Go Bolokiwa Mo ‘Losikeng lo lo Bosula’
“Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona?”—LUKE 9:41.
1. (a) Metlha ya rona e e tletseng ditlalelo e supa eng? (b) Dikwalo tsa reng ka batho ba ba tla falolang?
RE TSHELA mo metlheng ya ditlalelo. Dithoromo tsa lefatshe, merwalela, mauba, malwetse, tlolomolao, go thuntshiwa ga dibomo, dintwa tse di tsitsibanyang mmele—dilo tseno le tse dingwe gape di ile tsa aparela batho mo lekgolong la rona la bo20 la dingwaga. Lefa go ntse jalo, mo bogautshwaneng go tla nna le tlalelo e kgolo go di feta tsotlhe. Ke efe eo? Ke “sepitla se segolo . . . se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope.” (Mathaio 24:21) Lefa go ntse jalo, ba le bantsi mo go rona ba ka solofela isagwe e e itumedisang! Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo ka bolone le tlhalosa ka “boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo . . . ‘Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo . . . Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora . . . mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.’”—Tshenolo 7:1, 9, 14-17.
2. Ditemana tsa ntlha tse di mo go Mathaio 24, Mareko 13, le Luke 21 di ne tsa diragadiwa leng la ntlha ka tsela ya boperofeti?
2 Pego e e tlhotlheleditsweng e e mo go Mathaio 24:3-22, Mareko 13:3-20, le Luke 21:7-24 e bolela tlhaloso ya ga Jesu ya boperofeti ka ga ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’a Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa la ntlha mo tsamaisong e e kgopo ya Sejuta ya dilo ya lekgolo la ntlha la dingwaga mo Motlheng wa rona o o Tlwaelegileng, jwa konela ka “sepitla se segolo” se se neng se ise se ko se nne teng pele mo Bajuteng. Tsamaiso yotlhe ya bodumedi le ya bopolotiki ya Sejuta, e e neng e laolwa kwa tempeleng ya Jerusalema, e ne ya senngwa mme ya se ka ya tlhola e tsosolosiwa.
3. Ke ka ntlha yang fa go potlakile jaana gore re tseye boperofeti jwa ga Jesu tsia gompieno?
3 Jaanong a re tlhatlhobeng maemo a fa boperofeti jwa ga Jesu bo ne bo diragadiwa la ntlha. Seno se tla re thusa go tlhaloganya botoka tiragatso ya motlha wa rona e e tsamaisanang le eo. Se tla re bontsha kafa go potlakileng ka teng gore re tseye kgato e e tshwanetseng gone jaanong gore re tle re falole sepitla se segolo go gaisa tsotlhe se se tla tlogang se tlela batho botlhe.—Baroma 10:9-13; 15:4; 1 Bakorinthe 10:11; 15:58.
“Bokhutlo”—Bo Tla Tla Leng?
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa Bajuta ba ba boifang Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba kgatlhegela boperofeti jwa Daniele 9:24-27? (b) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa jang?
4 Mo e ka nnang ka ngwaga wa 539 B.C.E., Daniele moperofeti wa Modimo o ne a bontshiwa ponatshegelo ya ditiragalo tse di neng di tla diragala mo ‘bekeng’ ya bofelo ya lobaka lwa “dibeke di le 70” tsa dingwaga. (Daniele 9:24-27) “Dibeke” tseno di simologile ka 455 B.C.E. fa Kgosi Areteserese wa Peresia a ne a laela gore motse wa Jerusalema o agiwe sesha. “Beke” ya bofelo e simologile fa go ne go tla Mesia, Jesu Keresete, fa a ne a kolobediwa a bo a tlodiwa ka 29 C.E.b Bajuta ba ba neng ba boifa Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba itse sentle ka lobaka lono lwa nako lwa boperofeti jwa ga Daniele. Ka sekai, Luke 3:15 e bolela jaana ka boidiidi jwa batho ba ba neng ba oologela go ya go utlwa thero ya ga Johane Mokolobetsi ka 29 C.E.: “Ya re ka batho ba le mo tebelelong, mme botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane, gore a jaana ga e ka ne e le ene Keresete.”
5 “Beke” ya bo70 e ne e tla nna dingwaga tse supa tsa fa Bajuta ba ratiwa ka tsela e e kgethegileng. E simologile ka 29 C.E., mme ya akaretsa go kolobediwa ga ga Jesu le bodiredi jwa gagwe, loso lwa gagwe lwa setlhabelo lo lo diragetseng “ka bontlha nngwe jwa beke” ka 33 C.E., le ‘bontlha nngwe jwa beke’ jo bongwe go fitlha ka 36 C.E. Mo ‘bekeng’ eno Bajuta ba ba boifang Modimo le batho ba ba sokologetseng mo Sejuteng ke bone fela ba neng ba na le sebaka sa gore ba ka nna barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng. Go tswa foo ka 70 C.E., letlha le le neng le sa itsiwe go sa le pele, masole a Roma a eteletswe pele ke Tito a ne a fedisa tsamaiso ya Sejuta ya botenegi.—Daniele 9:26, 27.
6. “Se se makgapha a a swafatsang” se ne sa simolola go dira jang ka 66 C.E., mme Bakeresete ba ne ba tsaya kgato efe?
6 Ka jalo tsamaiso ya boperesite jwa Sejuta, e e neng e leswefaditse tempele ya Jerusalema mme ya loga leano la go bolaya Morwa wa Modimo, e ne ya fedisiwa. Direkoto tsa setšhaba le tsa ditso le tsone di ne di sentswe. Go tloga ka nako eo, go ne go sena Mojuta ope yo o neng a ka iphaka kafa molaong gore o ruile boperesite kana bogosi. Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Bajuta ba ba tloditsweng ba semoya ba ne ba kgaogantswe jaaka boperesite jwa segosi gore ba “bonatse go tlotlomala” ga ga Jehofa Modimo. (1 Petere 2:9) Fa masole a Roma a ne a dika Jerusalema la ntlha a bo a senya lefelo la tempele ka 66 C.E., Bakeresete ba ne ba lemoga fa masole ao e le “se se makgapha a a swafatsang, se se boletsweng ke moperofeti Daniele, se eme mo felong ga boitshepo.” Bakeresete ba kwa Jerusalema le Jutea ba ne ba tshabela kwa dithabeng gore ba itshireletse, ba utlwa taelo ya ga Jesu ya boperofeti.—Mathaio 24:15, 16; Luke 21:20, 21.
7, 8. Bakeresete ba ne ba ela tlhoko “sesupo” sefe, mme ke eng se ba neng ba sa se itse?
7 Bakeresete bao ba ba ikanyegang ba Bajuta ba ne ba lebelela go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Daniele mme ba iponela ka matlho dintwa tse di setlhogo, ditlala, maroborobo, dithoromo tsa lefatshe, le tlolomolao tse Jesu a neng a boleletse pele gore di ne di tla nna karolo ya “sesupo . . . sa bokhutlo jwa tsamaiso eo ya dilo.” (Mathaio 24:3, NW) A mme Jesu o ne a ba boleletse gore Jehofa tota o ne a tla tla leng a tla go diragatsa katlholo mo tsamaisong eo e e bosula? Nnyaa. Seo a neng a se perofeta ka ga konelo ya go nna gone ga gagwe e le kgosi mo isagweng ruri se ne se dira gape le ka “sepitla se segolo” sa lekgolo la ntlha la dingwaga: “Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela.”—Mathaio 24:36.
8 Bajuta ba ne ba ka dirisa boperofeti jwa ga Daniele go bala nako e Jesu a neng a tla tla ka yone e le Mesia. (Daniele 9:25) Lefa go ntse jalo ba ne ba sa newa letlha la “sepitla se segolo” se e rileng kgabagare sa nyeletsa tsamaiso ya dilo ya Bajuta ya botenegi. Ba ne ba lemoga gore letlha leo e ne e le 70 C.E. morago fela ga go senngwa ga Jerusalema le tempele ya teng. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ntse ba itse mafoko ano a ga Jesu a boperofeti: “Losika lo ga lo ketla lo feta go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse di dirafale pele.” (Mathaio 24:34) Go bonala gore tsela e lefoko “losika” le dirisiwang ka yone fano e farologane le kafa le dirisiwang ka gone mo go Moreri 1:4 (NW), koo go buiwang ka dikokomana tse di latelanang di tlhomagane mo lobakeng lo lo rileng.
“Losika lo”—Ke Eng?
9. Dibukantswe di tlhalosa jang lefoko la Segerika la ge·ne·aʹ?
9 Fa baaposetoloi ba bane ba ba neng ba ntse le Jesu mo Thoteng ya Lotlhware ba utlwa boperofeti jwa gagwe ka ga ‘bokhutlo jwa tsamaiso eno,’ ba ne ba tla tlhaloganya jang mafoko a a reng “losika lo”? Mo Diefangeleng lefoko “losika” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika e bong ge·ne·aʹ, leo dibukantswe tsa segompieno di le tlhalosang jaana: “Ka tlhamalalo fela le kaya batho ba ba tswang mo mogologolwaneng a le mongwe fela.” (Greek-English Lexicon of the New Testament ya ga Walter Bauer) “Seo se tsetsweng, lelapa; . . . maloko a a latelanang a losika lo le longwe . . . kana a setso sa batho . . . kana a batho ba bantsintsi ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela, Math. 24:34; Mar. 13:30; Luke 1:48; 21:32; Bafil. 2:15, mme segolobogolo maloko a lotso lwa Bajuta ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela.” (Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine) “Se se tsetsweng, batho ba ba tswang mo mothong a le mongwe, lelapa; . . . batho botlhe ba bantsintsi ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela: Mt. xxiv. 34; Mk. xiii. 30; Lk. i. 48 . . . le dirisiwa segolobogolo malebana le lotso lwa Bajuta ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela.”—Greek-English Lexicon of the New Testament ya ga J. H. Thayer.
10. (a) Dibuka tse pedi di neela tlhaloso efe e e tshwanang fa di tsopola Mathaio 24:34? (b) Dikishinare nngwe ya thutabodumedi le dithanolo dingwe tsa Baebele di tshegetsa tlhaloso eno jang?
10 Ka jalo Vine le Thayer ka bobedi ba nopola Mathaio 24:34 fa ba tlhalosa “losika lo” (he ge·ne·aʹ hauʹte) e le “batho botlhe ba bantsintsi ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela.” Theological Dictionary of the New Testament (1964) e tshegetsa tlhaloso eno, e re: “Lebaka la go bo Jesu a ne a dirisa ‘losika’ le bontsha boikaelelo jwa gagwe jwa go akaretsa: o itebagantse le batho botlhe e bile o a lemoga gore ba seoposengwe mo sebeng.” Eleruri, go nna “seoposengwe mo sebeng” go ne ga bonala sentle mo setšhabeng sa Bajuta fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, fela jaaka go le teng mo tsamaisong ya lefatshe gompieno.c
11. (a) Ke motswedi ofe wa tshedimosetso o o tshwanetseng go re kaela thata fa re batla go bona kafa re ka dirisang he ge·ne·aʹ hauʹte ka gone? (b) Motswedi ono one o ne wa dirisa polelwana eno jang?
11 Gone ke boammaaruri, Bakeresete ba ba ithutang kgang eno ba laolwa thata ke tsela e bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Efangele ba neng ba dirisa lefoko la Segerika e bong he ge·ne·aʹ hauʹte, kana “losika lo” ka yone fa ba bega mafoko a ga Jesu. Gangwe le gape lefoko leno le ne le dirisiwa go kaya bosula. Ka jalo, Jesu o ne a bitsa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta a re ke “dinoga . . . , lotsalo lwa dišaušawane” a bo a tswelela pele a bolela gore “losika lo” lo ne lo tla welwa ke katlholo ya Gehenna. (Mathaio 23:33, 36) Lefa go ntse jalo, a katlholo eno e ne e lebagantswe le baruti ba baitimokanyi fela? Le e seng. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba utlwa Jesu ka makgetlho a le mmalwa a bua kaga “losika lo,” ka dinako tsotlhe a bua ka lefoko leno ka kgopolo e kgolwane thata. Ke efe eo?
“Losika Lo, lo Lo Bosula”
12. Fa barutwa ba gagwe ba ntse ba reeditse, Jesu o ne a golaganya jang “matshutitshuti a batho” le “losika lo”?
12 Ka 31 C.E., fa Jesu a ne a le mo bodireding jwa gagwe jo bogolo kwa Galilea le morago fela ga Tlolaganyo, barutwa ba gagwe ba ne ba mo utlwa a raya “matshutitshuti a batho” a re: “Ke tlaa tshwantsha losika lo ka eng? Lo tshwana le banyana ba ba dutseng mo mananeng a motse, ba bitsanya le bankana ba bone ba re: ‘Re ne ra lo leletsa ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; ra kurueletsa godimo, mme ga lo a ka lwa lela.’ Gonne Johane [Mokolobetsi] o tsile a sa je, a sa nwe, mme ba re: ‘O na le mowa o o maswe.’ Morwa Motho [Jesu] a tla a ja, a nwa, mme ba re: ‘Bonang, motho yo tshikhiri, monwi wa bojalwa jwa mofine, tsala ya bakgethisi le ya baleofi.’” “Matshutitshuti” ao a a senang molao a ne a sa kgotsofadiwe ke sepe!—Mathaio 11:7, 16-19.
13. Fa Jesu a ne a na le barutwa ba gagwe, o ne a bitsa bomang a re ke “losika lo, lo lo bosula” a bo a ba kgala?
13 Moragonyana ka 31 C.E., fa Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsaya loeto lwa bone lwa bobedi ba rera mo Galilea, “bangwe ba bakwadi le Bafarisai” ba ne ba kopa Jesu gore a ba neele sesupo. O ne a raya bone le “matshutitshuti a batho” ba ba neng ba le foo a re: “Losika lo lo bosula le lwa boaka, lo batla sesupo; ga lo ketla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa moperofeti Jona. Jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo; Morwa Motho le ene o tlaa nna mo pelong ya lefatshe ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo. . . . Go tlaa nna jalo fela le losika lo, lo lo bosula.” (Mathaio 12:38-46) Go bonala sentle gore “losika lo, lo lo bosula” lo ne lo akaretsa baeteledipele ba bodumedi mmogo le “matshutitshuti a batho” ba ba neng ba se ka ba tlhaloganya sesupo se se neng sa diragadiwa ka gore Jesu a swe a bo a tsosiwe mo losong.d
14. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo utlwa a kgala Basadukai le Bafarisai jang?
14 Morago ga Tlolaganyo ya 32 C.E., fa Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsena mo Galilea mo karolong ya Magetane, Basadukai le Bafarisai ba ne ba boa ba kopa gore Jesu a ba fe sesupo. O ne a ba bolelela jaana gape: “Losika lo lo bosula, le lwa boaka, lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” (Mathaio 16:1-4) Baitimokanyi bao ba bodumedi ruri e ne e le bone ba ba molato go feta botlhe jaaka baeteledipele mo gare ga “matshutitshuti” a batho ba ba sa ikanyegeng ba Jesu a neng a ba kgala a re ke “losika lo, lo lo bosula.”
15. Pele fela ga Jesu a iphetola ponalo le morago fela ga foo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba kopana jang le ‘losika lo’?
15 Go ela kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa kwa Galilea, Jesu o ne a biletsa matšhutitšhuti le barutwa ba gagwe kwa go ene mme a re: “Le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong.” (Mareko 8:34, 38) Ka jalo go phepafetse gore bontsintsi jwa Bajuta ba ba sa ikwatlhaeng ba nako eo ba ne ba bopa “losika lo lo bosula le lwa boaka.” Morago ga malatsinyana, fa Jesu a sena go fetoga ponalo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba “fitlha kwa bontsing jwa batho,” mme monna mongwe o ne a mo kopa gore a fodise ngwana wa gagwe. Jesu o ne a re: “Losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo ke lona, ke tlaa nna le lona goleele go le kae? Ke tlaa lo itshokela goleele go le kae?”—Mathaio 17:14-17; Luke 9:37-41.
16. (a) Jesu o ne a kgala “matshutitshuti a batho” gape jang kwa Jutea? (b) “Losika lo” lo ne lwa dira jang molato o o bosula go e feta yotlhe?
16 E tshwanetse ya bo e ne e le kwa Jutea, morago ga Moletlo wa Metlaagana ka 32 C.E., fa “matshutitshuti a batho a phuthegela” gaufi le Jesu, a bo a ba kgala gape a re: “Losika lo, ke losika lo lo bosula; lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo, fa e se sesupo sa moperofeti Jona.” (Luke 11:29) Kgabagare, fa baeteledipele ba bodumedi ba isa Jesu kwa tshekong, Pilato o ne a re o a mo golola. Pego ya re: “Ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bo ba tlhotlheletsa matshutitshuti a batho gore ba lope Barabase, mme ba bolaye Jesu. . . . Pilato a ba raya a re: ‘Mme foo, Jesu yo o bidiwang Keresete ke tlaa mo reng?’ Botlhe fela ba re: ‘A a bapolwe.’ A re: ‘Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?’ Ba tshelela lošalaba godimo thata ba re: ‘A a bapolwe.’” ‘Losika lo lo bosula’ loo lo ne lo batla go bona madi a ga Jesu a tshololwa!—Mathaio 27:20-25.
17. Bangwe ba ‘losika lo, lo lo sokameng’ ba ne ba itshwara jang malebana le thero ya ga Petere ka Pentekosete?
17 Ka jalo “losika lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo” lo rotloediwa ke baeteledipele ba lone ba bodumedi, lo ne lwa nna le seabe se segolo mo go direng gore Morena Jesu Keresete a bolawe. Malatsi a le 50 moragonyana, ka Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ne ba newa moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng. E ile ya re fa go utlwala modumo, “ga phuthega bontsi jwa batho,” mme moaposetoloi Petere o ne a bua le bone a ba bitsa “banna ba Jutea, le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema,” a ba raya a re: “Ene yoo [Jesu] . . . lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa batho ba ba ipheferileng mo molaong.” Bangwe ba batho ba ba neng ba reeditse ba ne ba itshwara jang? “Ba tlhabega mo pelong.” Petere o ne a ba kopa gore ba ikwatlhae. O ne a “supa a ba a ba laya ka mafoko a mangwe a le mantsi a re: ‘Ipolokeng mo losikeng lo, lo lo sokameng.’” Fa ba sena go utlwa, mo e ka nnang batho ba le dikete tse tharo ba ne ba ‘amogela lefoko la gagwe ba bo ba kolobediwa.’—Ditiro 2:6, 14, 23, 37, 40, 41.
“Losika lo” Lo a Tlhalosiwa
18. Ka metlha fa Jesu a dirisa polelwana ‘losika lo’ o a bo a lebisitse go eng?
18 Mme he “losika” lo Jesu a lo umakang kgapetsakgapetsa fa barutwa ba gagwe ba le teng ke eng? Ba ne ba mo tlhaloganya jang fa a bolela mafoko ano: “Losika lo ga lo ketla lo feta go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse di dirafale pele”? Eleruri, Jesu o ne a sa fetole tsela e a neng a tlhola a dirisa lefoko “losika lo” ka yone, e le lefoko le a neng a le dirisa gangwe le gape a kaya bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tshela ka nako eo le “bagogi [ba bone] ba ba foufetseng” bao ba neng ba bopa setšhaba sa Bajuta. (Mathaio 15:14) “Losika lo” lo ne lwa utlwa botlhoko jotlhe jo Jesu a neng a bo boleletse pele go tswa foo lwa fedisiwa ka “sepitla se segolo” se se ka se kang sa bapisiwa le sepe se se wetseng Jerusalema.—Mathaio 24:21, 34.
19. ‘Legodimo le lefatshe’ la tsamaiso ya Sejuta le ne la feta leng le gone jang?
19 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a atlhola Bajuta. Ba ba neng ba ikwatlhaya, ba simolola go dumela mo thulaganyong ya ga Jehofa ya bopelotlhomogi a dirisa Keresete, ba ne ba falodiwa mo ‘sepitleng seo se segolo.’ Go dumalana le mafoko a ga Jesu, dilo tsotlhe tse di neng di boleletswe pele di ne tsa diragala, go tswa foo ‘legodimo le lefatshe’ la tsamaiso ya Sejuta ya dilo—setšhaba sotlhe, se se bopilweng ka baeteledipele ba sone ba bodumedi le setšhaba sa batho ba ba boikepo—di ne tsa nyelediwa. Jehofa o ne a diragaditse katlholo!—Mathaio 24:35; bapisa 2 Petere 3:7.
20. Ke kgakololo efe ya botlhokwa e e mo nakong e e dirang mo Bakereseteng botlhe?
20 Bajuta bao ba ba neng ba tsere mafoko a ga Jesu a boperofeti tsia ba ne ba lemoga gore ba ne ba ka se bolokwe ka go leka go bala gore “losika” lo ne lo tla tsaya nako e e kana kang kana go bona boleele jwa “metlha kgotsa dipaka” tse di beetsweng letlha lengwe, mme ba ne ba ka bolokwa fa ba nna ba ikgaogantse le losika lwa nako ya bone lo lo bosula mme ba dira thato ya Modimo ka tlhagafalo. Lefa gone mafoko a bofelo a boperofeti jwa ga Jesu a diragadiwa thata mo motlheng wa rona, Bakeresete ba Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba tshwanetse go utlwa kgakololo eno: “Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:32-36; Ditiro 1:6-8.
21. Ke tiragalo efe ya ka tshoganetso e re ka e solofelang mo bogaufing?
21 Gompieno, “letsatsi le legolo la ga Jehofa . . . le gaufi le akofa thata.” (Sefania 1:14-18; Isaia 13:9, 13) Ka tshoganetso, ka ‘letsatsi le nako’ tse Jehofa a di tlhomileng, bogale jwa gagwe bo tla lebaganngwa le bodumedi jwa lefatshe, bopolotiki, le tsa kgwebo, mmogo le batho ba ba boikepo ba ba bopang “losika lo lo bosula le lwa boaka” lwa nako eno. (Mathaio 12:39; 24:36; Tshenolo 7:1-3, 9, 14) O ka bolokwa jang mo ‘sepitleng se segolo’? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba potso eo se bo se bolele ka tsholofelo e e molemo e re nang le yone ka isagwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boperofeti jono, tsweetswee bona tšhate e e mo ditsebeng 14, 15 tsa Tora ya Tebelo ya February 15, 1994.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga “dibeke” tsa dingwaga, bona ditsebe 130-2 tsa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Dibaebele dingwe di ranola he ge·ne·aʹ hauʹte mo go Mathaio 24:34 jaana: “batho bano” (The Holy Bible in the Language of Today [1976], ya ga W. F. Beck); “setšhaba seno” (The New Testament—An Expanded Translation [1961], ya ga K. S. Wuest); “setlhopha seno sa batho” (Jewish New Testament [1979], ya ga D. H. Stern).
d “Matshutitshuti a batho” bano ba ba sa ikanyegeng ga a tshwanela go tshwantshiwa le ba-ʽam-ha·ʼaʹrets, kana “batho ba naga,” bao baeteledipele ba bodumedi ba ba ikgogomosang ba neng ba sa batle go itsalanya le bone, mme e le ba Jesu a neng a ba “tlhomogela pelo.”—Mathaio 9:36; Johane 7:49.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Re ithuta eng mo tiragatsong ya ga Daniele 9:24-27?
◻ Dibukantswe tsa bosheng jaana di tlhalosa jang “losika lo” jaaka fa le dirisiwa mo Baebeleng?
◻ Jesu o ne a dirisa jang lefoko “losika” ka tsela e e tshwanang ka dinako tsotlhe?
◻ Mathaio 24:34, 35 e ne ya diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o ne a tshwantsha “losika lo” le boidiidi jwa bana ba ba sa utlweng
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jehofa ke ene fela a neng a itse go sa le pele nako eo ka yone a neng a tla diragatsa katlholo mo tsamaisong e e boikepo ya Sejuta