga dirisiwa fela mmino o o tlhophilweng go tswa go Kingdom Melodies kgotsa o o fitlhelwang mo bukeng ya rona ya dipina. Ba tshwanetse go kopa tetla ya gore ba kgabise jang Holo ya Bogosi le gore ba fetole tsela e ditulo di ntseng ka yone. Fa e le gore go tla tsewa ditshwantsho kgotsa bidio, ga go a tshwanelwa go dirwa jalo ka tsela e e tla tlosang seriti sa tiragalo eo. Bagolwane ba ka letla banyalani gore ba dirise Holo ya Bogosi go boeletsa se ba tla se dirang ka letsatsi la lenyalo fa e le gore ga go kgoreletse dithulaganyo tse dingwe tsa phuthego. Ga go a tshwanelwa go bewa ditaletso dipe mo lomating lwa tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba ka dira kitsiso e khutshwane ka nako ya Pokano ya Tirelo ba itsise phuthego ka lenyalo le le tla tshwarelwang mo Holong ya Bogosi.
Le fa go sa tlhokege gore batho botlhe ba ba nnang teng kwa moletlong wa lenyalo ba bo ba kolobeditswe, go tla bo go sa siama go dirisa batho ba ba tshelang botshelo jo bo kgatlhanong le melaometheo ya Baebele kgotsa ba boitsholo jwa bone bo tla tsosang dipelaelo mo bathong ba ba tla bong ba le teng kwa lenyalong. Lenyalo le tshwanetse go okamelwa ke mogolwane yo o tlhophilweng fa a le teng. Bagolwane ke barutisi ba ba tshwanelegang ba Lefoko la Modimo, ka jalo ba tshwanelega sentle go gatelela dintlha tsa Dikwalo tse di tshwanelang tiragalo eno e e botlhokwa.—1 Tim. 3:2.
E re ka lenyalo le tla bo le ama leina la mogolwane yo o tla bong a nyadisa, le ene o tshwanetse go itsisiwe ka dithulaganyo tsa lenyalo. O tla kopana le banyalani e le go batla go itse gore a ba ne ba itshwere sentle ka nako ya thatano ya bone; mme banyalani ba tshwanetse go mmolelela boammaaruri. Fa e le gore gongwe monyadi kgotsa monyadiwa o kile a bo a le mo lenyalong mo nakong e e fetileng, o tshwanetse go neela bosupi jwa gore o a tshwanelega go ya ka molao le ka Dikwalo go tsena gape mo lenyalong. (Math. 19:9) Seno se tla akaretsa gore a bontshe mogolwane setlankana se se bontshang gore tlhalo e weditswe.
Fa banyalani ba buisana ka kgololosego mme ba dirisana sentle le bagolwane, lenyalo la bone e tla nna tiragalo e e itumedisang mo go botlhe.—Dia. 15:22; Baheb. 13:17.