PINA 65
Gatelang Pele!
1. Gatelang pele lo gole tumelong!
Lo phatsimisetse batho botlhe lesedi.
Lekang go tokafatsa mo tirelong;
Lo ikanye Jehofa.
Rotlhe re ka nna le seabe
Mo tirong eno ya go rera.
A re kopeng thuso ya ga Jehofa,
Mme re dire tshiamo.
2. Gatelang pele, rerang ka Bogosi!
Lo rerele ditšhaba tsa mefuta yotlhe.
Galaletsang Jehofa Mmopi Kgosi,
Fa lo ya ka ntlo le ntlo.
Le fa baba ba re tshosetsa,
Rerang mme lo se ba boifeng.
A re itsiseng batho ka Bogosi.
Re se kgaotse go rera.
3. Gatela pele, o nne o boele
Kwa bathong ba ba amogetseng molaetsa.
Letla moya wa ga Jah o go kaele.
Mme o dire ka natla.
Rata batho ba o ba rutang.
O ba fitlhelele dipelo.
Ba thuse gore ba gatele pele,
Ba direle Jehofa.
(Bona le Bafil. 1:27; 3:16; Baheb. 10:39.)